A August E Tla Nna Kgwedi E E Kgethegileng?
1 Ngwaga wa 1963 e ne e le ngwaga o o kgethegileng mo bathong ba ga Jehofa. A o itse gore ka ntlha yang? E ne e le mo go one ngwaga oo fa palo ya baboledi lefatshe lotlhe e ne e tshwara milione. Fa e le gore o ne o le mo boammaaruring ka nako eo, o tla gakologelwa gore re ne re itumetse jang go nna le ba le bantsi jalo ba ba rerang molaetsa wa Bogosi! Gone jaanong, go na le baboledi ba palo eo kwa United States fela. Le fa go ntse jalo, kgwedi nngwe le nngwe mo Afrika Borwa, ka kakaretso, go na le ba le 4500 ba rona ba ba sa begeng gore ba nnile le seabe mo bodireding.
2 Amogela Kgwetlho: Ka August re batla go leka go fitlhelela tlhora e e di fetang tsotlhe ya baboledi ba le 65 000 mo Afrika Borwa. Fa maiteko a rona a ka atlega, August e tla nna kgwedi e e kgethegileng eleruri! Re ka kgona go dira seno fa rotlhe re dira karolo ya rona.
3 Ba ba rulaganyang go ya malatsing a boikhutso ba ka dirisa nako nngwe mo bodireding pele ba tsamaya. Tsamaya o tshotse dipampitshana, diboroutšhara kana dimakasine e le gore o neele batho ba o kopanang le bone mo tseleng bosupi. Gape, kwa lefelong le o yang kwa go lone o ka itumelela go nna le seabe mo bodireding le baboledi ba lefelo leo.
4 Fa e le gore o na le bogole bongwe, o sa ntse o ka nna le seabe mo bodireding. O ka nna wa kgona go neela dingaka, baoki kana baeti bosupi. Gongwe o ka neela bosupi ka lekwalo kana ka founo.
5 Kwantle ga pelaelo ba bangwe ba tla itumelela go thusiwa gore ba nne le seabe mo tirelong ya tshimo ka August. Bagolwane, batlhanka ba bodiredi le batshwari ba thuto ba tshwanetse go rulaganya gore ba newe thuso eno. Tsweetswee o se ka wa lebala go isa pego ya gago ya tirelo ya tshimo ka bonako fela fa kgwedi e fela e le gore o tsewe o le mmoledi ka August.
6 Ngomaela Tshiamelo Eno: Bodiredi ke “boikarabelo jo bo molemomogolo.” (2 Tim. 1:14) Re anaanela tshiamelo e re e neetsweng ya go rera dikgang tse di molemo. (1 Bathes. 2:4) Fa re akanya ka sengwe le sengwe se Jehofa a re diretseng sone, re tshwanetse go tlhotlheletsega go nna le seabe mo tirong eno e e botlhokwa thata re sa kgaotse ngwaga otlhe. Ga re a tshwanela go dumelela sepe go re kgoreletsa go rera ka metlha. A re direng kgwedi eno ya August gore e nne e e kgethegileng mo tirelong ya ga Jehofa mme re go dire boikaelelo jwa rona go neela bosupi ka ene kgwedi le kgwedi morago ga moo!—Pes. 34:1.