Itse Bakaulengwe ba Gago
1 Baebele e tlhalosa tsala ya boammaaruri e le motho yo o leng gaufi thata le wena go gaisa morwarraago, yo lorato le boikanyegi tsa gagwe di sa fetofetogeng, le yo e reng fa tsala ya gagwe e le mo tlalelong a mo thuse. (Dia. 17:17; 18:24) Re ka se tlhoke ditsala tse di ntseng jalo mo phuthegong fa re tsaya matsapa go itsane le go ratana.—Joh. 13:35.
2 Go na le ditshono tse di molemo tse re ka di dirisang go tlwaelana le bakaulengwe ba rona pele ga dipokano le morago ga tsone. Ke eng fa re sa goroge nako e sa ntse e le teng le go ema nakwana morago ga dipokano gore re itumelele botsalano jo bo lorato le jo bo matlhagatlhaga? Dira gore o buisane le bakaulengwe ba ba farologaneng, go akaretsa ba ba godileng ba ba nang le maitemogelo le ba basha kana ba ba ditlhong.
3 Simolola Motlotlo: O se ka wa felela fela ka go dumedisa bakaulengwe ba gago o feta. O ka simolola motlotlo ka go ba bolelela boitemogelo bongwe jwa mo bodireding jwa tshimo, ntlha nngwe e e go kgatlhileng e e mo makasineng wa bosheng, kana ka go akgela sengwe sa pokano e e sa tswang go feta. O ka ithuta mo gontsi ka bakaulengwe ba gago fa o ba reetsa ka kelotlhoko, o ba kgothaletsa go bua maitemogelo a bone le dilo tse ba di ithutang. Go botsa fela gore go tlile jang gore motho a itse Jehofa go ka senola dilo di le dintsi. Ba bangwe ba ile ba diragalelwa ke dilo tse di nonotshang tumelo mo matshelong a bone, mme ba bangwe gone jaanong ba itshokela maemo mangwe a bontsi jwa rona bo ka se keng jwa a akanya. Go tlhaloganya seno go tla re thusa, jaaka ditsala tsa boammaaruri, gore re amege le go tsibogela dilo tse ba bangwe ba di tlhokang.
4 Nna Tsala ya ba Bangwe: Fa kgaitsadi mongwe a sena go tlhokafalelwa ke ngwana, o ne a ikutlwa a palelwa ke go opela dipina tsa Bogosi tse di bolelang ka tsogo. O gakologelwa jaana: “Ka nako nngwe, kgaitsadi mongwe yo o neng a ntse kafa ntlheng e nngwe ya holo o ne a bona gore ke ntse ke lela. O ne a tla kafa go nna, a mpaya letsogo mo legetleng, mme a opela le nna mela e e setseng ya pina. Ke ile ka ikutlwa ke rata bakaulengwe le bokgaitsadi fela thata e bile ke itumeletse gore re ile dipokanong, ka go itse gore ke gone kwa re ka thusiwang gone, gone kwa Holong ya Bogosi.” Re tshwanetse go itira ditsala tsa bakaulengwe ba rona ka go ba nametsa fa go tlhokega le go ba kgothatsa ka dinako tsotlhe.—Baheb. 10:24, 25.
5 Jaaka lefatshe leno le legologolo le ntse le tlisa kgatelelo go ya pele, a re ikemisetseng go itse bakaulengwe ba rona botoka. Go kgothatsana gono ga boammaaruri go tla re leretse masego rotlhe.—Bar. 1:11, 12.