Balebedi ba ba Etelelang Pele—Motshwari wa Thuto ya Tora ya Tebelo
1 Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa ke selo sa konokono se “motlhanka yo o boikanngo le yo o bonokopela” a re neetseng sone go re abela dijo tsa semoya “ka nako e e tshwanetseng.” (Math. 24:45) Mogolwane yo o tshwarang Thuto ya Tora ya Tebelo o na le boikarabelo jo bogolo jaaka morutisi yo o nang le bokgoni yo o tlhomang sekao se se molemo mo go tsheleng ka tsela ya Bokeresete.—Bar. 12:7; Jak. 3:1.
2 Gore motshwari wa Thuto ya Tora ya Tebelo a rute ka tsela e e molemo, o tshwanetse go baakanyetsa sentle beke le beke. O dira jalo ka thapelo le ka kelotlhoko. Tsela e a kgatlhegelang phuthego ka yone e bonala mo tseleng e a lekang ka natla ka teng go fitlhelela dipelo tsa rona ka tshedimosetso e e ithutiwang. O tlhoma mogopolo mo dintlheng tsa botlhokwa tsa thuto mme o re thusa go bona kafa di amanang ka teng le setlhogo se se ithutiwang.
3 Go baakanyetsa ka botlalo go akaretsa gore a lebe dikwalo go sa le gale e le gore a itse kafa di ka dirisiwang ka teng. O baya Lefoko la Modimo kwa pele ka go kgothaletsa phuthego gore e dirise Baebele ka tsela e e molemo fa thuto e ntse e tsweletse. Fa dikarabelo tsa phuthego di sa akaretsa ntlha nngwe ya botlhokwa kana fa lokwalo lwa konokono lo sa tlhalosiwa, o botsa potso e nngwe go dira gore tshedimosetso eo e tlhagelele sentle. Ka tsela eno, o re thusa go fitlha mo ditshwetsong tse di siameng le go re thusa go itse kafa re ka dirisang se re se ithutileng ka teng mo matshelong a rona.
4 Motshwari wa Thuto ya Tora ya Tebelo o nna a leka go tokafatsa bokgoni jwa gagwe jwa go ruta. Ga a bue thata, go na le moo o re kgothaletsa gore re akgele—ka mafoko a rona, ka bokhutshwane mme re ope kgomo lonaka. Nako le nako a ka nna a re gakolola gore motho wa ntlha yo o arabang potso ya serapa o tshwanetse a araba ka bokhutshwanyane le ka tlhamalalo go tswa mo serapeng. Dikakgelo tse dingwe tsa bareetsi di ka nna tsa akaretsa go bontsha ka moo dikwalo di dirang ka gone, go ntsha dintlha tse di tlatseletsang kana go bontsha kafa tshedimosetso eo e dirang ka teng. Motshwari wa Thuto ya Tora ya Tebelo o leka go dira gore mongwe le mongwe a eletse go nna le seabe ka go kgothaletsa mongwe le mongwe le malapa go baakanyetsa.
5 Jaaka “batho ba ba rutiwang ke Jehofa,” re anaanela “dimpho ka banna,” tse di tshwanang le batshwari ba Thuto ya Tora ya Tebelo, “ba ba dirang ka natla . . . mo go ruteng.”—Isa. 54:13; Baef. 4:8, 11; 1 Tim. 5:17.