Kafa Maloko a Lelapa a Dirisanang Mmogo ka Teng go Nna le Seabe ka Botlalo—Mo Dipokanong Tsa Phuthego
1 Malapa a Bakeresete a tshwanetse go utlwa taelo ya gore re phuthege mmogo kwa dipokanong tsa phuthego. (Baheb. 10:24, 25) Fa ba dirisana mmogo sentle, botlhe ba ka kgona go baakanyetsa, go nna gone le go tsaya karolo mo dipokanong. Maemo a malapa a a farologana, mme go na le dilo tse monna wa Mokeresete, mosadi yo o dumelang kgotsa motsadi yo o se nang molekane a ka di dirang go dira gore lelapa le nne mmogo mo dilong tsa semoya, go sa kgathalesege gore go na le bana ba le kae mo lelapeng kana gore ba na le dingwaga tse kae.—Dia. 1:8.
2 Ipheng Nako ya go Baakanyetsa: Maloko a lelapa a dirisana mmogo go bona gore mongwe le mongwe o baakanyeditse dipokano tsa phuthego ka tsela e e tshwanetseng. Ba le bantsi ba ithuta setlhogo sa beke le beke sa Thuto ya Tora ya Tebelo ba le mmogo. Bangwe ba baakanyetsa Thuto ya Buka ya Phuthego kgotsa ba bala mmogo mmalo wa beke le beke wa Baebele. Selo sa botlhokwa ke go itse dintlha tsa konokono pele ba ya dipokanong. Ka tsela eo, botlhe ba tla solegelwa molemo thata ke se ba se utlwang mme ba tla bo ba siametse go nna le seabe fa tshono e tlhaga.—1 Tim. 4:15.
3 Rulaganyetsang go Nna le Seabe: Mongwe le mongwe mo lelapeng o tshwanetse go nna le mokgele wa go bolela tsholofelo ya gagwe mo pele ga ba bangwe ka go akgela kwa dipokanong. (Baheb. 10:23) A leloko lengwe la lelapa le tlhoka go thusiwa kana go rotloediwa go dira seno? Ke thuso efe e mongwe le mongwe a e tlhokang go baakanyetsa dikabelo tsa Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo? Basadi ba ba nyetsweng ba anaanela tota fa banna ba bone ba bontsha kgatlhego gongwe e bile ba ba akantshisa setshwantsho sengwe se se tshwanelang kgotsa seting nngwe e e molemo. Batsadi ga ba a tshwanela go ikutlwa gore ba tshwanetse go baakanyetsa bana ba bone ba ba botlana dipuo tsa bone. Fa ba dira jalo, ba dira gore bana ba se ka ba kgona go dira maiteko ka bobone. Mme batsadi ba ka thusa bana ba bone ba ba botlana mme ba reetsa fa ba ntse ba buela dipuo tsa bone kwa godimo.—Baef. 6:4.
4 Rulaganyetsa go Nna Teng Kwa Dipokanong: Bana ba ka rutwa ba sa ntse ba le bannye gore ba apare le go ipaakanyetsa go ya dipokanong ka nako e e beilweng. Maloko a lelapa a tshwanetse go dirisana mmogo mo go direng ditiro tsa legae gore ba se ka ba diega.—Bona dikakantsho mo dibukeng tsa Boitumelo mo Lelapeng, tsebe 112, le Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang, ditsebe 316-17.
5 Batsadi le bana ka go tshwana ba ka akanyetsa ka kelotlhoko mafoko a ga Joshua wa bogologolo yo o neng a re: “Mme ka ga me, le ba ntlo ya me, rona re tla direla Jehofa fela.” Mme ba ikemisetse go dirisana mmogo gore ba nne le seabe ka botlalo mo dipokanong tsa phuthego.—Još. 24:15.