LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 6/99 ts. 1
  • A o Bona Bokafantle Fela?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A o Bona Bokafantle Fela?
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1999
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Batho ba Mefuta Yotlhe ba Tla Bolokwa
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
  • A O Bona Fela Tebego ya Kafa Ntle?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • O se Ka wa Leba Ponalo Fela
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2018
  • “O Bona se Pelo e Leng Sone”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1999
km 6/99 ts. 1

A o Bona Bokafantle Fela?

1 Fa re le mo bodireding jwa phatlalatsa, maikutlo a re nnang le one ka lekgetlho la ntlha ka batho ba bangwe a ka dira gore re okaoke go ba bolelela dikgang tse di molemo. Ka sekai, o ne o ka dira jang fa monna mongwe yo o lebegang a galefile ka metlha a nna a go leba ka go go dilola fa o etetse moagelani wa gagwe yo o bontshitseng go kgatlhegela boammaaruri? Kgaitsadi mongwe wa mmulatsela yo o neng a diragalelwa ke seno o ne a swetsa go atamela monna yono le go bua le ene. Monna yono o ne a mo dumedisa ka bogale. Mme, mo go gakgamatsang, o ne a reetsa molaetsa wa Baebele mme ka boipelo jo bogolo a dumela go ithuta. Ka ntlha ya go bo kgaitsadi yono a sa mo atlhola ka ponalo ya ka fa ntle fela, tsela e ne ya bulega ya gore monna yono le mosadi wa gagwe ba ithute boammaaruri.

2 Kgaitsadi yo mongwe o simolotse a tshosiwa ke tsela e lekawana lengwe le le neng le na le meriri e meleele le neng le lebega ka yone mme le fa go ntse jalo a nna a le rerela ka bokhutshwane nako le nako fa le tlile mo lebentleleng le a neng a bereka mo go lone. Maiteko a gagwe a ne a nna le matswela a a molemo mme jaanong lekawana leo ke Mosupi yo o kolobeditsweng. Ke eng se se ka re thibelang go itlhaganelela go swetsa gore batho ba ba ntseng jalo ga ba kitla ba utlwa?

3 Go Etsa Sekao sa ga Jesu: Jesu o ne a itse gore o tla neela mongwe le mongwe botshelo jwa gagwe. Ka gone ga a ka a thibelwa ke tsela e ba bangwe ba neng ba lebega ka yone ka fa ntle. O ne a lemoga gore le e leng ba ba neng ba itsege ka tsela e e sa siamang ba ka nna ba rata go fetoga fa ba ka neelwa thuso e e tshwanetseng le go rotloediwa. (Math. 9:9-13) O ne a leka go thusa bahumi le bahumanegi ka go tshwana. (Math. 11:5; Mar. 10:17-22) E kete le rona re se atlhole batho ba re kopanang le bone mo bodireding ka ponalo ya bone ya ka fa ntle, ra itlhokomolosa se e ka tswang e le pelo e e siameng. (Math. 7:1; Joh. 7:24) Ke eng se se ka re thusang go etsa sekao se se tlhomologileng sa ga Jesu?

4 Ka go ithuta Baebele, re lemogile gore Lefoko la Modimo le na le maatla a go fetola mogopolo, boitshwaro le botho jwa motho. (Baef. 4:22-24; Baheb. 4:12) Ka jalo, re tshwanetse go nna le boikutlo jo bo siameng mme re tlogele tsotlhe mo diatleng tsa ga Jehofa, Yo o balang dipelo tsa batho.—1 Sam. 16:7; Dit. 10:34, 35.

5 E kete go bolelela ga rona batho ba mefuta yotlhe dikgang tse di molemo re sa tlhaole ope, go sa kgathalesege gore ba lebega jang ka fa ntle, go ka tsenya letsogo mo tirong e kgolo ya go roba e e dirwang mo malatsing ano a bofelo.—1 Tim. 2:3, 4.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela