LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 11/99 ts. 1
  • Ke Mang Yo o Ka Amogelang Thuto ya Baebele?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Mang Yo o Ka Amogelang Thuto ya Baebele?
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1999
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Neela Mafoko a a Molemo—Ka Dithuto tsa Bibela
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
  • Go Batlega Dithuto Tsa Baebele Tse di Oketsegileng
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1998
  • Re Tshwanetse go Nna Barutisi, e Seng Bareri Fela
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
  • Tlhomamisa Gore o Dire Loeto Lwa go Boela
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1999
km 11/99 ts. 1

Ke Mang Yo o Ka Amogelang Thuto ya Baebele?

1 Moporofeti Amose o ne a bolela gore go ne go tla nna leuba mo nageng ya Iseraele, “e seng leuba la dijo le fa e le lenyora la metsi, fa e se leuba la go utlwa lefoko la ga Jehofa.” (Amose 8:11) Mokgatlho wa ga Jehofa o anamisa dikgatiso tse dintsintsi tsa Baebele mo lefatsheng lotlhe gore ba ba tshwerweng ke tlala le lenyora semoyeng ba solegelwe molemo.

2 Go tla go fitlha jaanong, re gatisitse dibuka tsa Kitso di le dimilione di le 70 le diboroutšhara tsa Re Direng di le dimilione di le 91. Fa re ruta boammaaruri, re rata kafa dikgatiso tseno di leng motlhofo ka gone e bile di na le matswela. Le fa go ntse jalo, bontsintsi jwa batho ba ba nang le dibuka tsa rona ga ba ise ba ithute Baebele le rona. Re ka dira eng ka seno?

3 Mongwe le Mongwe Yo o Di Tsayang a ka Nna Thuto! Akanya ka se se diragaletseng mmoledi mongwe fa a ne a ithaopela go ithuta le mosadi mongwe e le la ntlha a bua le ene. O ne a dumela a sa potapote. Moragonyana o ne a raya mmoledi a re, “O motho wa ntlha a ithaopa go ithuta Baebele le nna.” Mo tshimong ya lona, ke batho ba le kae ba ba setseng ba na le dibuka tsa rona ba ba ka buang jalo? Motho mongwe le mongwe yo o mo tsamaiseditseng sengwe o go neela tshono ya go ka boela kwa go ene le go tshwara thuto ya legae ya Baebele le ene.

4 E re ka gantsi re kopana le batho ba ba setseng ba na le dibuka tsa rona, re ka dira jang gore ba nne le kgatlhego ya go ithuta se se mo dibukeng tsa rona? Mosupi mongwe o ne a botsa mong wa ntlo mongwe ka tlhamalalo gore a o na le dipotso dipe tsa Baebele, mme a araba fela a re, “Nnyaa.” Kgaitsadi a se ka a itlhoboga, “O tshwanetse wa bo o na le tsone.” Mosadi yono o ne a na le tsone, mme ba ne ba simolola thuto. Ke eng fa o sa botse mong wa ntlo gore a o ka rata go itse se Baebele e se bolelang ka potso nngwe kana kgang nngwe e e mo amang? Ipaakanyetse go mmotsa potso nngwe e e ka mo kgatlhang fa ene a se na yone. Metlotlo e e ntseng jalo e ka bula tsela ya gore lo nne le thuto ya ka metlha ya boammaaruri jwa motheo jwa Baebele.

5 Tiro ya go ruta batho Baebele ke selo sa konokono mo bodireding jwa rona. E re ka re se ke re itse gore ke mang yo o tla dumelang go ithuta, o se ka wa tshaba go ithaopa go ithuta le mongwe le mongwe yo o kopanang le ene. Isa kgang eno kwa go Jehofa ka thapelo, mme o dire go dumalana le dithapelo tsa gago. O ka nna wa fitlhela gore go ise go ye kae mongwe yo o ithaopang go ithuta le ene o tla dumela!—1 Joh. 5:14, 15.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela