“Basadi ba ba Dirang ka Natla mo Moreneng”
1 Paulo o ne a tlhalosa Teraefina le Teraefosa, e bong bokgaitsadi ba babedi ba ba neng ba dira ka natla mo phuthegong ya Roma ka mafoko a a fa godimo. O ne a bolela jaana ka yo mongwe, e bong Peresise: “O ne a dira ditiro tsa bonatla di le dintsi mo Moreneng.” O ne a bua jalo ka tsela e e molemo le ka Febe a re ke “mofemedi wa ba le bantsi.” (Bar. 16:2, 12) Mo Dikwalong, Dorekase o tlhalosiwa e le motho yo o neng “a tota mo ditirong tse di molemo le dimpho tsa kutlwelobotlhoko.” (Dit. 9:36) A bo basadi ba semoya e le tshegofatso jang ne mo phuthegong!
2 A re itumelela bokgaitsadi ba ba dirang ka natla mo phuthegong ya rona? Ba dira tiro e ntsi ya go rera, ba tshwara bontsi jwa dithuto tsa Baebele, e bile ba thusa bontsi jwa batho ba basha. Gape ba dirisa nako e ntsi ba thusa bana go gatela pele mo semoyeng. Basadi ba Bakeresete ba dira seabe sa bone fa ba ntse ba godisa moya wa lorato, boipelo, kagiso, le wa tlhoafalo mo phuthegong. Ba thusa mo dilong di le dintsi gore banna ba bone le ba bangwe ba lelapa ba kgone go dira mo gontsi mo tirelong ya ga Jehofa.
3 Bokgaitsadi Ba ba Mo Tirelong ya Nako e e Tletseng: Batho ba bangwe ba ba dirang ka natla mo Moreneng ke bokgaitsadi ba barongwa, ba le bantsi ba nnile le seabe mo go atoloseng tiro kwa dinageng di sele. Mo diphuthegong tse di etelwang ke balebedi ba ba etang, basadi ba bone ba tshwaregile mo bodireding jwa tshimo, ba kgothatsa bokgaitsadi ba le bantsi. Ga re a tshwanela go lebala bokgaitsadi ba Bethele, ba ba dirang tirelo e e boitshepo ka tlhoafalo ba ema phuthego ya ga Jehofa nokeng. Mme bokgaitsadi ba rona ba babulatsela ba ka metlha ba ba lekang go baka Modimo ka boikanyegi, ba thusa diketekete tsa batho go ithuta boammaaruri.
4 Basadi bano ba ba ikanyegang ba kgotsofadiwa thata ke tsela ya bone ya go tshela ya go intsha setlhabelo. (1 Tim. 6:6, 8) Re tshwanetse go ba akgola le go ba kgothatsa ka ditsela tsotlhe le go ba ema nokeng.
5 Basadi ba Bakeresete ba botlhokwa thata mo phuthegong ya ga Jehofa, fa ba ntse ba dira tirelo e e ikanyegang e e solegelang botlhe molemo. E kete re ka tswelela pele re itumelela basadi ba ba ntseng jalo mme re rapela gore Jehofa a ba segofatse fa ba ntse ba tswelela pele ‘ba dira ka natla mo Moreneng.’