A o Na le Moya wa go Intsha Setlhabelo?
1 Go itumelela se Jesu Keresete a se diretseng batho ka bopelotshweu go tshwanetse ga re tlhotlheletsa rotlhe gore re dirise bokgoni jwa rona, maatla le nonofo ya rona ka tsela ya go intsha setlhabelo. Dikwalo di gakolola jaana: “Lo ise mebele ya lona setlhabelo se se tshelang, se se boitshepo, se se amogelesegang mo Modimong, e leng tirelo e e boitshepo.” (Bar. 12:1) Go itlhatlhoba gangwe le gape go tla go thusa go bona gore a o bontsha moya o o ntseng jalo ka botlalo go dumalana le maemo a gago.
2 Fa o Lwela go Nna le Kitso ya Baebele: A o ipeetse nako ya go bala Baebele le go ithuta ka metlha? A o tshwareletse mo thulaganyong eo? A o ipaakanyetsa dipokano tsa phuthego sentle ka metlha? Fa e le gore o tlhogo ya lelapa, a o tshwara thuto ya Baebele ka metlha le lelapa la gago? Go dira dilo tseno go ka tlhoka gore o itime nako ya go leba thelebishene kana go itima nako o le fa pele ga khomputara kana go ithontsha dilo dingwe. Le fa go ntse jalo, a bo e le go itima dilo go le gonnye jang ne, e re ka o itse gore nako e o e dirisang mo Lefokong la Modimo e tla go thusa go bona botshelo jo bo sa khutleng!—Joh. 17:3.
3 Fa o Thapisa Bana ba Gago: Nako e e molemo ya go simolola go ithuta tsela ya go intsha setlhabelo ke fa o sa le ngwana. Ruta bana ba gago gore le fa gone go na le nako ya go tshameka, gape go tshwanetse ga nna le nako ya go bereka le ya ditiro tsa puso ya Modimo. (Baef. 6:4) Ba neele tiro e e mosola e ba ka e dirang mo gae. Nna le thulaganyo ya ka metlha ya go dira le bone mo bodireding. Gatelela thuto ya gago ka go ba tlhomela sekao se se molemo.
4 Mo Ditirong Tsa Phuthego: Phuthego e a nonofa fa mongwe le mongwe mo go yone a rata go intsha setlhabelo gore a dire dilo tse di tla solegelang mongwe le mongwe molemo. (Baheb. 13:16) A o ka kgona go dirisa nako e ntsi mo tirong ya go rera ka Bogosi le ya go dira barutwa? A o ka ithaopela go thusa batho ba ba lwalang le ba ba godileng, gongwe o ba thusa ka sepalangwa se se ba isang kwa dipokanong?
5 Pele Jesu a intsha setlhabelo se segolo sa botshelo jwa gagwe e le motho, o ne a gakolola barutwa ba gagwe gore ba tlhome matlho mo dilong tse di direlwang Bogosi, ba dira gore dilo tse dingwe mo botshelong di tle kwa morago. (Math. 6:33) Go nna le moya o o ntseng jalo wa go intsha setlhabelo go tla re itumedisa thata fa re ntse re tswelela pele re direla Jehofa ka boitumelo.