Lebokoso la Dipotso
◼ Motho yo o ntseng a tsidifetse nako e telele a ka thusiwa jang gore a tshwanelege gape go nna mmoledi wa dikgang tse di molemo?
Go a itumedisa fa motho yo o tsidifetseng a bontsha gore o eletsa go direla Jehofa go tswa pelong. (Luke 15:4-6) Motho yono o ka tswa a ne a letlelela kganetso kana dikgatelelo tsa botshelo go mo kgoreletsa go ithuta ka namana, go nna gone kwa dipokanong, le go nna le seabe mo bodireding jwa tshimo. A ka thusiwa jang ka tsela e e molemo gore a gatele pele semoyeng?
Rotlhe re tshwanetse go tsaya kgato pele gore re tlhomamisetse motho yono gore re mo rata ka lorato lwa mmatota lwa Bokeresete. Bagolwane ba tla itlhaganelela go sekaseka dilo tse di kgethegileng tse a di tlhokang semoyeng. (Jak. 5:14, 15) Fa e le gore motho yono o tsidifetse ka nako e khutshwane, go ka nna ga tlhokega fela gore mmoledi yo o nang le maitemogelo a mo thusathuse mo tirelong ya tshimo. Le fa go ntse jalo, fa e le gore motho yono yo o tsidifetseng o ne a sa kopanele le phuthego ka nako e telele, gongwe a ka nna a tlhoka thuso e kgolwanyane. Go ka nna molemo gore a ithute Baebele ka namana ka kgatiso e e tshwanetseng, gore a ikage mo tumelong le go nna le kanaanelo. Mo maemong ano molebedi wa tirelo o tla rulaganya le mmoledi yo o tshwanelegang gore a mo tshwarele thuto. (Baheb. 5:12-14; bona Lebokoso la Dipotso la Tirelo ya Rona ya Bogosi ya November 1998.) Fa o itse motho mongwe yo o tlhokang thuso e e ntseng jalo, bua le molebedi wa tirelo mo phuthegong ya lona.
Pele bagolwane ba babedi ba kopa motho yo o tsidifetseng ka nako e telele gore a nne le seabe gape mo bodireding, go ka nna molemo gore ba kopane le ene go bona fa a tshwanelega go nna mmoledi wa Bogosi. Ba tla latela thulaganyo e e tshwanang le e e dirisiwang fa ba kopane le batho ba basha ba ba batlang go tshwanelegela go nna baboledi ba dikgang tse di molemo. (Bona Tora ya Tebelo ya November 15, 1988, tsebe 17.) Motho yono yo o tsidifetseng o tshwanetse go eletsa thata go abela ba bangwe dikgang tse di molemo. Gape o tshwanetse go fitlhelela dilo tsa konokono tse di tlhokegang tse di kwadilweng mo tsebeng ya 98-9 ya buka ya Bodihedi jwa Rona le go nna gone kwa dipokanong tsa phuthego ka metlha.
Fa motho yo o batlang go boa a nna le thulaganyo e e molemo ya semoya, seno se tla mo thusa thata gore a nonotshe le go boloka kamano ya gagwe e e botlhokwa le Jehofa le gore a tswelele pele a tsamaya mo tseleng e e isang botshelong jo bo sa khutleng. (Math. 7:14; Baheb. 10:23-25) Fa a bontsha “boiteko jotlhe ka tlhoafalo” le go nna le dinonofo tsa Bokeresete tse di nnetseng ruri, go tla mo thibela go nna gape motho ‘yo o sa direng kgotsa yo o sa ungweng’ jaaka morutwa wa Mokeresete.—2 Pet. 1: 5-8.