LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 2/07 ts. 8
  • O se Ka wa Lebala Batho ba ba Tsidifetseng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O se Ka wa Lebala Batho ba ba Tsidifetseng
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Boelang mo go Nna”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2020
  • Lebokoso la Dipotso
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1998
  • Ba Thuse Gore ba Boe Ntle le go Senya Nako!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Lebokoso la Dipotso
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2000
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
km 2/07 ts. 8

O se Ka wa Lebala Batho ba ba Tsidifetseng

1. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go leka ka natla go kgothatsa ba ba tsidifetseng?

1 A o tlwaelane le mongwe yo o tsidifetseng? Gongwe o tlogetse go kopanela le phuthego mme o katogetse kgakala. O ka ne o kopane le motho yoo fa o ne o le mo bodireding jwa ntlo le ntlo. Re tshwanetse go gakologelwa gore motho yo o tsidifetseng e sa ntse e le mokaulengwe wa rona wa semoya. Re batla go mmontsha gore re a mo rata le go mo thusa go boela mo phuthegong le kwa ‘modiseng le molebedi wa meya ya rona.’—1 Pet. 2:25.

2. Re ka kgothatsa motho yo o tsidifetseng jang?

2 Bontsha Kgatlhego: Go founela motho yo o tsidifetseng o bo o tlotla le ene ka bokhutshwane kgotsa go mo etela go ka mo tlhomamisetsa gore ga re a mo lebala. Ke eng se re ka se buang? Re ka nna ra mo kgothatsa ka go mmolelela gore re ne re akantse ka ene. Tlotla ka dilo tse di molemo le tse di agang. (Bafil. 4:8) Re ka nna ra umaka ntlha nngwe e re e itumeletseng mo pokanong nngwe ya bosheng. Gape re ka mo laletsa gore a nne teng mo pokanong kgotsa mo kopanong e e tlang re bo re ithaopela go mo bolokela manno kgotsa go tsamaya le ene ka sepalanngwa sa rona.

3. Kgaitsadi mongwe o ne a thusiwa jang gore a tlhagafale gape?

3 Go ne ga kopanwa le kgaitsadi mongwe mo tshimong yo o neng a tsidifetse ka dingwaga tse di fetang 20. Le fa a ne a sa batle go tshwarelwa thuto ya Baebele, kgaitsadi yo o neng a kopane le ene o ne a nna a mo etela, a mo tlogelela dimakasine tsa bosheng. Morago ga kopano ya kgaolo, mmoledi yono o ne a bolelela kgaitsadi yono yo o tsidifetseng dintlhakgolo dingwe tsa kopano mme kgabagare o ne a tlhagafala gape.

4. Re tshwanetse go tshwara jang mongwe yo o simololang gape go nna teng kwa dipokanong?

4 Fa Mongwe a Boa: Fa mokaulengwe yo o tsidifetseng a simolola go tla gape mo dipokanong, re tshwanetse go mo tshwara jang? Jesu o ne a tshwara barutwa ba gagwe jang fa ba sena go mo tlogela ka nakwana? O ne a re ke ‘bomorwarraagwe’ mme a bontsha gore o a ba tshepa. O ile a bo a ba neela tiro e e botlhokwa. (Math. 28:10, 18, 19) Ka bonako fela morago ga moo, ba ne ba tshwaregile ba bolela dikgang tse di molemo “ba sa kgaotse.”—Dit. 5:42.

5. Umaka maemo a re tshwanetseng go buisana le bagolwane ka one ka mongwe yo o tsidifetseng.

5 Pele ga re ithaopa go ithuta Baebele le mongwe yo o tsidifetseng kgotsa pele ga re laletsa mokaulengwe yo o ntseng a tsidifetse ka lobaka lo loleele go tsamaya le rona mo bodireding, re tshwanetse go batla kaelo mo bagolwaneng. Fa re kopana le mmoledi yo o tsidifetseng mo tshimong, re tshwanetse go bolelela bagolwane gore ba tle ba mo thuse.

6. Re ka nna le boitumelo bofe fa re thusa batho ba ba tsidifetseng?

6 Jaaka fa Baebele e bontsha sentle, batho ba ba tabogang lobelo go ya bofelong ke bone fela ba ba tla bolokwang. (Math. 24:13) Ka jalo, ela tlhoko batho ba ba ka neng ba kgopilwe kgotsa ba katogetse kgakala. Fa ka bopelotelele re bontsha lorato lo lo tshwanang le lwa ga Jehofa ka go kgatlhegela batho bano go tswa pelong, re ka itumelela go ba bona ba simolola gape tirelo ya bone e e boitshepo ba dira mmogo le rona.—Luke 15:4-10.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela