O Tla Reng fa o Arabiwa ke Motšhine wa Founo o o Tsayang Melaetsa?
Founo ke sedirisiwa se se molemo sa go neela bosupi mo bathong ba re sa kgoneng go ba fitlhela kwa gae kana ba ba nnang mo matlong a re sa kgoneng go tsena mo go one. Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ga ba arabe difouno—go araba motšhine wa founo o o tsayang melaetsa. O tla dirang fa seno se direga? O se ka wa baya founo fa fatshe. Go na le moo, o ka araba ka go bala sengwe se o se kwadileng se o se baakanyeditseng sentle. Ikatisetse go bala sentle se o se kwadileng, o se bala ka mokgwa wa go tlotla. Ke eng se o ka se kwalang?
O ka nna wa laletsa mong wa ntlo ka lorato gore a nne teng kwa Pokanong ya Phatlalatsa e e latelang kwa Holong ya Bogosi. O ka nna wa re: “Ke maswabi go bo ke sa go fitlhela mo lapeng. Fa e le gore o ka rata go utlwa motlotlo o o theilweng mo Baebeleng wa [setlhogo sa puo ya phatlalatsa], tsweetswee tlaa kwa Holong ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa. Botlhe ba a amogelwa. Ga go tsewe dikoleke.” Morago ga moo, tlhalosa ka phepafalo letsatsi le nako ya pokano, o bo o umake aterese ya seterata kana o tlhalose kwa Holo ya Bogosi e leng gone.
Nna o ntshitse matlho dinameng go bona batho ba basha ba ba ka nnang ba tla dipokanong, ba bolelele gore o mang, mme o dire gore ba ikutlwe ba amogelesegile. O se ka wa lebala go ba bolelela ka thuto ya mahala ya Baebele!