“Tshwarega Thata” mo Bodireding Jwa Gago
1 Fa re bala gore moaposetoloi Paulo o ne a dira ditente ka nako ya fa a le kwa Korintha, re ka nna ra swetsa ka gore seno se ne se mo jela nako ya go rera. Le fa go ntse jalo, Ditiro 18:5 e bolela jaana: “Paulo a simolola go tshwarega thata ka lefoko, a neela bosupi mo Bajudeng go rurifatsa gore Jesu ke Keresete.” Ke eng fa Paulo a ne a tshwaregile thata jaana mo tirong eno ya go rera? Le mororo batho ba le bantsi kwa Korintha e ne e setse e le badumedi, Morena o ne a mo tlhomamiseditse gore go ne go sa ntse go tshwanetse ga dirwa barutwa ba le bantsi kwa motseng oo. (Dit. 18:8-11) A le rona re na le lebaka le le tshwanang la go tshwarega thata mo bodireding jwa rona? Ee. Re sa ntse re ka kgona go bona batho ba le bantsi le go ba ruta boammaaruri.
2 Dirisa Nako e Ntsi mo Tirelong ka April: Go ka direga gore o ipeetse mokgele wa go nna o tshwaregile mo tirong ya go rera dikgang tse di molemo kgwedi nngwe le nngwe. Le fa go ntse jalo, dikgwedi dingwe di re naya sebaka se se oketsegileng sa go “tshwarega thata” mo tirong eno. Dikgwedi tseo di akaretsa le kgwedi ya April, e leng nako e e kwa setlhoeng ya paka ya Segopotso. A maemo a gago a go letla go nna mmulatsela yo o thusang kana go leka go oketsa mo bodireding? Baboledi ba le bantsi ba ba dirang jalo ba ile ba segofadiwa thata fela. (2 Bakor. 9:6) Fa o dira bojotlhe jo o ka bo kgonang, gakologelwa gore Jehofa o ipelela tiro ya gago e o e dirang ka moya otlhe. (Luke 21:2-4) Le fa maemo a gago e ka tswa e le afe, ipeele mokgele wa go “tshwarega thata” mo bodireding jwa gago ka April. Mme o se ka wa lebala go naya motshwari wa gago wa thuto ya buka pego ya gago ya tirelo ya tshimo kwa bokhutlong jwa kgwedi gore tiro ya gago e tle e balelwe mmogo le ya batho ba bangwe botlhe ba ga Jehofa.
3 Etela ba Basha ba ba Neng ba le Teng Kwa Segopotsong: Ngogola palo ya ba ba neng ba le teng kwa Segopotsong mo Afrika Borwa le kwa dinageng tsa boagelani tse di direlang ka fa tlase ga lekala la rona, e ne e le 187 588. Re tla bona gore palogotlhe ya monongwaga e tla nna bokae. Le fa go ntse jalo, dipego di bontsha gore re ka kgona go nna le “thobo” e kgolo. (Math. 9:37, 38) Ka jalo, ka bonako jo bo ka kgonegang, rulaganya go etela batho ba ba kgatlhegang ba ba neng ba le teng kwa Segopotsong go ba thusa mo semoyeng. Fa o diega go ba etela seno se ka naya ‘yo o boikepo go tsubula lefoko la bogosi le le jetsweng mo dipelong tsa bone.’ (Math. 13:19) Fa o ba etela ka bonako seno se tla bontsha gore eleruri o ‘tshwaregile thata’ ka bodiredi jwa gago.
4 Tswelela Pele o Thusa ba ba Tsidifetseng: Ka February go ne ga simololwa maiteko a a kgethegileng a go thusa ba ba tsidifetseng. Fa e le gore go na le ba ba iseng ba etelwe mo loetong lwa bodisa, bagolwane ba tshwanetse go rulaganya go ba etela go sa le gale pele kgwedi ya April e fela. Bagolwane ba tla leka go bona lebakalegolo la bothata jwa motho yono le kafa ba ka mo thusang ka tsela e e molemo ka teng gore a boe a direle Jehofa ka tlhoafalo gape. Go ba thusa ka tsela eno e e lorato go bontsha gore bagolwane ba tsaya boikarabelo jwa bone ka tsela e e masisi jaaka badisa ba “letsomane la Modimo.” (1 Pet. 5:2; Dit. 20:28) Tora ya Tebelo ya September 15, 1993, ditsebe 22-3, e naya dikakantsho tse di molemo tse bagolwane ba ka di dirisang fa ba tlotla ka mathata ape fela a le matlhano a a tlwaelegileng a a ka tswang a ama batho ba ba tsidifetseng. Tota gone go sa ntse go ka direga gore bangwe ba tsosolosiwe gore ba nne le seabe mo bodireding jwa tshimo ka April.
5 Thusa ba le Bantsi go Nna Baboledi Ba ba Sa Kolobediwang: A bana ba gago ba setse ba tshwanelega go nna baboledi ba basha ba dikgang tse di molemo? Go tweng ka ba bangwe ba o ithutang Baebele le bone? Fa bagolwane ba bona batho bano ba tshwanelega, a April e ne e se kitla e nna nako e e siameng thata ya gore ba simolole go nna baboledi? Fa motho a gatela pele e bile a ithutile boroutšhara jwa Re Direng le buka ya Kitso, thuto ya Baebele e ka nna ya tsweledisiwa pele ka buka ya bobedi—e ka nna buka ya Lefoko la Modimo, Kagiso ya Boammaaruri kana buka ya Go Utlwana mo Kobamelong. Mokgele wa gago ke go thusa moithuti go nna le kitso e e oketsegileng ka boammaaruri, go tshwanelega go nna mmoledi yo o sa kolobediwang le go nna Mosupi yo o ineetseng yo o kolobeditsweng wa ga Jehofa.—Baef. 3:17-19; 1 Tim. 1:12; 1 Pet. 3:21.
6 Fa o amega ka metlha le ka tsela ya mmatota ka batho ba o ba rutang Baebele, seno se ka nna sa ba thusa gore kgabagare ba dire gore boammaaruri e nne jwa bone. Mosupi mongwe o ne a kopana le banyalani bangwe ba ba godileng ba ba neng ba dumela ka pelo yotlhe go ithuta Baebele. Mme banyalani bano ba ne ba nna ba busetsa letsatsi la thuto ya bone ya Baebele kwa morago ka dibeke di le tharo tse di latelanang. Kgabagare thuto e ne ya simolola. Morago ga moo, banyalani bano ba ne ba sa kgone go ithuta mo e ka nnang beke nngwe le nngwe ya bobedi. Le fa go ntse jalo, kgabagare mosadi o ne a tswelela go fitlha a bo a kolobediwa. Mokaulengwe o gakologelwa jaana: “E ne ya re fa a sena go kolobediwa, matlho a gagwe a ne a geletse dikeledi tsa boitumelo, tseo di neng tsa lere dikeledi tsa boitumelo mo go nna le mosadi wa me.” Ee, go “tshwarega thata” ka go rera mafoko a a molemo go lere boitumelo jo bogolo!
7 Boporofeti jwa Baebele le ditiragalo tsa lefatshe di bontsha gore re tshela mo garegare ga nako ya bokhutlo. Jaanong ke nako ya gore batho botlhe ba ga Jehofa ba ‘tshwarege thata’ ka tiro ya go itsise batho dikgang tse di molemo. Moaposetoloi Paulo o re tlhomamisetsa gore eleruri tiro eno “ga se ya lefela mo Moreneng.”—1 Bakor. 15:58.