Go Tshwarega Tota mo Mafokong a a Molemo
MOAPOSETOLOI Paulo o ne a le mo bothateng jo Basupi ba ga Jehofa bao e leng badihedi ba nako e e tletseng ba bo itseng—madi a gagwe a ne a tlhaela. Ka jalo fa a le kwa Korintha o ne a dira tiro ya go dira ditente eo a neng a e ithutile fa a ne a santse a le mosha. Tiro eno e ne e le bokete, mme ka dinako tse dingwe diatla tsa gagwe di ka tswa di ne tsa dutla madi ka ntlha ya go tshwara letlalo le le magwata la ditente. Madi a a neng a a bona a ne a lekana fela dijo le diaparo tse a neng a di tlhoka, mme o ne a kgotsofetse, ka go bo fa a fetsa tiro ya gagwe ya letsatsi lengwe le lengwe, o ne a tlogela dithulusu tsa gagwe a dira seo a neng a se tletse mo Korintha—o ne a rera mafoko a a molemo!—Bafilipi 4:11, 12.
Paulo o ne a ya kwa sinagogeng ka malatsi a Sabata. Go boammaaruri gore Paulo kwa tshimologong o ne a buisana le bareetsi ba kwa Korintha ‘ka poifo le thoromo e kgolo.’ (1 Bakorintha 2:1, 3) Mme ereka a ne a rotloediwa ke tsela eo bangwe ba neng ba dira ka yone fa ba utlwa molaetsa wa gagwe, Paulo “ka sabata moñwe le moñwe a hetolana le batho mo tluñ ea thutō, a leka go kgōna Bayuda le Bagerika.”—Ditihō 18:1-4.
Ka lobakanyana, Paulo o ne a sa kgone go rera ka nako e e tletseng. Morago go ne ga tla Silase le Timotheo ba tswa kwa Makedonia ka meneelo e megolo mme ba mo ‘tlaletsa kafa selekanyong se a tlhokang ka sone.’ (2 Bakorintha 11:9; Bafilipi 4:15) Dikgang tse di neng di nametsa gape e ne e le tsa gore bakaulengwe ba kwa Thesalonika ba ne ba eme ba nonofile lemororo ba ne ba bogisiwa.—1 Bathesalonia 3:6.
Seno se ne sa ama Paulo jang? “Paulo a patèlèlwa ke lehoko [“o ne a senya nako yotlhe ya gagwe a rera,” The Jerusalem Bible; Today’s English Version], a shupetsa Bayuda ha Yesu e le èna Keresete.” (Ditihō 18:5) Ereka a ne a bone thuso ka nakwana ka mathata a gagwe a madi, Paulo ga a ka a nna fa fatshe go fitlha a boela mo go rereng ka nako e e tletseng. O ne a boela gape mo tirong ya gagwe ka maatla tota le ka matlhagatlhaga, a sa rerele Bajuda fela mme gape a ipha nako ya go kwala dikwalo tsa gagwe tsa ntlha tse di tlhotlheleditsweng tsa boaposetoloi—lokwalo lwa Bathesalonia!
Sekao sa Rona Gompieno
Pego ya tiro e kgolo e Paulo a neng a e dira kwa Korintha e ile ya bolokwa gore e kgothatse Bakeresete botlhe gore ba rere mafoko a a molemo thata. Paulo o ne a lemoga gore Morena Jesu ka boene o ne a neile barutwa ba gagwe tlotlo e kgolo tota ya go nna “lesedi ya lehatshe.” Ba ne ba sa tshwanela go fitlha lesedi leno. Jesu o ne a ba bolelela jaana: “A lesedi ya lona le phatsimè ha pele ga batho, gore ba bōnè ditihō tsa lona tse di molemō, me ba galaletsè Rra eno eo o kwa legodimoñ.” (Mathaio 5:14-16) Seno se ne se raya gore ba nne le seabe se se tletseng mo tirong ya go rera e e neng e boleletswe pele ke Jesu. (Mathaio 24:14; 28:19, 20; Ditihō 1:6-8) Lebaka le legolo la go bo phuthego ya Bokeresete e ne e le teng e ne e le gore ba rere mafoko a a molemo a Bogosi.
Bakeresete ba ntlha, jaaka Paulo, ba ne ba tsaya tiro eno ya go rera ka masisi. Ka gone, fa baba ba Modimo ba ne ba akanya gore ba ne ba timile lobone lwa boammaaruri ka go bolaya “Kgōsana ea botshelō” ka tsela e e setlhogo, balatedi ba gagwe ba ne ba tswelela e le lesedi la lefatshe, ba rera ba nonofile. (Ditihō 3:15) Le eleng pogiso ga e a ka ya ba thibela go dira maiteko. Pego ya Bibela e bolela jaana: “Me ka malatsi aotlhe, mo tempeleñ le mo ma ga bōnè, ba se ka ba bakèle go ruta, le go rèra Yesu ha e le Keresete.” (Ditihō 5:42) Go ne go sena sepe se se neng se ka ba thibela!
Mo metlheng ya segompieno, Bakeresete ka tsela e e tshwanang ba ile ba dira ka natla tota mo tirong ya go naya bosupi. Go ya kwa bokhutlong jwa lekgolo la bo 19 la dingwaga, baithuti ba ba kelotlhoko ba Lefoko la Modimo ba ne ba simolola go bona fa go le botlhokwa go abalana le ba bangwe boammaaruri jwa Bibela. Zion’s Watch Tower Tract Society—mokgatlho o o ileng wa gola go fitlha o nna wa merafe yotlhe—o ne wa dirwa wa semolao ka 1884. Baithuti bano ba Bibela, bao go tloga ka 1931 ba neng ba itsiwe jaaka Basupi ba ga Jehofa, tota ba setse ba tladitse lefatshe ka kitso ya Lefoko la Modimo. Tiro ya bone e kgolo e ile ya dira gore ba nne lesomo le legolo la ba ba dimilione di le nne! Mme kwantle ga pelaelo palo ya bone e tla tswelela e gola go ya kafa Jehofa a batlang ka gone.—Isaia 60:22.
A O Dira Seabe sa Gago?
Jesu o ne a bolela jaana: “Thobo e kgolo rure, me barobi ba bannye.” (Mathaio 9:37, 38) Batho ba ba ka nnang dimilione di le lesome ba ne ba tla kwa Segopotsong sa loso lwa ga Keresete ka 1990. Abo go santse go ka nna le thobo e ntsi jang ne mo lefatsheng lotlhe! Mme fa re ntse re itumelela koketsego eno, mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse go ipotsa jaana, ‘Seabe se nna ke se dirang mo tirong e kgolo eno se kana kang? A ke dira jalo ka metlha—beke le beke fa go kgonega?’
Bagolwane ba tshwanetse go etelela pele mo tirong eno jaaka “dikaō mo lecomaneñ.” (1 Petere 5:3) Ke boammaaruri gore bagolwane ba bantsi ba dira tiro ya boitshediso, Moaposetoloi Paulo le ene o ne a e dira fa a ne a santse a le kwa Korintha. Lefa go le jalo, o ne a beela nako ya go rera ka metlha kwa thoko. Bagolwane ba bantsi gompieno ba dira ditiro tsa semoya ka natla tota ka nako ya mafelobeke. Seno se ka nonotsha sa bo sa kgothatsa botlhe mo phuthegong. Ka dikgwedi tse dingwe fa go dirwa maiteko a a kgethegileng, go na le diphuthego tse dintsinyana tse bontsi jwa baboledi ba tsone ba tsenelang tirelo ya bobulatsela. Sephiri ke eng? Bagolwane ba etelela pele mo go rereng le mo go direng dithulaganyo tsa tirelo ya tshimo.
Batlhanka ba bodihedi le bone ka tsela e e tshwanang ba ka tlhotlheletsa phuthego ka tsela e e molemo fa ba nna le seabe ka metlha mo tirelong ya tshimo. Gakologelwa, Dikwalo di batla gore ba nne ‘masisi, e nne banna ba ba dihelang sentle.’ (1 Timotheo 3:8, 13) Mokaulengwe o tshwanetse go ikanyega mo tirelong ya tshimo gore a tshwanele jaaka mogolwane kana motlhanka wa bodihedi.—Tito 1:8, 9.
Jaaka Paulo, ba bangwe ba kgona go fokotsa tiro ya boitshediso e ba e dirang mme ba bule tsela. Palo ya babulatsela ba ka metlha, ba ba thusang le ba ba kgethegileng e ile ya oketsega go tloga go 137 861 dingwaga di le lesome tse di fetileng go ya go 536 508 ka 1990. Eleruri, ke tshegofatso ya ga Jehofa fela le go amogelwa ke ene go ka dirang seno. Lefa go ntse jalo, babulatsela ba tshwanetse go dirisa nako ka botlhale, eseng fela gore ba rere ka diura tse dintsi gore pego ya bone e nne ntle. Babulatsela, a lo ipaakanya sentle gore lo nne le matswela mo bodiheding? A lo tswelela lo dira maiteko gore bodihedi jwa lona bo nne le maungo?
Tuelo ya Bodihedi Jo Bo Lekalekaneng
A o itumelela tshedimosetso e e re bolokang re tshela e re e bonang kgwedi le kgwedi ka Tora ya Tebelo le monkane wa yone Tsogang!? Ga go na pelaelo ya gore go ntse jalo. A tebogo ya gago e ile ya go rotloetsa gore o nne le seabe mo go abeng makwalopaka ano? Kgaitsadi mongwe kwa Botswana o ne a dira jalo. O ne a ganetsa boammaaruri tota kwa tshimologong, mme monna wa gagwe o ne a mmalela dimakasine. Fa nako e ntse e tsamaya pelo ya gagwe e ne ya fetoga mme a nna Mosupi. Lemororo a sa itse go bala le go kwala, o kgona go tsamaisa dimakasine, a bolela jaana, “Ga ke itse go bala, monna wa me o mpalela dimakasine tseno. Ke a di itumelela mme ke solofela gore le wena o tla di itumelela.”
Ke ka ntlha yang fa o sa dire gore o dire tiro eno e e bolokang botshelo beke le beke? Fela fa o sena o tshwanelega sentle semoyeng, phuthego ya Bokeresete e tla itumelela go go thusa go simolola. Lefa go ntse jalo, go tsamaisa dimakasine ke e le nngwe fela ya dikarolo tsa tirelo. Mongwe le mongwe yo o rerang mafoko a a molemo a nonofile o leka go lekalekana mo bodiheding. Ka sekai, Mokgatlho wa Watch Tower o gatisa dibuka di le dimilione, mme tseno di neelwa batho jaaka dijo tsa semoya tsa goyagoile. A o ile wa nna botswerere tota mo bodiheding jwa gago gore o kgone o tsamaisa dibuka, tse di jaaka O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise?
Mme go tweng ka batho ba ba supang kgatlhego? A o ba kwala sentle gore o kgone go boela kwa go bone? Maeto a a ntseng jalo a thusa gore o dire tiro e e itumedisang go gaisa tsotlhe—tiro ya dithuto tsa magae tsa Bibela. Gakologelwa gore Jesu o ne a re laela mo go Mathaio 28:19, 20 gore re ‘dire batho barutwa le go ba kolobetsa.’ Seo se raya go ithuta Bibela le bone. Go boammaaruri gore go ithuta Bibela go tlhoka boitshoko. Mosupi mongwe o ne a kopana le banyalani bangwe ba ba tsofetseng ba ba neng ba dumela go ithuta Bibela. Mme ba ne ba nna ba beela thuto ya Bibela kwa thoko ka dibeke tse tharo tse di tlhomaganang. Kgabagare thuto e ne ya simolola. Morago banyalani bano ba ne ba tsaya lobakanyana ba ntse ba thibela thuto mo e ka nnang beke e nngwe le nngwe ya bobedi. Lefa go ntse jalo, kgabagare mosadi o ne a tswelela go fitlha a bo a kolobediwa. “Fa a sena go kolobediwa,” mokaulengwe o gakologelwa jaana, “matlho a gagwe a ne a geletse dikeledi tsa boitumelo, tseo di neng tsa lere boitumelo mo go nna le mosadi wa me.” Ee, go tshwarega thata ka go rera mafoko a a molemo eleruri go lere boitumelo jo bo ka se kang jwa tlhalosiwa!
Ithaopele Go Dira!
Jesu Keresete le moaposetoloi Paulo ba tlhomile dikao tse di molemo tota tsa boineelo tse re tshwanetseng go di sala morago. Mme re na le dikao tse dintsi tse di molemo mo Basuping ba ga Jehofa ba metlha ya segompieno. Eno jaanong ke nako ya gore botlhe ba ba itseng boammaaruri ba nne le seabe se se tletseng sa go a itsise ba bangwe. Bibela e re tlhomamisetsa botlhe gore tiro e e ntseng jalo ga “e ketla e nna lehèla.”—1 Bakorintha 15:58.
Jaaka Paulo, bontsi bo na le mathata a madi. Bontsi ga bo kgone go bula tsela ka ntlha ya seno. Mme Jehofa a ka thusa botlhe gore ba latele kgakololo e e molemo eno e e newang mo go Baroma 12:11: “Mo tlhōahaloñ lo se ka loa nna bochwakga; lo nnè lo tukè mo moeeñ; lo dihèlè Morèna.” Mme fa maemo a fetoga mme o kgona go nna le nako e e oketsegileng go e senya mo tirelong ya ga Jehofa, mongwe le mongwe yo o ratang Jehofa o tla dirisa tshono eno fela jaaka Paulo a ne a dira. Tshwarega thata ka go rera mafoko a a molemo! Fa o dira jalo ga o kitla o bona masego fela jaanong mme o tla bona botshelo jo bo sa khutleng jo bo nang le boipelo le boitumelo jwa goyagoile mo isagweng!—Mathaio 19:28, 29.
Lemororo Paulo a ne a patelesega go dira tiro ya boitshediso, o ne a rera ka Bosabata
Bagolwane le batlhanka ba bodihedi ba tshwanetse go etelela pele mo tirelong ya tshimo gore ba tshwanele ditshiamelo tsa bone tsa tirelo. Fa ba dira jalo, sekao sa bone se kgothatsa botlhe mo phuthegong
Fa mathata a gagwe a madi a ne a fokotsegile ka nakwana Paulo ga a ka a nna fa fatshe go fitlha fa a boetse mo tirong ya go rera ka nako e e tletseng
Kgaitsadi mongwe yo o sa itseng go bala le go kwala o tsamaisa dimakasine ka go bolela jaana: “Ga ke itse go bala, mme monna wa me o mpalela dimakasine tseno. Ke a di itumelela mme ke solofela gore le wena o tla di itumelela”