Lo “Selo sa go Bogelwa”!
1 Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Re fetogile selo sa go bogelwa ke lefatshe, le ke baengele, le ke batho.” (1 Bakor. 4:9) Seno se bolelang, mme se tshwanetse go re ama jang mo bodireding jwa rona gompieno?
2 Go lebega polelwana eno e e reng “selo sa go bogelwa” e ne e ka gakolola Mokorintha ka dikgaisano tsa Baroma, tse mo go tsone batho ba neng ba lwa go fitlha ba swa tse di neng di konelwa ka go dira gore batho ba ba neng ba atlhotswe ba tsamaisiwe fa pele ga babogedi ba le diketekete pele ga ba ganyaolwa ka tsela e e setlhogo. Ka mo go tshwanang, babogedi ba le bantsi—batho mmogo le baengele—ba ne ba bona kafa Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba neng ba bogisiwa ka gone ka ntlha ya go neela bosupi ka Bogosi. (Baheb. 10:32, 33) Go boloka bothokgami ga bone go ne ga ama batho ba le bantsi ba ba neng ba bogetse, fela jaaka go itshoka ga rona go ama batho ba le bantsi mo lefelong la gompieno la bobogelo. Re bogetswe ke bomang?
3 Ke Lefatshe le ke Batho: Ka dinako tse dingwe metswedi ya tshedimosetso e phasalatsa dipego tse di malebana le ditiro tsa batho ba ga Jehofa. Le mororo re anaanela dipego tse di molemo tsa boammaaruri le tse di sa tseyeng letlhakore tse di malebana le tiro ya rona, re sa ntse re lebeletse gore balatofatsi ba rona ba anamise dipego tse di bosula ka rona gangwe le gape. Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go tswelela pele re itshupa re le badiredi ba Modimo “ka pego e e bosula le pego e e molemo.” (2 Bakor. 6:4, 8) Batho ba ba bogetseng ka dipelo tse di ikanyegang ba lemoga sentle gore re barutwa ba boammaaruri ba ga Jesu Keresete.
4 Ke Baengele: Dibopiwa tsa moya le tsone di re bogetse. Diabolo le badimona ba gagwe le bone ba re bogetse—mme ba re bogetse ka “bogale jo bogolo,” ba batla go emisa “tiro ya go naya bosupi ka Jesu.” (Tshen. 12:9, 12, 17) Baengele ba ba ikanyegang ba Modimo ba re bogetse mme ba a ipela fa ba bona le e leng moleofi a le mongwe a ikwatlhaya. (Luke 15:10) Re tshwanetse go nonotshiwa ke go itse gore baengele ba leba bodiredi jwa rona jaaka tiro e e potlakileng, e e mosola go gaisa ditiro tsotlhe tse di dirwang mo lefatsheng gompieno!—Tshen. 14:6, 7.
5 Fa o lebana le kganetso kana o akanya gore bodiredi jwa gago ga bo na matswela, gakologelwa gore o bogetswe ke matlho otlhe mo lebopong. Go itshoka ga gago ka boikanyegi go senola go le gontsi ka bothokgami jwa gago. Kgabagare, ‘tlhabano ya gago e e molemo ya tumelo’ e tla dira gore o kgone go “tshwara botshelo jo bo sa khutleng ka thata.”—1 Tim. 6:12.