Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo sa 2002
1 Batho ba le bantsi ga ba ise bokgoni jwa go bua tlhogong. Le fa go ntse jalo, go bua ke mpho e e tswang kwa go Jehofa. Go dira gore re kgone go buisana le batho ba bangwe le go bolela megopolo le maikutlo a rona. Selo sa botlhokwa le go feta ke gore re ka kgona go baka Modimo wa rona ka gone.—Pes. 22:22; 1 Bakor. 1:4-7.
2 Banna, basadi le bana ba thapisiwa mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo gore ba bolele leina la ga Jehofa. (Pes. 148:12, 13) Thulaganyo ya Sekolo ya 2002 e akaretsa ditlhogo di le dintsi tse di farologaneng tsa Baebele tse di ka re solegelang molemo le tse re ka di dirisang mo bodireding. Fa re baakanyetsa sekolo e bile re nna le seabe mo go sone, re ka oketsa kitso ya rona le bokgoni jwa rona jaaka barutisi ba Lefoko la Modimo.—Pes. 45:1.
3 Bala Baebele Letsatsi le Letsatsi: Fa re tsamaya re tshwere Baebele ka dinako tsotlhe, re ka dirisa sebaka sengwe le sengwe se re nnang le sone go e bala. Bontsi jwa rona re na le metsotswana e le mmalwa e re sa direng sepe ka yone mo letsatsing e re ka e dirisang ka tsela eno. A bo go le molemo thata jang ne go bala bobotlana tsebe e le nngwe letsatsi lengwe le lengwe, e leng sone fela se se tlhokegang gore motho a tsamaisane le thulaganyo ya mmalo wa Baebele e e kwadilweng mo thulaganyong ya sekolo!—Pes. 1:1-3.
4 Bokgoni jwa go bala Baebele sentle bo ka re thusa gore re fitlhelele dipelo tsa bareetsi ba rona le go ba tlhotlheletsa go baka Jehofa. Bakaulengwe ba ba neelang Puo No. 2 mo sekolong ba tshwanetse go ithapisetsa go balela puo ya bone kwa godimo kgapetsakgapetsa. Molebedi wa sekolo o tla akgola le go akantsha gore moithuti a tokafatse tsela e a balang ka yone jang.
5 Dirisa Buka ya Go Fetolana: Puo No. 3 le No. 4 di theilwe mo bukeng ya Go Fetolana. Bontsi jwa rona re tshwanetse go lwela go dirisa thata buka eno e e mosola mo bodireding jwa tshimo. Bokgaitsadi ba tshwanetse go tlhopha diseting tse di tshwanelang tshimo ya bone. Molebedi wa sekolo o tshwanetse go ela tlhoko thata tsela e ba rutang ka yone le kafa ba dirisang Dikwalo ka teng.
6 E kete Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo se ka re thusa rotlhe go tswelela pele re dirisa mpho ya go bua e re e neilweng ke Modimo go bolela dikgang tse di molemo le go baka Modimo wa rona yo mogolo, Jehofa!—Pes. 34:1; Baef. 6:19.