LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 6/02 ts. 1
  • A o “Batla” go Thusa ba Bangwe?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A o “Batla” go Thusa ba Bangwe?
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2002
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A o Ka Kgona go Thusa?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2004
  • Etsa Jesu ka go Thusa ba Bangwe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2022
  • Malapa, Bakang Modimo lo le Karolo ya Phuthego ya Gagwe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Batsadi, Tlamelang ba Malapa a Lona
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2002
km 6/02 ts. 1

A o “Batla” go Thusa ba Bangwe?

1 Ruri Jesu o ne a amega ka batho ba bangwe. Fa molepero mongwe a ne a mo kopa thuso, Jesu o ne a otlolola lebogo a ama monna yono mme a re: “Ke a batla. Ntlafala.” (Mar. 1:40-42) Re ka etsa boikutlo jwa ga Jesu jwa go thusa ba bangwe ka ditsela dife?

2 Batho ba ba Kgatlhegang: Mongwe le mongwe mo phuthegong o na le seabe sa go thusa batho ba ba kgatlhegang gore ba nne baobamedi ba ga Jehofa. Fa batho ba basha ba tla dipokanong, ba dumedise mme o ba ikitsise. Batla ditsela tse o ka ba kgothatsang ka tsone. Ba akgolele dikakgelo tsa bone. Ba bontshe gore o anaanela boiteko jwa bone jwa go dirisa melaometheo ya Baebele mo matshelong a bone. Ba thuse go bona gore ba ka kgona go nna le ditsala tsa boammaaruri mo phuthegong.

3 Badumedimmogo le Rona: “Ba ba amanang le rona mo tumelong” ke bone ba segolobogolo ba tlhokang gore re ba thuse ka ditsela tse di farologaneng. (Bagal. 6:10) Ba le bantsi ba lwantshana le mathata a botsogo. Ka go etela ba bangwe le go ba kgothatsa, o ka dira gore ba ipelele bolekane jo bo molemo gongwe le go ba thusa gape ka ditsela tse dingwe tse di mosola. Bangwe ba ka tswa ba lebane le mathata a mangwe mo botshelong. Ba bontshe gore o amega ka bone ka go ipha nako ya go ba reetsa le go ba kgothatsa. (1 Bathes. 5:14) Bagolwane le bone ba tlhoka tirisanommogo ya rona fa ba ntse ba diragatsa maikarabelo a bone. (Baheb. 13:17) Ka go bontsha moya wa go iketleeletsa le go thusa re ka nna ‘thuso e e nonotshang’ mo badumedingmmogo le rona.—Bakol. 4:11.

4 Maloko a Lelapa: Re tshwanetse gore gape re etse sekao sa ga Jesu sa go amega ka ba bangwe fa re dirisana le ba lelapa la rona. Go amega thata ga batsadi go ba tlhotlheletsa gore ba tswelele ‘ba godisetsa bana ba bone mo kotlhaong le mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa.’ (Baef. 6:4) Bana le bone ba diragatsa seabe sa bone ka go ipaakanyetsa thuto ya lelapa go sa le gale, dipokano tsa phuthego le tirelo ya tshimo. Bana ba ba godileng ba ka bontsha kutlwelobotlhoko e Jesu a nang le yone ka go thusa batsadi ba bone go lebana ka katlego le mathata a a tlisiwang ke botsofe. Rotlhe re ka ‘itlwaetsa boineelo jwa bomodimo mo go ba ntlo [ya rona]’ ka ditsela tseno le tse dingwe.—1 Tim. 5:4.

5 Fa re etsa sekao sa ga Jesu sa go thusa ba bangwe, re ka nna ra kgona go ba fokoletsa mathata le go dira gore lelapa la rona le phuthego di atamalane thata. Se se botlhokwa le go feta tsotlhe ke gore re tla bo re tlotla Jehofa, “Rara wa mautlwelobotlhoko a manana.”—2 Bakor. 1:3.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela