Thulaganyo e Ntšha ya Kopano ya Potologo
1 Gore re kgone go ema re nitame mo lefatsheng leno le le sa tlhomamang, re tshwanetse go ikanya Jehofa. Re dira seno jang mo botshelong jwa rona jwa letsatsi le letsatsi? Go ikanya Jehofa go ama jang botshelo jwa rona le jwa malapa a rona? Go re thusa jang go emelana le tlhotlheletso ya lefatshe la ga Satane? Thulaganyo ya kopano ya potologo ya ngwaga wa tirelo wa 2003 e araba dipotso tseno. Setlhogo sa yone sa re “Ikanye Jehofa Mme o Dire Molemo.”—Pes. 37:3.
2 Ga re a tshwanela go ikanya Jehofa ka dinako dingwe tse di kgethegileng fela kgotsa fa re le mo mathateng. Re tshwanetse go mo ikanya mo botshelong jwa rona jwa letsatsi le letsatsi. Seno se gatelelwa mo puong e e simololang ya setlhogo se se reng, “Ikanyeng Jehofa ka Dinako Tsotlhe.” (Pes. 62:8) Dipuo di le nnè tsa neeletsano tsa setlhogo se se reng “Go Bontsha Gore re Ikanya Jehofa,” di tla re bontsha ka fa re ka bonang le go dirisa tshedimosetso e e theilweng mo Baebeleng ka gone, e e tla re thusang go aga lenyalo le le itumetseng, go rarabolola mathata a a tsogang mo malapeng a rona le ka fa re ka nnang le dilo tse re di tlhokang ka gone.
3 Lefatshe la ga Satane le leka go dira gore re nne le pono e e sokameng ya se se molemo le se se bosula le go dira gore re se ka ra lemoga dilo tse di botlhokwa le tse di seng botlhokwa. (Isa. 5:20) Puo e e reng “Itise Kgatlhanong le Dilo Tsa Lefela Tsa Botshelo” le e e reng “Ilang se se Bosula—Nnang Badiri Ba se Se Molemo,” di tla nonotsha boikemisetso jwa rona jwa go tshela ka ditekanyetso tse di kwa godimo tsa ga Jehofa.—Amos. 5:14.
4 Fa Jehofa a fedisa tsamaiso e e boikepo ya gone jaanong ya dilo, batlhanka ba Modimo ba tla tshwanelwa ke go mo ikanya ka botlalo. Seno se gatelelwa mo puong ya phatlhalatsa ya setlhogo se se reng, “Re Gaufi le go Gololwa mo Mathateng a Lefatshe.” Morago ga moo, re tla kopiwa gore re itshekatsheke mo puong ya setlhogo se se reng, “A o Tla Kaiwa o Tshwanelwa ke go Tsena mo Bogosing Jwa Modimo?” Thulaganyo e tla konelwa ka setlhogo se se reng, “Ikanye Ditsholofetso Tsa ga Jehofa.”
5 Sengwe se se tlhomologileng mo kopanong nngwe le nngwe ke puo ya kolobetso. Mongwe le mongwe yo o eletsang go kolobediwa o tshwanetse go bolelela molebedi yo o okamelang ka bonako jo bo kgonegang gore go dirwe dithulaganyo tse di tlhokegang.
6 Mo dinakong tseno tse di sa tlhomamang, Jehofa ke ene fela motho yo re ka mo ikanyang le yo o ka re thusang go nna re nitame. (Pes. 118:8, 9) E kete rotlhe re ka mo ikanya ka tsela e e nonofileng ka go nna teng mo thulaganyong yotlhe ya kopano ya potologo.