Go Solegelwa Molemo ka Botlalo ke Kopano ya Kgaolo ya “Baboledi ba ba Tlhoafetseng ba Bogosi”
1 Thulaganyo e e Tlhotlheletsang: A bo re ile ra itumelela thulaganyo e e tlhotlheletsang jang ne kwa kopanong ya rona ya kgaolo ya bosheng! Re ne re kokoane ka boikaelelo bo le bongwe fela jwa gore re tlhomelelwe sentle go bolela Bogosi Jwa Modimo ka tlhoafalo. A o gakologelwa kafa sebui sa ntlha se neng sa tlhalosa polelwana “go bolela” ka gone? A o gakologelwa gore ke patlisiso efe e re neng ra kgothalediwa go e dira mo puong ya setlhogo se se reng “Se Boifeng ka lo Itse Gore Jehofa O na Le Rona”? Ke dipolelo dife tsa botshelo tse o setseng o di sekasekile go fitlha jaanong?
2 Dipuo tsa neeletsano tsa setlhogo se se reng “Boleng Jwa Tumelo ya Rona bo Lekwa ka Diteko Tse di Farologaneng” di ne tsa re naya mabaka a mararo a konokono a go bo Jehofa a letlelela pogiso. A o ka tlhalosa gore ke afe? Ke mabaka afe a Dikwalo a a dirang gore re boloke boitlhaodi jwa Bokeresete? Re ne ra kgothalediwa go dira eng gore re ipaakanyetse mathata a a ka nnang gone ka ntlha ya boitlhaodi jwa rona? Diteko tse re di itshokelang ka boikanyegi di baka Jehofa jang?
3 Ke dipono dife mo terameng ya “Ema o Nitame mo Dinakong Tsa Matshwenyego” tse segolobogolo di go nonotshitseng? Re ka tshwana jang le Jeremia?
4 Puo ya phatlalatsa e e reng, “Seemo sa Lefatshe Leno se a Fetoga,” e ne ya tlhalosa gore ke diphetogo dife tse dikgolo tse di sa ntseng di larile kwa pele le tse di tla isang kwa letsatsing le legolo le le le boitshegang la Modimo? Fa o ne o ntse o reeditse puo e e konelang e e reng, “Totang mo Ditirong Tse di Molemo Jaaka Baboledi ba ba Tlhoafetseng ba Bogosi,” o ne wa amanya jang tshedimosetso eno le bodiredi jwa gago?
5 Dintlha Tsa Konokono Tse Re ka Di Dirisang: Jaaka go tlhalositswe mo puong e e reng “Itshupeng Lo na Le Tebogo,” re ka bontsha jang gore re leboga Jehofa go tswa pelong? Mo puong ya setlhogo e e reng, “Baboledi ba Bogosi ba Bolela ka Tlhoafalo,” re ne ra kgothalediwa go etsa tlhoafalo ya ga mang? Re ne ra kopiwa go itshekatsheka jang?
6 Dipuo tsa neeletsano tsa setlhogo se se reng “Boporofeti Jwa ga Mika bo re Nonotsha Gore re Tsamaye ka Leina la ga Jehofa,” di ne tsa gatelela dilo dife tse tharo tse re tshwanetseng go di dira gore re amogelwe ke Jehofa? A re ka kgona go di fitlhelela? (Mik. 6:8) Go ya ka puo e e reng “Nna o Itshekile ka go Dibela Pelo ya Gago,” re ka ipoloka re itshekile mo boitsholong ka ditsela dife? Ke dikarolo dife tse puo e e reng “Itise Kgatlhanong le Tsietso” e neng ya re tlhagisa mo go tsone gore re se ka ra tsiediwa le gore re se ka ra tsietsa ba bangwe?
7 Ke dintlha dife tse di molemo go tswa mo dipuong tsa neeletsano tsa setlhogo se se reng “Baboledi ba Bogosi ba ba Galaletsang Bodiredi Jwa Bone” tse o setseng o simolotse go di dirisa mo bodireding jwa gago? Mo puong e e reng “Go Tlotla ka Dilo Tsa Semoya go a Aga” go ne ga sekasekwa Bafilipi 4:8. Temana eo e re thusa jang go dira gore metlotlo ya rona e nne ya semoya mme re tshwanetse go dira seo leng?
8 Puo e e reng “Ikanye Jehofa ka Botlalo mo Dinakong Tsa Matshwenyego” e ne ya tlotla kafa re ka itshokelang ka gone ditiragalo tsa masetlapelo, mathata a tsa itsholelo, bolwetse, mathata a lelapa le makoa a a sa kgaotseng. Re ka bontsha jang gore re ikanya Jehofa fa re lebane le maemo ano?
9 Matlotlo a Masha a Semoya: Re ne ra itumelela go amogela buka e ntšha e e reng Obamela Modimo yo o Esi wa Boammaaruri. Kitsiso e e neng e tlhalosa boikaelelo jwa buka eno e ne ya go ama jang? Ke ka ntlha yang fa e tlile go re thusa thata mo tirong ya rona ya go dira barutwa fa re e dirisa go nna buka ya bobedi e e ithutiwang?
10 Morago ga moo re ne ra amogela buka e ntle ya Atamalana le Jehofa. Dingwe tsa dikarolo tsa yone tse di kgethegileng ke dife? Ke ditshwantsho dife tse o di ratang thata? A go e bala go go thusitse go atamalana le Jehofa? Ke bomang gape ba e ka ba solegelang molemo?
11 Kopano ya Kgaolo ya “Baboledi ba ba Tlhoafetseng ba Bogosi” e re kgothaditse sentle semoyeng gore re lebane le dinako tseno tse di thata. Gore re solegelwe molemo ka botlalo ke thulaganyo eno ya semoya e e tlhomologileng, a re direng bojotlhe go gakologelwa se se neng sa buiwa, re anaanele se re se amogetseng re bo re dirise se re se ithutileng. (2 Pet. 3:14) Go dira jalo go tla re thusa gore re nne re ntse re thokgame le gore re nne baboledi ba ba tlhoafetseng ba Bogosi re etsa Morena wa rona Jesu Keresete gore Jehofa a galalediwe.—Bafil. 1:9-11.