LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 12/02 ts. 1
  • Akanyetsa Batho ba ba Godileng ba ba Ikanyegang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Akanyetsa Batho ba ba Godileng ba ba Ikanyegang
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2002
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Jehofa o Tlhokomela Batlhanka ba Gagwe ba ba Tsofetseng ka Lorato
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Tsaya Bakeresete ba ba Godileng ba le Botlhokwa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2021
  • Re ka Tswelela re Itumetse Le fa Re Tsofetse
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2025
  • Go Direla Jehofa Pele ga Malatsi a Masetlapelo a Goroga
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2002
km 12/02 ts. 1

Akanyetsa Batho ba ba Godileng ba ba Ikanyegang

1 Le fa Ana yo o neng a na le dingwaga di le 84 e ne e le motlholagadi e bile a tsofetse, ‘o ne a se ke a tlhokega mo tempeleng le ka motlha.’ Tsela e a neng a ikanyega ka yone e ne ya dira gore Jehofa a mo segofatse ka tsela e e kgethegileng. (Luke 2:36-38) Gompieno, bakaulengwe le bokgaitsadi ba bantsi ba bontsha moya o o tshwanang le wa ga Ana le fa ba lebane le mathata. Fa batho ba ba ntseng jalo ba ba ikanyegang ba lebane le mathata a botsogo kgotsa ba sa kgone go dira dilo dingwe ka ntlha ya botsofe, ka dinako tse dingwe ba ka nna ba ikutlwa ba kgobegile marapo. A re sekasekeng ditsela dingwe tse di mosola tse re ka ba kgothatsang ka tsone le go ba thusa go nna le thulaganyo e e molemo ya go dira dilo tsa semoya.

2 Dipokano le Bodiredi: Fa ba bangwe ba ithaopa ka lorato go thusa ka dipalangwa, go tla nna motlhofo gore batho ba bantsi ba ba godileng ba ba ikanyegang ba nne teng mo dipokanong tsa Bokeresete ka metlha. Seno se kgothatsa semoyeng batlhanka bano ba ba sa bolong go ikanyega mme gape se solegela phuthego molemo. A o kile wa nna le seabe mo tirong eno e e molemo?—Baheb. 13:16.

3 Go nna le seabe ka metlha mo bodireding go tlisetsa Bakeresete ba boammaaruri boipelo le kgotsofalo. Mme go ka nna ga se ka ga nna motlhofo gore batho ba ba godileng le ba ba bokoa ba dire jalo. A o ka tsamaya le mongwe wa bano ba ba rategang e le “modirimmogo” mo karolong nngwe ya go rera? (Bar. 16:3, 9, 21) Gongwe o ka mo kopa gore a dire le wena fa lo neela bosupi ka founo kgotsa gore a tsamaye le wena kwa loetong lwa go boela kgotsa kwa thutong ya Baebele. Fa motho yo o godileng a sa kgone go tswa mo ntlong ka ntlha ya bokoa, a motho yo o ithutang Baebele a ka tla kwa legaeng la gagwe go tla go ithutela teng?

4 Go Ithuta le go Tsalana Mmogo: Ka dinako tse dingwe bangwe ba laletsa motho yo o godileng kgotsa yo o bokoa gore a nne le bone mo thutong ya bone ya lelapa, kgotsa ba tshwarele thuto kwa legaeng la gagwe. Mmè mongwe o ne a ya le bana ba gagwe ba bannye kwa legaeng la kgaitsadi mongwe yo o godileng go ya go ithuta Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela le bone, mme botlhe ba ne ba kgothadiwa ke go nna mmogo. Batho bano ba ba godileng gape ba itumelela go lalediwa dijong kgotsa moletlo mongwe fela wa go itlosa bodutu. Fa batho ba ba lwalang ba le bokoa thata gore re ka nna nako e telele fa re ba etetse, gongwe o ka ba founela kgotsa wa fapogela ka bokhutshwane fela kwa legaeng la bone, go ba balela sengwe, go rapela le bone kgotsa go ba tlotlela maitemogelo mangwe a a kgothatsang.—Bar. 1:11, 12.

5 Jehofa o rata batho ba ba godileng ba ba ikanyegang. (Baheb. 6:10, 11) Re ka mo etsa ka go ba bontsha gore re a ba anaanela le ka go ba thusa go nna le thulaganyo e e molemo ya go dira dilo tsa semoya.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela