LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 3/03 ts. 1
  • Jehofa o Tshwanelwa Thata ke go Bakwa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jehofa o Tshwanelwa Thata ke go Bakwa
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Nnang lo Dire Seno E le Go Nkgopola”
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
  • Go ya Dipokanong go Bontsha Eng ka Rona?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2019
  • Thusa ba Bangwe go Solegelwa Molemo ke Thekololo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2006
  • Tlhoafalela se se Molemo!
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
km 3/03 ts. 1

Jehofa o Tshwanelwa Thata ke go Bakwa

Sejo sa Morena sa Maitseboa se se Tshwanetseng go Ketekwa ka April 16

1 Re ya re lebile pele ka tlhoafalo e kgolo fa re ntse re atamela April 16, 2003. Mo bosigong joo re tla bo re gopola loso lwa ga Jesu, re galaletsa leina la ga Jehofa mmogo le dimilionemilione tsa baobamedi mmogo le rona lefatshe ka bophara. Jehofa o tshwanelwa ke gore re mmake thata ka ntlha ya mpho ya gagwe e e molemolemo ya thekololo. Ka yone o tlile go naya batho botlhe ba ba kutlo masego a a gakgamatsang. Re tlhaeletsa jaana ka pelo yotlhe le mopesalema: “Jehofa o mogolo e bile o tshwanelwa thata ke go bakwa.”—Pes. 145:3.

2 Eno ke nako ya gore re tlhatlhanye ka tsela e Modimo a nnileng molemo ka yone le kafa re tshwanetseng go mo leboga ka gone go bo a rometse “Morwawe yo o tsetsweng a le esi mo lefatsheng gore re bone botshelo ka ene.” (1 Joh. 4:9, 10) Re bontsha kutlo ka go keteka Sejo seno sa Maitseboa sa Morena mme seno se gatelela mo dipelong tsa rona gore “Jehofa o pelontle e bile o kutlwelobotlhoko, . . . gape o na le bopelonomi jo bogolo jwa lorato.” (Pes. 145:8) Ee ruri, thekololo ke tsela e kgolo thata e Jehofa a bontshang ka yone gore o rata setho sotlhe. (Joh. 3:16) Fa re akanya ka lorato lwa Modimo e bile re tlhatlhanya ka botshelo jwa ga Jesu jwa go boloka bothokgami ka boikanyegi, re tlhotlheletsega go baka Jehofa. Re tla mmaka go ya go ile ka ntlha ya lorato lwa gagwe lo logolo thata lo a lo bontshitseng ka go dira gore re bone botshelo jo bo sa khutleng.—Pes. 145:1, 2.

3 Thusa ba Bangwe go Baka Jehofa: Fa re anaanela mpho eno ya Modimo e e di gaisang tsotlhe ya thekololo re tla tlhotlheletsega go laletsa ba bangwe gore ba bake Jehofa mmogo le rona. Mopesalema o ne a tlhotlhelediwa go kwala jaana: “Ba tla bua ka matlhagatlhaga ka letlotlo la molemo wa gago, mme ba tla goa ka boipelo ka ntlha ya tshiamo ya gago.” (Pes. 145:7) Ngogola fela, Basupi ba ga Jehofa lefatshe ka bophara ba ne ba dirisa diura tse di fetang di le bilione mo tirong ya go rera. Maiteko a bone a ne a felela ka eng? Beke le beke go ne ga kolobediwa palogare ya batho ba feta 5 100, e le fa ba bontsha go ineela ga bone mo go Jehofa. Fa re leba palogotlhe ya batho ba le 15 597 746 ba ba neng ba le teng mo Segopotsong, go akaretsa le ba ba fetang dimilione di le 9 ba ba iseng ba simolole go baka Jehofa e le baboledi ba dikgang tse di molemo, go sa ntse go ka direga thata gore re gole go feta fa! Rona baboledi ba Bogosi, re itumelela tshiamelo e re nang le yone ya go bolela dikgang tse di molemo le go retolosetsa dipelo tsa ba bangwe kwa go Jehofa, Morwawe le Bogosi.

4 Tsela nngwe e e molemo thata e re ka kgothaletsang ba bangwe ka yone gore ba tlotle Jehofa ke ka go ba laletsa gore ba tle go keteka le rona Sejo sa Morena sa Maitseboa. A o dirile lenaane la botlhe ba o batlang go ba laletsa le ba bangwe ba ba tla tlhokang go gakololwa letsatsi le nako? A o setse o laleditse botlhe ba ba mo lenaaneng la gago? Fa e le gore ga o ise o ba laletse, dira jalo mo nakong e e setseng. Ba thuse go tlhaloganya boikaelelo jwa mokete ono. Fa o le kwa Segopotsong, nna o siametse go dumedisa baeng. Dira gore ba ikutlwe ba amogetswe, ba itsise mo go ba bangwe, o bo o ba akgolele go nna teng.

5 Go nna teng kwa Segopotsong go ka tlhotlheletsa ba ba sa tswang go kopanela gore ba gatele pele semoyeng. Moithuti mongwe wa Baebele yo o nang le bothata jwa go ngomoga pelo, e leng bothata jo bo dirang gore a ketefalelwe ke go tswa go ya go kopana le batho ba bangwe, o ne a tla Segopotsong. E ne ya re fa a bodiwa gore o ne a ikutlwa jang ka pokano eno, o ne a re: “E ne e le bosigo jo bo boitshepo go a gaisa otlhe, mme ke ne ke le teng.” Fa e sa le ka nako eo, o ne a simolola go tla dipokanong.

6 Morago ga Segopotso: Go ka dirwang go thusa batho bano ba ba kgatlhegang gore ba bake Jehofa? Bagolwane ba tla ela tlhoko batho ba basha ba ba tlileng Segopotsong ba bo ba dire dithulaganyo tsa gore baboledi ba ba tshwanelegang ba ba etele ka bonako morago ga Segopotso go ya go tlotla le bone ka dilo tse di lapolosang tse ba di ithutileng le tse ba di boneng. Bangwe ba ka nna ba rata go nna le thuto ya legae ya Baebele. Gape ba tshwanetse go lalediwa gore ba tle mo dipokanong tsotlhe tsa phuthego tsa beke le beke, ka gonne go nna teng ka metlha mo go tsone go ka oketsa kitso ya bone ya Baebele.

7 Go dirwa dithulaganyo tsa go kgothaletsa botlhe ba ba sa tsweng ka metlha le ba ba tsidifetseng gore ba tle dipokanong ka metlha. Fa bagolwane ba go kopa gore o thuse motho yo o tsidifetseng gore a simolole go nna le seabe gape mo tirelong ya tshimo, nna o siametse go thusa. Go bontsha go amega jalo ka lorato ka bakaulengwe ba rona ke go dira tumalanong le kgothatso eno ya ga moaposetoloi Paulo: “Fa fela re sa ntse re na le nako e e go dumelelang, a re direng se se molemo mo go botlhe, mme segolobogolo mo go ba ba amanang le rona mo tumelong.”—Bagal. 6:10.

8 E kete rotlhe re ka dira boiteko jo bo kgethegileng gore re nne teng kwa Segopotsong ka April 16. Ga re batle tiragalo eno e e boitshepotshepo ya go baka Jehofa e re fosa. Ee, gone jaanong le go ya bosakhutleng, a re bakeng Jehofa ka ntlha ya ditiro tsa gagwe tse dikgolo!—Pes. 145:21.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela