LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 10/03 ts. 3-4
  • Go Phuthega Mmogo Gore re Bake Jehofa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Phuthega Mmogo Gore re Bake Jehofa
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Baka Jehofa mo Phuthegong e Kgolo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
  • Dikopano Tsa Kgaolo Tsa 1999 Tsa “Lefoko la Modimo la Boporofeti”
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1999
  • “A re Godiseng Leina la Gagwe Mmogo”
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2004
  • Nnang lo Lebeletse mo go Jehofa
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2006
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
km 10/03 ts. 3-4

Go Phuthega Mmogo Gore re Bake Jehofa

1. Setlhogo sa kopano sa reng, mme ke ka ntlha yang fa Jehofa a tshwanelwa ke gore re mmake?

1 Jehofa o maatla otlhe, o na le botlhale jo bo ka se kang jwa hukutsega, o itekanetse mo tshiamisong e bile ene ka boene ke lorato. E re ka e le ene Mmopi, Moneibotshelo le Molaodimogolo wa Lobopo Lotlhe, ke ene fela a tshwanelwang ke gore re mo obamele. (Pes. 36:9; Tshen. 4:11; 15:3, 4) Kopano ya Ditšhabatšhaba le ya Kgaolo ya “Nayang Modimo Kgalalelo” e tla nonotsha maikemisetso a rona a go mmaka jaaka e le ene Modimo yo o esi wa boammaaruri.—Pes. 86:8-10.

2, 3. Go rulaganya dilo sentle go tla re thusa jang gore re solegelwe molemo ka botlalo?

2 Re Tlhoka go Rulaganya Dilo Sentle: Gore re tle re solegelwe molemo ka botlalo ke mokete wa semoya o Jehofa a re o baakanyeditseng, re tlhoka go rulaganya dilo sentle. (Baef. 5:15, 16) A o feditse go rulaganyetsa marobalo, sepalangwa, le go ikopa kwa tirong kgotsa kwa sekolong? O se ka wa tlogela dintlha tseno tsa botlhokwa go fitlha go setse go le thari. Fa o diegela go ikopa o ka nna wa fetwa ke karolo nngwe ya thulaganyo eno e e itumedisang. Rotlhe re tshwanetse ra nna teng mo dikarolong tsotlhe tsa thulaganyo go tloga fa kopano e simolola. Go tweng fa mothapi wa gago a sa batle go go fa nako ya go ya kopanong? Gongwe se se ka thusang gore a dumele ke fa o ka tlhalosa gore thuto e re e newang kwa dikopanong tsa rona e re thusa go nna badiri ba ba ikanyegang le ba ba tlhoafetseng. A go na le bangwe mo phuthegong ya ga lona ba ba ka tlhokang thuso gore ba ye kopanong? Bagolwane le ba bangwe mo phuthegong ba tshwanetse ba itse dilo tse di kgethegileng tse di tlhokwang ke batho ba ba tsofetseng le ba ba golafetseng.

3 Ipeele mokgele wa gore o goroge go sa le gale kwa lefelong la kopano letsatsi le letsatsi. Seo se tla go thusa gore o bo o ntse sentle mo setulong pele ga pina e e simololang, mme o tla kgona gore o bo o le mo seemong se se siameng sa mogopolo gore o amogele thuto e e newang. Dikgoro di tla bulwa ka 6:30 a.m. letsatsi le letsatsi. Tsweetswee o se ka wa beela ope ditulo fa e se ba o tsamayang le bone fela.

4. Ke ka ntlha yang fa go kopiwa gore rotlhe re tle re tshwere dijo tsa motshegare kwa kopanong?

4 Go kopiwa gore botlhe ba itlele dijo tsa motshegare go na le gore ba tlogele lefelo la kopano ba ya go reka dijo ka nako ya boikhutso. Fa lo tsamaisana le thulaganyo eno go tla nna le maemo a a ritibetseng le nako e e oketsegileng ya gore lo tlotle le badumedi ka lona. (Pes. 133:1-3) Tsweetswee gakologelwang gore dilwana tsa galase le dino tse di tagang ga di a letlelelwa mo mafelong a kopano.

5. Re ka simolola jang go baakanya dipelo tsa rona re di baakanyetsa kopano?

5 Reetsa O bo O Ithute: Esera o ne a baakanya pelo ya gagwe ka tlhoafalo gore e amogele lefoko la Modimo. (Esera 7:10) O ne a sekamisetsa pelo ya gagwe gore e reetse dithuto tsa ga Jehofa. (Dia. 2:2) Re ka simolola go baakanya dipelo tsa rona re di baakanyetsa kopano le pele re tswa mo gae ka go tlhatlhanya ka setlhogo sa kopano le go tlotla ka sone le ba lelapa la rona.

6. Ke eng se se ka re thusang gore re nne re tlhomile mogopolo mo kopanong? (Bona lebokose.)

6 Mo holong e kgolo go ka nna le dilo tse dintsi tse re di bonang le tse re di utlwang tse di ka re itayang tsebe. Go motlhofo fela gore dilo tse di ntseng jalo di fapose megopolo ya rona mo sebuing. Fa seo se direga, re latlhegelwa ke tshedimosetso ya botlhokwa. Dikakantsho tse di mo lebokoseng le le fa godimo di ka re thusa go tokafatsa tsela e re tlhomang mogopolo ka yone.

7, 8. Re ka bontsha jang gore re amega ka batho ba bangwe, mme kopano ya lona e simolola le go konela ka nako mang? (Bona lebokose.)

7 Akanyetsa ba Bangwe: Dikhamera le dikhamera tsa bidio di ka dirisiwa mo kopanong, mme gore di se ka tsa itaya ba bangwe tsebe, di dirise fela o le mo setulong sa gago. Difouno tsa selula le di-pager di tshwanetse go timiwa gore di se ka tsa itaya ba bangwe tsebe. Ga go na ope yo o tshwanetseng go gokelela didirisiwa tsa gagwe mo tsamaisong ya kopano ya motlakase kgotsa ya digodisamantswe.

8 A bo re lebeletse pele jang ne go phuthega mmogo gore re bake Jehofa! E kete re ka ititaya sehuba gore re mo galaletse ka go nna teng mo thulaganyong yotlhe, ka go reetsa ka tlhoafalo le ka go dirisa se re se ithutang.—Dute. 31:12.

[Box on page 3]

Go Reetsa Kwa Dikopanong

▪ Akanya ka ditlhogo tsa dipuo

▪ Bula ditemana tse di umakiwang

▪ Tsaya dintlha ka bokhutshwane

▪ Ela tlhoko dintlha tse o tlhokang go di dirisa

▪ Boeletsa se o se ithutang

[Box on page 4]

DINAKO TSA DIKOPANO

Kopano ya ditšhabatšhaba:

Labone 1:20 p.m. – 4:50 p.m.

Labotlhano 9:00 a.m. – 3:55 p.m.

Matlhatso 9:00 a.m. – 3:40 p.m.

Sontaga 9:00 a.m. – 3:45 p.m.

Kopano ya kgaolo:

Labotlhano le Matlhatso 9:00 a.m. – 4:10 p.m.

Sontaga 9:00 a.m. – 3:15 p.m.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela