“A re Godiseng Leina la Gagwe Mmogo”
1. Ke tshono efe ya go godisa leina la Modimo mmogo e re tla nnang le yone, mme re ka dira eng gone jaanong go ipaakanyetsa seo?
1 Mopesalema o ne a opela jaana: “Godisang Jehofa le nna, a re godiseng leina la gagwe mmogo.” (Pes. 34:3) Kopano ya rona ya Kgaolo e e tlang ya setlhogo se se reng, “Tsamaya le Modimo” e tla re naya tshono ya go godisa leina la ga Jehofa mmogo le bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba ba tswang mo diphuthegong tse di farologaneng. A o setse o dirile dithulaganyo tsa marobalo, sepalangwa le tsa gore o newe malatsi kwa tirong ya boitshediso gore o kgone go ya kopanong? Re tla bo re le botlhale fa re dira dithulaganyo tseno nako e sa ntse e le teng.—Dia. 21:5.
2. Ke ka ntlha yang fa go le molemo gore re rulaganyetse go fitlha kwa lefelong la kopano go sa le gale?
2 Fa re Fitlha Kwa Lefelong la Kopano: Go na le dilo di le dintsi tse re tshwanetseng go di ela tlhoko fa re ya kopanong. Go tsamaya go sa le gale go tla re thusa gore re kgone go lebana le maemo le fa e ka nna afe a a ka dirang gore re diege mo tseleng mme re tla fitlha ka nako gore re kgone go bona manno ka nako le go nna le seabe ka pelo yotlhe mo pineng e e simololang le thapelo. (Pes. 69:30) Metsotso e se kae pele ga thulaganyo e simolola, modulasetulo o tla bo a dutse kwa seraleng fa go ntse go lediwa dipina tsa Bogosi. Rotlhe re tshwanetse go nna mo mannong a rona ka nako eo e le gore lenaneo le simolole ka tsela e e nang le seriti.—1 Bakor. 14:33, 40.
3. Re ka bontsha jang go akanyetsa ba bangwe fa re batla manno?
3 Lefoko la Modimo le re gakolola gore ‘merero ya rona yotlhe e diragale ka lorato.’ (1 Bakor. 16:14) Fa dikgoro di bulwa kwa kopanong, go akanyetsa ba bangwe go tla dira gore re se ka ra taboga, ra itlhaganela kgotsa ra kgarametsa ba bangwe e le gore re fitlhe kwa mannong a re a batlang pele ba bangwe ba fitlha kwa go one. Manno a ka bolokelwa fela ba o tsamayang le bone mo koloing ya gago kgotsa ba o nnang le bone kwa lapeng.—1 Bakor. 13:5; Bafil. 2:4.
4, 5. (a) Go dirilwe dithulaganyo dife tsa nako ya boikhutso, mme seno se tla re solegela molemo jang? (b) Ke ka ntlha yang fa go le molemo go itse dinako tse lenaneo le tla simololang ka tsone?
4 Tsweetswee itlele le dijo tsa motshegare go na le gore o tswe mo lefelong la kopano go ya go reka dijo ka nako ya boikhutso. Seno se tla thusa botlhe gore ba itumelele go nna le metlotlo e e agang le gore ba bo ba le teng fa lenaneo la thapama le simolola. Fa go tlhokega, lo ka dirisa khulara e nnye e lo ka kgonang go e baya kafa tlase ga setulo. Dikhulara tse di tona tse gantsi di dirisediwang dipikiniki di tshwanetse go bewa kwa batlhokomedi ba laelang gore di bewe teng. Dilwana tsa galase le bojalwa ga di a letlelelwa mo mafelong a kopano.
5 Tsweetswee ela tlhoko dinako tse lenaneo le tla simololang ka tsone go go thusa gore o kgone go rulaganya dilo sentle: Labotlhano le Matlhatso: 9:00 a.m.–4:10 p.m.; Sontaga 9:00 a.m.–3:15 p.m.
6. Re ka baakanyetsa jang dipelo tsa rona tao e re tla e amogelang?
6 Re Letetswe ke Letlepu la Dijo Tsa Semoya: Kgosi Jehoshafate le ene o ne a “baakantse pelo ya [gagwe] gore e batle Modimo wa boammaaruri.” (2 Ditir. 19:3) Re ka baakanya jang dipelo tsa rona pele ga kopano? Ditlhogo tse di mo tsebeng ya bofelo ya makasine wa Tsogang! ya May 8 le wa June 8, (ka Seesemane) di re neela maoko a letlepu la dijo tsa semoya tse re tlileng go di amogela. Ke ka ntlha yang fa o sa iphe nako ya go leba ditlhogo tseno go lebelela pele se Jehofa a re beetseng sone? Gape go baakanya dipelo tsa rona go akaretsa go kopa Jehofa gore a re thuse gore re tlhaloganye ditaelo tse re tla di newang mme re di dirise.—Pes. 25:4, 5.
7. Keletso ya rona ke efe, mme ka ntlha yang?
7 Rotlhe re eletsa go ithuta mo go oketsegileng mo Lefokong la Modimo, ka gonne re lemoga gore ka lone re ka gola go ya polokong. (1 Pet. 2:2) Ka jalo, a re nneng gone mo Kopanong ya rona ya Kgaolo ya “Tsamaya le Modimo” mme re ‘godiseng leina la ga Jehofa mmogo.’—Pes. 34:3.
[Box on page 3]
Ditsela Tse o ka Godisang Leina la Modimo ka Tsone
◼ Rulaganya go sa le gale
◼ Bontsha ba bangwe lorato
◼ Baakanya pelo ya gago