LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 6/03 ts. 1
  • Go Rera mo Lefatsheng le le Fetofetogang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Rera mo Lefatsheng le le Fetofetogang
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dirisa Ditiragalo Tsa Bosheng go Tsosa Kgatlhego
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2000
  • Ditsela Tsa go Tokafatsa Tsela ya Rona ya go Rera ka Bogosi
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1994
  • Bontsha Batho Gore O a Ba Kgatlhegela—Ka go Baakanyetsa
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2006
  • A o Iketleeditse go Fetoga?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2013
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
km 6/03 ts. 1

Go Rera mo Lefatsheng le le Fetofetogang

1 A bo dilo di kgona go fetoga ka bonako jang ne! Ka tshoganyetso fela batho ba ka simolola go bua thata ka masetlapelo mangwe a tlholego, mathata a ikonomi, kgotlhang ya bopolotiki, kgotsa tiragalo nngwe fela e e tlhomolang pelo e e phasaladitsweng thata. Mme ka bonako fela ba ka lebisa tlhokomelo ya bone go sele gape. (Dit. 17:21; 1 Bakor. 7:31) Mo lefatsheng leno le le fetofetogang, re ka gapa kgatlhego ya batho jang gore re kgone go ba naya molaetsa wa Bogosi?

2 Lemoga Dilo Tse Batho ba Tshwenyegileng ka Tsone: Tsela e nngwe ya go gapa kgatlhego ya batho ke go umaka ditiragalo tsa bosheng. Ka lekgetlho lengwe fa Jesu a ne a rotloetsa bareetsi ba gagwe gore ba tseye seemo sa bone le Modimo se le masisi, o ne a umaka masetlapelo a bosheng a ba neng ba sa ntse ba a gopola. (Luke 13:1-5) Le rona fela jalo, go ka nna molemo gore re umake dikgang dingwe tsa bosheng kgotsa kgang nngwe e e amang batho ba tshimo ya rona fa re rera dikgang tse di molemo. Le fa go ntse jalo, re tshwanetse ra ela tlhoko gore fa re tlotla ka dilo tse di tshwanang le tseo re se ka ra tsaya letlhakore mo dikgannyeng tsa bopolotiki kgotsa tsa loago.—Joh. 17:16.

3 Re ka itse jang gore batho ba akantse ka eng gone jaanong? Gongwe tsela e e molemo ke go botsa potso re bo re reetsa. (Math. 12:34) Go kgatlhegela batho go tla re rotloetsa gore re tseye tsia se ba bangwe ba se akanyang mme re botse dipotso ka botlhale gore re utlwe mo go oketsegileng. Sengwe se mong wa ntlo a se ipuelang fela se ka senola se batho ba le bantsi ba lefelo leo ba tshwenyegileng ka sone mme sa bula tsela ya go neela bosupi.

4 Go Baakanyetsa Puisano: Fa re baakanyetsa tirelo ya tshimo mo lefatsheng le le fetofetogang, re ka dirisa buka ya Go Fetolana. Dikakantsho tse di mosola malebana le kafa re ka tsenyeletsang ditiragalo tsa bosheng ka teng mo puisanong ya rona di kwadilwe mo go tsebe 10-11 kafa tlase ga setlhogwana se se reng “Bokebekwa/Pabalesego” le se se reng “Ditiragalo Tsa Bosheng.” Tshedimosetso e e tshwanang le eo e ka fitlhelwa mo kgatisong ya September 2000 ya Tirelo ya Rona ya Bogosi, mo go tsebe 3. Fa o baakanyetsa puisano ya gago, tlhomamisa gore o tsenya le temana e e tshwanelang.

5 Fa re ntse re etse tlhoko dilo tse di tshwenyang batho ba ba mo tshimong ya rona tse di ntseng di fetofetoga, re tshwanetse go dira gore puisano ya rona ka dikgang tse di molemo e tsamaisane le maemo. Ka tsela eo, re tla bua le batho ka dilo tse di ba amang tota. Ka go dira jalo, re thusa batho ba bangwe ba le bantsi gore ba itse Ene yo dinonofo le ditekanyetso tsa gagwe di sa fetogeng.—Jak. 1:17.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela