A go Tlogela Tiro go Bula Sebaka sa go Oketsa Tirelo?
1 Batho ba le bantsi ba ba dirang ka natla ba tlhoafaletse nako e ka yone ba tla tlogelang tiro ka ntlha ya bogodi ba bo ba tswa mo letsapeng le mo mathateng a tiro ya go itshedisa. Le fa go ntse jalo, gantsi fa motho a tlogela tiro, o feleletsa a sa kgatlhegele sepe, a lapisega, a bo a tsofala pele ga nako. Fa motho a se na se a se dirang a ka nnela go akanya fela ka mathata a gagwe. Lokwalodikgang longwe kwa Brazil lo ne lwa bega gore badiri ba ba neng ba direla setšhaba ba ba tlogetseng tiro, ba ne ba na le mathata a mannye a a jaaka ‘go se kgotsofale, go kgopisega motlhofo, go sa itshepe, go ikutlwa ba se na mosola, go ya go a magolo a a jaaka go tshwenyega thata mo maikutlong le go bona botshelo jwa bone bo se na bokao.’
2 Mme Bakeresete ba le bantsi bone ba leba phetogo eno ya botshelo jwa bone e le sebaka sa go oketsa tiro ya semoya. Mokaulengwe mongwe yo o neng a simolola go bula tsela dibeke di le pedi a sena go tshwara dingwaga tse 65 o ne a re: “Ruri ga ke ise ke nne le nako e e tletseng masego thata jaana mo botshelong jwa me jaaka dingwaga tse di lesome tse di fetileng ke ntse ke bula tsela.” Banyalani bangwe ba ne ba kwala jaana: “Dingwaga tsa rona tse di monate tota tsa bogodi, di simologile fa re ne re simolola go bula tsela.” Ee, batho ba le bantsi ba tsaya go tlogela tiro e le sebaka se se molemolemo sa go atolosa bodiredi jwa bone le go bona masego a magolo a a tswang kwa go Jehofa.
3 Go Nna o Tshwaregile e Bile o Dira Tiro e e Nang le Matswela: Batho ba le bantsi ba gone jaanong ba tlogetseng tiro, ba godile go se na dilo tse dintsi tse di leng teng gompieno tse di dirang gore botshelo bo nne motlhofo, tse di jaaka motlakase le tse dingwe, mme ba ithutile go dira ka thata ba sa le babotlana. Le fa ba ka tswa ba sa tlhole ba dira ka matlhagatlhaga a bosha, ba sa ntse ba dira tiro e e nang le matswela tota. Mo tshimong ya lekala lengwe, diperesente di le 22 tsa babulatsela—bakaulengwe le bokgaitsadi ba ka nna 20 000—ba na le dingwaga tse 60 kgotsa go feta. Babulatsela bano ba ba godileng ba na le seabe se segolo mo tirong ya go rera. Maitemogelo a bone le dinonofo tsa bone tsa bomodimo di nonotsha diphuthego tse ba direlang mo go tsone.—Jak. 3:17, 18.
4 Go tshwarega mo bodireding jwa Bokeresete go thusa gore motho a nne le botsogo jo bo botoka le botshelo jo bo botoka. Kgaitsadi mongwe wa dingwaga tse 84 yo o simolotseng go bula tsela a sena go tlogela tiro o ne a re: “Go nna le dithuto tse dintsi tsa Baebele le batho ba ba kgatlhegang go nthusitse gore tlhaloganyo ya me e nne e dira. Ga ke na koloi, ka jalo ke tsamaya thata. Seo se dira gore ke nne ke na le botsogo jo bontle.” Banyalani bangwe ba ba godileng ba babulatsela ba ne ba akgela jaana: “Go nna mo tirelong go re thusa gore re nne re tsogile sentle mo tlhaloganyong le mo mmeleng. Re nna re le mmogo. Re tshega thata e bile re itumelela botshelo.”
5 Go Direla Kwa go Nang le Tlhokego Gone: Bakeresete bangwe ba ba tlogetseng tiro ba ba nang le madi ba ile ba fuduga mme ba ya go direla kwa go nang le tlhokego e kgolwane ya bareri ba Bogosi gone. Ba bangwe ba ile ba atolosa bodiredi jwa bone ka go direla mo tshimong e e dirisang puo e sele. Fela jaaka moaposetoloi Paulo, baboledi bano ba ba tlhoafetseng ba “dira dilo tsotlhe ka ntlha ya dikgang tse di molemo, gore [ba tle ba] di abalane le ba bangwe.”—1 Bakor. 9:23.
6 Banyalani bangwe ba ne ba simolola go bula tsela fa ba sena go godisa barwa ba bone ba babedi. Fa ba sena go bula tsela ka dingwaga di le mmalwa, ba ne ba simolola go ithuta Se-China. Jaanong ba mo dingwageng tsa bo70, mme bosheng jaana ba ne ba itumelela go bona setlhopha sa Se-China se ba ntseng ba dira le sone se nna phuthego. A bo banyalani ba ba tshwanang le bano e nnile mpho e e molemo jang ne!
7 Ga go Tlogelwe Tiro mo Bodireding: Le fa batho ba le bantsi kgabagare ba tlogela tiro ya bone ya go itshedisa, ga go na Mokeresete ope yo o tlogelang tirelo ya Modimo ka ntlha ya bogodi. Botlhe ba tshwanetse go nna ba ikanyega “go ya bokhutlong.” (Math. 24:13, 14) Gone ke boammaaruri gore fa ba ntse ba gola ka dingwaga, bangwe ga ba kgone go dira jaaka ba ne ba dira pele mo tirelong ya ga Jehofa. Mme a bo go kgothatsa jang ne go ba bona ba dira ka pelo yotlhe se ba ka se kgonang! Lefoko la Modimo le ba tlhomamisetsa gore Jehofa ga a ne a lebala tiro ya bone le lorato lo ba lo bontshang leina la gagwe.—Luke 21:1-4; Baheb. 6:10.
8 Fa e le gore o atamela dingwaga tsa bogodi, ke ka ntlha yang fa o sa akanyetse ka thapelo gore o ka dirisa seemo sa gago se sesha ka botlalo jang? Ka thuso ya Modimo, o ka fitlhela gore go tlogela tiro go go fa sebaka sa go oketsa tiro e e bakang Jehofa e bile e tlisa masego a mantsi.—Pes. 148:12, 13.