LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 11/03 ts. 3
  • Lebokose la Dipotso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lebokose la Dipotso
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lebokoso la Dipotso
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2008
  • Bareri ba Dikgang Tse di Molemo
    Re Rulaganyeditswe go Dira Thato ya ga Jehofa
  • Go Thusa ba Bangwe go Obamela Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Thulaganyo ya Lelapa—Thuto ya Lelapa
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
km 11/03 ts. 3

Lebokose la Dipotso

◼ A thuto ya lelapa ya Baebele e tshwanetse go begwa?

Fa motsadi wa Mokeresete a tshwara thuto ya lelapa ya Baebele mme go na le bana ba ba sa kolobediwang ba ba nnang gone mo thutong eno, motsadi a ka bega fela ura e le nngwe ka beke, loeto lwa go boela lo le longwe ka beke, le thuto ya legae ya Baebele e le nngwe ka kgwedi. Go tla nna jalo le fa e le gore thuto e tshwarwa ka lobaka lo lo fetang ura e le nngwe, e tshwarwa ka makgetlhonyana mo bekeng, kgotsa ngwana mongwe le mongwe a tshwarelwa thuto ya gagwe.—Bona buka ya Bodihedi jwa Rona, ts. 104.

Fa e le gore botlhe mo gae ke Basupi ba ba kolobeditsweng, nako ya thuto ga e balwe e bile thuto eno ga e begwe jaaka tirelo ya tshimo (ntle le fa e le gore go ithutiwa buka ya bobedi le ngwana yo o sa tswang go kolobediwa). Seno ke ka gonne tota pego ya tirelo ya tshimo ya phuthego e bontsha se se dirwang mo tirong ya go rera dikgang tse di molemo le go ruta boammaaruri jwa Baebele mo bathong ba e seng batlhanka ba ga Jehofa ba ba ineetseng le go kolobediwa. (Math. 24:14; 28:19, 20) Le fa go ntse jalo, seno ruri ga se fokotse botlhokwa jwa go tshwara thuto e e ntseng jalo ka metlha.

Batsadi ba Bakeresete ke bone ba nang le boikarabelo jwa go ithuta le bana ba bone. Ba ba tlhokang thuso gore ba simolole kgotsa ba tokafatse thuto ya bone ya lelapa, ba ka kopa thuso mo bagolwaneng. Fa maemo a dira gore go tlhokege gore mmoledi yo mongwe a ithute Baebele le morwa kgotsa morwadi yo o sa kolobediwang wa lelapa la Bokeresete le le kopanelang le phuthego, go tshwanetse ga ikopanngwa le molebedi yo o okamelang kgotsa molebedi wa tirelo. Fa go dumelwa gore thuto eo e tshwarwe, yo o e tshwarang a ka e bega fela jaaka a ne a ka bega thuto epe fela ya Baebele.

Go ruta bana ditsela tsa ga Jehofa go tlhoka nako le maiteko a a fetang se se begwang mo pegong ya tirelo ya tshimo. (Dute. 6:6-9; Dia. 22:6) Batsadi ba Bakeresete ba tshwanetse ba akgolelwa go sikara maikarabelo a bone a a boima a go godisetsa bana ba bone “mo kotlhaong le mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa.”—Baef. 6:4.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela