Lebokoso la Dipotso
◼ A batsadi ka bobedi ba ka bega nako e e dirisediwang thuto ya ka metlha ya lelapa?
Le fa borre e le bone ba nang le maikarabelo a magolo a go godisetsa bana ba bone “mo kotlhaong le mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa,” batsadi ka bobedi ba na le seabe mo go thapiseng bana ba bone. (Baef. 6:4) Baebele e rotloetsa bana jaana: “Reetsa kotlhao ya ga rraago, morwaaka, mme o se ka wa latlha molao wa ga mmago.” (Dia. 1:8) Karolo e nngwe e e botlhokwa ya batsadi ya go godisa bana ke go nna le thuto ya lelapa ya Baebele.
Mo nakong e e fetileng, motsadi yo o neng a tshwara thuto ya lelapa le bana ba ba sa kolobediwang e ne e le ene fela yo o neng a bega nako eo, tota le fa batsadi ka bobedi ba ne ba nna le seabe mo motlotlong oo. Le fa go ntse jalo, seno se fetotswe. Fa e le gore batsadi ka bobedi ba nna le seabe mo go ruteng bana, batsadi bao ka bobedi ba tshwanetse go bega ura e le nngwe ka beke e le ya tirelo ya tshimo. Gone mme ruri, batsadi ba dirisa nako e e fetang ura ka beke ba ruta bana ba bone. Go thapisa bana go akaretsa gore batsadi ka bobedi ba nne ba tseye matsapa. (Dute. 6:6-9) Le fa go ntse jalo, pego ya tirelo ya tshimo ya kgwedi le kgwedi e tshwanetse go bontsha fela se se dirilweng kwa tshimong. Ka jalo, ga ba a tshwanela go bala diura tse di fetang e le nngwe fela ka beke, tota le fa thuto e ka feta ura, e ka tshwarwa ka makgetlho a a fetang le le lengwe ka beke kgotsa ngwana mongwe le mongwe a tshwarelwa thuto ya gagwe. Ke motsadi a le mongwe fela a ka begang thuto ya lelapa ya Baebele le loeto la go boela le le lengwe la thuto e e tshwerweng beke nngwe le nngwe.