LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 1/04 ts. 3
  • Lebokoso la Dipotso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lebokoso la Dipotso
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2004
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Bolokilwe Nako, E Boleele jo bo Lekaneng
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Simololang Dipokano ka Nako Lo bo Lo di Konele ka Nako
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
  • Kafa re ka Baakanyetsang Pokano ya Tirelo ka Teng
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2009
  • Ditaelo Go ba Ba Abetsweng Dipuo Tsa Pokano ya Tirelo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2010
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2004
km 1/04 ts. 3

Lebokoso la Dipotso

◼ Re ka tlhomamisa jang gore dipokano tsa phuthego di wediwa sentle ka nako?

Fa re kopanetse sengwe se se monate le ditsala, nako e tsamaya ka bonako. Ka ntlha ya lebaka leno, go a tle go nne thata gore dikarolo tse di farologaneng tsa pokano di wele sentle ka nako e di e beetsweng. Ke eng se se ka re thusang?

Simololang ka nako. Fa phuthego e kopana yotlhe, go ka nna molemo go kopa bareetsi gore ba nne mo ditulong motsotso kgotsa e mebedi pele pokano e simolola gore e kgone go simolola sentle ka nako e e beilweng. (Mor. 3:1) Dipokano tsa ditlhopha tse dinnye, tse di jaaka pokano ya tirelo ya tshimo, ga di a tshwanela go emisiwa go letetswe ba ba ka fitlhang thari.

Baakanyetsa sentle. Sengwe se se ka thusang gore go tshwarwe nako ke go baakanyetsa go sa le gale. Itse sentle gore boikaelelo jwa puo ya gago ke eng. Lemoga dintlha tsa botlhokwa mme o dire gore di tlhomologe. O se ka wa tlhoma mogopolo mo dintlheng tse di sa reng sepe. Dira gore puo ya gago e nne motlhofo. Fa e le gore e na le dipontsho le dipotsolotso, ikatiseng go sa le gale. Leka bojotlhe gore fa o ntse o ikatisetsa puo ya gago o buela kwa godimo, o lepe le nako e o e tsayang.

Kgaoganya puo ya gago. Le fa o ka tswa o abetswe puo kgotsa motlotlo le bareetsi, o ka nna wa fitlhela go le mosola go kgaoganya puo ya gago ka dikarolo. Dira tshwetso ya gore o tla dirisa nako e kana kang mo karolong nngwe le nngwe, mme o e kwale kafa thoko ga dintlha tsa gago. Go tswa foo o bo o tlhokomela gore o dirisa yone nako eo fa o neetse puo. Fa e le motlotlo le bareetsi, tila kotsi ya go buelela dintlha tse dintsi thata kwa tshimologong ya puo gore o bo o tshwanelwe ke go feta ka lobelo mo dintlheng tsa botlhokwa moragonyana. Batshwari ba Thuto ya Tora ya Tebelo ba tshwanetse ba letla nako e e lekaneng gore ba tlhatlhobe lebokoso la poeletso kwa bofelong. Gape ba tshwanetse ba nna kelotlhoko gore ba se ka ba ja nako e e beetsweng pina e e konelang le thapelo.

Konela ka nako. Fa pokano e na le dikarolo di le mmalwa, jaaka Pokano ya Tirelo, sebui sengwe le sengwe se tshwanetse sa ela tlhoko gore karolo ya sone e simolola leng e bile e fela leng. Go ka dirwang fa go bonala gore pokano e tla feta nako e e beilweng? Mokaulengwe a le mongwe kgotsa ba le mmalwa ba ka boloka nako ka go remelela mo dintlheng tsa botlhokwa le go tlogela tse dingwe tse di seng botlhokwa go le kalo. Fa motho a kgona go dira jalo go supa gore ke morutisi yo o setswerere.

Rona bareetsi, re ka thusa mokaulengwe yo o tshwereng thuto ka go akgela ka bokhutshwane re opa kgomo lonaka. Ka jalo, rotlhe re ka thusa gore dipokano di tshwarwe “ka mokgwa o montle le ka thulaganyo.”—1 Bakor. 14:40.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela