Ditaelo Go ba Ba Abetsweng Dipuo Tsa Pokano ya Tirelo
Go simolola ka kgatiso eno ya Tirelo ya Rona ya Bogosi, tsela e thulaganyo ya Pokano ya Tirelo e kwadilweng ka yone e tlhofofaditswe. Ditaelo le dikgakololo tse di latelang di tla tokafatsa le go tlhalosa sentle se se neng sa bolelwa mo setlhogong se se reng “Kafa re ka Baakanyetsang Pokano ya Tirelo ka Teng,” se se neng sa tlhaga mo kgatisong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya May 2009.
◼ Puo: Seno se lebisitse mo puong e e theilweng mo kgatisong nngwe e e tlhalositsweng mme bareetsi ga ba nne le seabe mo go yone. Sebui se tshwanetse go tlhoma mogopolo mo go se se tla thusang phuthego thata.
◼ Dipotso le Dikarabo: Fela jaaka thuto ya Tora ya Tebelo, puo eno e tshwanetse go nna le matseno a makhutshwane le konelo e khutshwane mme go tshwanetse ga bodiwa dipotso mo dirapeng tsotlhe. Yo o neelang puo eno o tshwanetse go tila go bua lolololo. Ditemana tsa konokono di ka balwa fa nako e letla. Ga go a tshwanelwa go balwa dirapa ntle le fa ditaelo di laela gore go dirwe jalo.
◼ Motlotlo: Eno ke puo e bareetsi ba nnang le seabe mo go yone. Ga se puo fela, e bile ga se dipotso le dikarabo fela.
◼ Dipontsho le Dipotsolotso: Ditaelo tse di reng pontsho di kaya gore mokaulengwe yo o abetsweng puo eno ke ene a nang le boikarabelo jwa go rulaganya gore go dirwe pontsho; ga a tlhoke go dira pontsho ka boene. Batho ba a ba tlhophang ba tshwanetse ba bo ba na le bokgoni, ba tlhoma sekao mme fa go kgonega o tshwanetse go dira dithulaganyo le bone go sa le gale. Go ka nna molemo go se dirise batho ba ba sa tswang go nna baboledi kgotsa ba ba se nang maitemogelo gore ba bontshe kafa tiro e tshwanetseng go dirwa ka gone, e le fela gore ba newe tshono ya go palama serala, le fa gone bangwe ba ka nna ba dirisiwa go nna beng ba matlo. Baboledi ba ba dirang pontsho ba tshwanetse go ela tlhoko gore ba leba bareetsi. Batho ba ba dirisiwang mo dipotsolotsong ba tshwanetse go botsolotswa ba le kwa seraleng go na le gore ba bue ba dutse mo ditulong tsa bone. Dipontsho le dipotsolotso di tshwanetse go boelediwa pele ga di ka neelwa. Fa pokano e siilwe ke nako mme mokaulengwe a tshwanelwa ke go khutshwafatsa puo ya gagwe, o tla tila go tlogela dipontsho kgotsa dipotsolotso. Batlhanka ba bodiredi ba tshwanetse go botsa morulaganyi mo setlhopheng sa bagolwane kgotsa mogolwane yo mongwe pele ga ba ka tlhopha batho ba ba tla ba dirisang.
Fa puo e e sa tlwaelegang e na le ditaelo tse di kgethegileng, di tshwanetse go latelwa ka kelotlhoko. Fa dipuo tsa Pokano ya Tirelo di neelwa jaaka go tlhalositswe fa godimo fano, bakaulengwe ba tla dira gore Dipokano tsa Tirelo di “[tshwarwe] ka mokgwa o montle le ka thulaganyo.”—1 Bakor. 14:40.