Bontsha Gore O na Le Tebogo
1 Le mororo re tshela mo ‘dinakong tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone,’ re na le mabaka a mantsi a go leboga Jehofa. (2 Tim. 3:1) Lebaka la botlhokwa thata la gore re mo leboge ke mpho e e molemolemo e a re neileng yone ya go re ntshetsa Morwawe. (Joh. 3:16) Mo godimo ga moo, fa ba ba leng mo bodumeding jwa maaka ba bolawa ke tlala ya semoya, rona re ipelela letlepu la dijo tsa semoya. (Isa. 65:13) Re karolo ya bokaulengwe jwa lefatshe lotlhe mme re na le tshiamelo ya go thusa mo tirong e e itumedisang ya go atolosa kobamelo ya boammaaruri. (Isa. 2:3, 4; 60:4-10, 22) Re ka bontsha jang gore re lebogela masego a Jehofa a ntseng a re a tshololela?—Bakol. 3:15, 17.
2 Go Direla ka Boipelo le ka Pelo Yotlhe: Fa moaposetoloi Paulo a tlotla ka go aba dilo tse di bonalang, o ne a kwala jaana: “Modimo o rata yo o nayang ka boitumelo.” (2 Bakor. 9:7) Molaomotheo ono o ama le tirelo ya rona go Modimo. Go leboga go bontshiwa ke tsela e re tlhoafalelang boammaaruri ka yone, tsela e re itumelang ka yone kwa dipokanong tsa Bokeresete, tlhoafalo ya rona mo bodireding jwa tshimo le tsela e re ipelang ka yone fa re dira thato ya Modimo.—Pes. 107:21, 22; 119:14; 122:1; Bar. 12:8, 11.
3 Bogologolo kwa Iseraele, Molao o ne o sa beele ditlhabelo dingwe selekanyo se di tshwanetseng go ntshiwa ka sone. Moobamedi mongwe le mongwe o ne a ka bontsha go leboga ka go naya go ‘lekana le tshegofatso ya ga Jehofa’ e a neng a e amogetse. (Dute. 16:16, 17) Gompieno le gone, pelo e e lebogang e tla re rotloetsa go dira go ya kafa maemo a rona a re letlang ka teng mo tirong ya go rera ka Bogosi le go dira barutwa. Bangwe ba dirisa nako ya fa go tswetswe kwa tirong kgotsa kwa sekolong go oketsa nako e ba e dirisang mo tirelong ya tshimo, ba bo ba tseye bobulatsela jo bo thusang.
4 Go Penologa ka Ditebogo: Tsela ya botlhokwa e re bontshang go leboga Jehofa ka yone ke ka go mo leboga mo dithapelong tsa rona. (1 Bathes. 5:17, 18) Lefoko la Modimo le re rotloetsa gore re ‘penologe ka tumelo le mo go ntsheng ditebogo.’ (Bakol. 2:7) Le fa re tshwaregile thata kgotsa re gateletswe mo maikutlong, ka metlha re tshwanetse ra tsenya ditebogo mo dithapelong tsa rona tsa letsatsi le letsatsi. (Bafil. 4:6) Ee, e kete re ka “huma dipontsho di le dintsi tsa go leboga Modimo” ka bodiredi jwa rona le ka dithapelo tsa rona.—2 Bakor. 9:12.