LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 4/95 ts. 1
  • Go Lebogela Dilo Tse re Nang le Tsone

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Lebogela Dilo Tse re Nang le Tsone
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Lo Nnè Lo Lebogè”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • “Itshupeng Lo na Le Tebogo”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • Go Batlega Babulatsela ba ba Thusang ba le 10 000—A o Ka Nna Mmulatsela yo o Thusang Ka March? April? May?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
  • Bontsha Gore O na Le Tebogo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2004
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
km 4/95 ts. 1

Go Lebogela Dilo Tse re Nang le Tsone

1 “Modimo one, o re tlhomamiseditse lorato lwa one, ka e rile re sa ntse re le baleofi, Keresete a re swela.” (Bar. 5:8) A bo re leboga jang ne ka ntlha ya setlhabelo se Jehofa Modimo mmogo le Morwawe ba se re ntsheditseng! Ka ntlha ya madi a Keresete a a tsholotseng re ka kgona go bona botshelo jo bo sa khutleng, e leng selo se go seng motho ope yo o ka se re nayang.

2 Re ka bontsha jang kanaanelo ya rona? Go na le batho ba le bantsi ba ba nyoretsweng kitso ya boammaaruri, e e ka bonwang fela mo Lefokong la Modimo le le Boitshepo. Ke go rata ga Jehofa gore ba fitlhe mo kitsong ya boammaaruri. (1 Tim. 2:4) Re supa fa re anaanela boammaaruri ka go ‘rera mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo.’ (Luke 4:43) Fa re dira tiro eno ka pelo yotlhe re supa fa re anaanela lebaka la gore Keresete o re swetse le gore re batla go mo etsa ka go utlwa taelo ya gagwe ya go dira batho ba bangwe barutwa ka boikanyegi.—Math. 28:19, 20.

3 Ke ditsela dife tse re ka di dirisang mo go rereng? A go ka kgonega gore gangwe le gape re ikwadise jaaka babulatsela ba ba thusang? Morago ga go sekaseka maemo, bangwe ba ka kgona go nna babulatsela ba ka metlha. Fa re sola ditshono tseno molemo, re ka kgona go oketsa nako e re e dirisang go anamisa mafoko a a molemo a Bogosi. O ka tswa o ne o batla go ikwadisa mo nakong e e fetileng, mme go ne go na le dikgoreletsi. Gongwe maemo a gago a fetogile. Fa e le gore go ntse jalo, a o ile wa akanyetsa kgang ya go tsena mo tirelong ya bobulatsela kana ya go nna mmulatsela yo o thusang ka masisi?

4 Go leboga ga rona go a oketsega fa re ntse re bona dilo tse di diragalang go re dikologa. Thubakanyo, letlhoo, le dikgotlhang di a oketsega mo lefatsheng lotlhe. Paulo o ne a tlhalosa metlha ya rona sentle a re ke dipaka tse di “tlhokofatsang.” (2 Tim. 3:1) Lefa go na le maemo a a ngomolang pelo jaana, re na le mafoko a mantsi a a molemo a re ka a bolelelang batho ba bangwe. Re na le dimakasine tse pedi tse di molemo, Tora ya Tebelo le Tsogang! Ka April re tla bo re tsamaisa peeletso ya makasine wa Tora ya Tebelo. Koo batho ba sa tseyeng peeletso gone, re ka nna ra ba tlogelela dimakasine tse pedi. Mme gape re na le diboroutšhara tse di nang le ditlhogo di le mmalwa. Dikgatiso tseno di ka lapolosa batho ba ba di balang tota. Go leboga ga rona go tshwanetse ga re tlhotlheletsa gore re nne pelotshweu go di abela batho ba bangwe.—Baheb. 13:16.

5 E ka tswa e le gore batho ba lefelo le re nnang mo go lone ga ba kgatlhegele dilo tsa semoya mo go kalo. Lefa go ntse jalo, go na le mafelo a mo go one batho ba arabelang sentle. Go na le batho ba bantsi ba ba kgatlhegang mo tshimong e go buiwang dipuo tsa bantsho gone. Fa e le gore o kgona go bua dipuo tse di oketsegileng tsa bantsho, a o ka kgona go ya go direla kwa lefelong lengwe mo nageng eno koo o ka kgonang go thusa gone tota? Molebedi wa gago wa potologo a ka nna le dikakantsho dingwe malebana le seno, kana o ka nna wa kwalela kwa ofising ya lekala.

6 Go na le mabaka a mantsi a re ka lebogang ka one ka ntlha ya dilo tse re nang le tsone, eleruri re na le dilo tse dintsi tse di molemo. Re ka leboga Jehofa ka tsela e e molemolemo ka go itsise batho ba bangwe leina la gagwe le maikaelelo a gagwe.—Isa. 12:4, 5.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela