LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 5/04 ts. 4
  • “Pitlologang”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Pitlologang”
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2004
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Dira Botsala jo bo Nnelang Ruri mo Lefatsheng Le le Se Nang Lorato
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • A o Ka Pitlologa mo Loratong?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • O ka Nna le Ditsala Tse di Nnelang Ruri
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Tlhopha Ditsala ka Botlhale
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2004
km 5/04 ts. 4

“Pitlologang”

1. Mongwe le mongwe wa rona o na le boikarabelo bofe?

1 Mo phuthegong ya Bokeresete, mongwe le mongwe wa rona o na le boikarabelo jwa go dira gore go nne le lorato mo gare ga bakaulengwe. (1 Pet. 1:22; 2:17) Lorato lono lo nna teng fa re ‘pitlologa’ mo tseleng e re bontshanang lorato ka yone. (2 Bakor. 6:12, 13) Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go itse bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona sentle?

2. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go nna ditsala le baobamedi ka rona?

2 Botsala bo a Nonofa: Fa re ntse re tlwaelana botoka le badumedi ka rona, re simolola go anaanela tumelo ya bone, boitshoko jwa bone le dinonofo tse dingwe tse di molemo le go feta. Re bona makoa a bone e se a sepe, mme botsala jwa rona bo a nonofa. Fa re itsane sentle, re ka kgona go kgothatsana le go gomotsana botoka. (1 Bathes. 5:11) Re ka kgona go nna ‘thuso e e nonotshang’ ba bangwe mme re thusane go lwantsha ditlhotlheletso tse di bosula tsa lefatshe la ga Satane. (Bakol. 4:11) Mo metlheng eno ya bofelo e e tletseng mathata, a bo re itumela jang ne go bo re na le ditsala tse di molemo mo gare ga batho ba ga Jehofa!—Dia. 18:24.

3. Re ka nonotsha ba bangwe jang?

3 Ditsala tse di gaufiufi di ka re nonotsha tota le go re gomotsa fa re lebana le diteko tse di setlhogo. (Dia. 17:17) Mokeresete mongwe yo o neng a tshwenngwa ke go ikutlwa a se na mosola o gakologelwa jaana: “Go ne go na le ditsala tse di a tleng di bue dilo tse di molemo ka ga me go nthusa go fenya maikutlo a go inyatsa a ke neng ke na le one.” Ditsala tse di ntseng jalo ke masego a a tswang kwa go Jehofa.—Dia. 27:9.

4. Re ka dira jang gore re itse ba bangwe ba ba mo phuthegong botoka?

4 Bontsha ba Bangwe Kgatlhego: Re ka pitlologa jang mo tseleng e re bontshang baobamedi ka rona lorato ka yone? Mo godimo ga go dumedisa ba bangwe kwa dipokanong tsa Bokeresete, leka go simolola metlotlo e e agang le bone. Ba bontshe kgatlhego, motho ka namana, mme o sa itshunye nko mo dikgannyeng tsa bone. (Bafil. 2:4; 1 Pet. 4:15) Tsela e nngwe e re ka bontshang ba bangwe kgatlhego ka yone ke ka go ba laletsa gore ba tle go ja le rona. (Luke 14:12-14) Kgotsa o ka rulaganya gore o dire le bone mo bodireding jwa tshimo. (Luke 10:1) Fa re ntse re tsaya matsapa gore re itse bakaulengwe ba rona botoka, re dira gore go nne le kutlwano mo phuthegong.—Bakol. 3:14.

5. Tsela nngwe ya go atolosa botsala ke efe?

5 A re tlwaetse go tlhopha ditsala fela mo go ba re lekanang le bone ka dingwaga kgotsa ba ba kgatlhegelang dilo tse rona re di kgatlhegelang? Ga re a tshwanela go letla dilo tse di ntseng jalo di dira gore re tsalane le batho ba ba rileng fela mo phuthegong. Dafide le Jonathane mmogo le Ruthe le Naomi ba ne ba nna ditsala tota le fa ba ne ba sa lekane ka dingwaga e bile ba sa tswe felo go le gongwe. (Ruthe 4:15; 1 Sam. 18:1) A o ka oketsa ditsala tsa gago? Go dira jalo go ka go tlisetsa masego a o neng o sa a lebelela.

6. Mengwe ya melemo ya go pitlologa mo loratong lo re ratang bakaulengwe ba rona ka lone ke efe?

6 Fa re atolosa lorato lo re lo bontshang ba bangwe, re a nonotshana e bile re dira gore go nne le kagiso mo phuthegong. Mo godimo ga moo, Jehofa ka boene o re segofaletsa lorato lo re lo bontshang bakaulengwe ba rona. (Pes. 41:1, 2; Baheb. 6:10) Ke eng fa o sa itirele mokgele wa gore o tlwaelane le ba le bantsi kafa o ka kgonang ka gone?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela