LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 6/04 ts. 1
  • Jehofa o Thusa Ba ba Mo Ikanyang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jehofa o Thusa Ba ba Mo Ikanyang
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2004
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Kgona go Ikanya go Botlhokwa Gore re Nne re Itumetse
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • Tshepa Badumedimmogo le Wena
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2022
  • Nonotsha Tsela e o Ikanyang Jehofa ka Yone
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Kopano e e Okeditseng Ikanyo ya Rona mo go Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2004
km 6/04 ts. 1

Jehofa o Thusa Ba ba Mo Ikanyang

1 Batho ba le bantsi ba tsaya madi, taolo le bokgoni jo ba nang le jone e le tsone dilo tsa botlhokwa tse di ka ba thusang gore ba atlege. (Pes. 12:4; 33:16, 17; 49:6) Le fa go ntse jalo, ba ba boifang Jehofa e bile ba mo ikanya, Baebele e ba tlhomamisetsa gore “ke ene thuso ya bone le thebe ya bone.” (Pes. 115:11) A re sekasekeng dilo tse pedi tse re ka bontshang ka tsone gore re ikanya Jehofa.

2 Mo Bodireding Jwa Bokeresete: Ka dinako tsotlhe fa re na le dikabelo mo phuthegong kgotsa re ruta mo bodireding jwa tshimo re tshwanetse go ikaega ka Modimo wa rona. Ela tlhoko sekai sa ga Jesu. Le fa e ne e le Morwa Modimo, ga a ka a ikanya botlhale jwa gagwe kgotsa bokgoni jwa gagwe mme o ne a ikaega ka botlalo ka Rraagwe wa legodimo. (Joh. 12:49; 14:10) Ruri le rona re tlhoka go ikaega ka ene le e leng go feta! (Dia. 3:5-7) Ke ka thuso ya ga Jehofa fela maiteko a rona a a lekanyeditsweng a ka kgonang go mo tlotla le go solegela ba bangwe molemo.—Pes. 127:1, 2. 

3 Re supa gore re ikaegile ka Jehofa ka go mo rapela gore a re kaele a bo a re thuse ka moya wa gagwe o o boitshepo. (Pes. 105:4; Luke 11:13) Mo godimo ga moo, re supa gore re ikanya Modimo ka go thaya thuto ya rona mo Lefokong la gagwe e leng Baebele. Molaetsa wa lone o na le maatla a go ama dipelo tsa batho le go fetola matshelo a bone. (Baheb. 4:12) Fa re ‘direla, re ikaegile ka nonofo e Modimo a e nayang,’ seo se galaletsa Jehofa.—1 Pet. 4:11.

4 Fa re Lebane le Mathata: Gape re tshwanetse go kopa thuso mo go Jehofa fa re lebane le dikgatelelo le mathata. (Pes. 46:1) Ka sekai, mothapi a ka tswa a okaoka go re naya nako ya gore re kgone go ya kopanong, kgotsa re ka tswa re lebane le maemo a a thata mo botshelong jwa rona jwa lelapa. Re bontsha gore re ikanya Jehofa fa re mo rapela ka tlhoafalo mme re dirisa kaelo e a re nayang yone ka Lefoko la gagwe le ka phuthego. (Pes. 62:8; 119:143, 173) Batlhanka ba ga Jehofa ba bona tsela e a ba thusang ka yone mo matshelong a bone fa ba dira jalo.—Pes. 37:5; 118:13, 16.

5 Jehofa o re tlhomamisetsa jaana ka boene: “Go segofetse monna yo o nonofileng yo o ikanyang Jehofa, le yo Jehofa e leng tshepo ya gagwe.” (Jer. 17:7) A re bontsheng gore re a mo ikanya mo dilong tsotlhe tse re di dirang!—Pes. 146:5.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela