Re Tshwanetse go Neela Bosupi Jang Mo go Ba Losika?
1. Ke ka ntlha yang fa re tlhoka go nna le temogo fa re rerela ba masika a rona?
1 A bo go ne go tla itumedisa thata jang ne fa re ne re ka tsena mo lefatsheng le lesha le ba masika a rona, re le seoposengwe le bone mo kobamelong ya ga Jehofa! Seno se ka direga fa re ka dira matsapa a go ba neela bosupi. Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go nna le temogo gore re kgone go ba neela bosupi ka tsela e e se kitlang e ba lapisa. Molebedi mongwe wa potologo o ne a re: “Batho ba ba nang le matswela a a molemo thata ke ba ba dirang gore ba masika a bone ba nne le kgatlhego ka go ba neela bosupi go le gonnye fela ka dinako tse di rileng.” Re ka dira seno jang?
2. Go kgatlhegela ba losika go ka re thusa jang go dira gore ba kgatlhegele molaetsa wa rona?
2 Dira Gore ba Batle go Itse: Akanyetsa go sa le gale ka kelotlhoko gore o ne o ka dira jang go tsosa kgatlhego ya ba losika. (Dia. 15:28) Ke dilo dife tse ba amegang ka tsone? Ke mathata afe a ba lebaneng le one? Gongwe o ne o ka rata go mmontsha setlhogo sengwe kgotsa wa mmolelela temana nngwe e e kgatlhang e e buang ka kgang e ba e ratang. Fa ba losika lwa gaeno ba sa nne gaufi le wena, gongwe o ka ba neela bosupi ka lekwalo kgotsa ka go ba leletsa mogala. Kwantle ga gore o ba lapise, jala dipeo tsa boammaaruri, mme o tlogelele Jehofa gore a dire gore dipeo tseo di gole.—1 Bakor. 3:6.
3. Kgatlhego e ba losika ba nang le yone mo go rona e ka re bulela ditsela jang gore re ba neele bosupi?
3 Jesu o ne a laela monna yo a neng a lelekile madimona a le mantsi mo go ene a re: “Ya gae kwa go ba losika lwa gago, mme o ba begele dilo tsotlhe tse Jehofa a di go diretseng le kafa a neng a go utlwela botlhoko ka gone.” (Mar. 5:19) Akanya fela gore seno se tshwanetse sa bo se ile sa ama ba losika lwa gagwe jang! Le mororo wena o ka nna wa se ka wa diragalelwa ke sengwe se segolo jalo, go ka direga gore ba losika lwa gago ba kgatlhegele se wena kgotsa bana ba gago ba se dirang. Go ba bolelela ka puo e o neng o e neela mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo, ka kopano e o neng o ile kwa go yone, ka go etela ga gago Bethele, kgotsa ka sengwe se segolo se se kileng sa go diragalela, go ka go bulela tsela ya gore o ba bolelele sengwe ka Jehofa le phuthego ya gagwe.
4. Ke mamena afe a re tshwanetseng go a tila fa re neela ba losika bosupi?
4 Dirisa Temogo: Fa o neela ba losika bosupi, o se ka wa ba bolelela dilo tsotlhe fela ka nako e le nngwe. Mokaulengwe mongwe o ne a bua jaana fa a ne a gakologelwa nako ya fa a ne a simolola go ithuta Baebele: “Ke ne ke sa fetse go bua le mmè, ke mo tlhalosetsa mo e ka nnang sengwe le sengwe se ke se ithutileng mo Baebeleng, mme seno gantsi se ne se dira gore re ganetsane, bogolo jang le rre.” Tota le fa motho a bontsha gore o kgatlhegela molaetsa wa Baebele, mo arabe ka tsela e e tla dirang gore a sale a batla go itse mo go oketsegileng. (Dia. 25:7) Ka metlha bontsha tlotlo, bonolo, le bopelotelele, fela jaaka o ne o tla dira fa o ne o bua le motho yo o sa mo itseng mo bodireding.—Bakol. 4:6.
5. Re tshwanetse go dirang fa ba losika ba sa re reetse fa re ba neela bosupi?
5 Ka nako nngwe ba gabone Jesu ba kile ba bo ba akanya gore o a tsenwa. (Mar. 3:21) Le fa go ntse jalo, moragonyana bangwe ba ne ba nna badumedi. (Dit. 1:14) Fa maiteko a o a dirang lekgetlho la ntlha a go bua ka boammaaruri le ba losika a sa atlege, o se ka wa itlhoboga. Maemo a bone le boikutlo jwa bone di ka fetoga. Tswelela pele o nne o batle sebaka se sengwe go ba bolelela sengwe se se tla dirang gore ba batle go go reetsa gape. Go ka direga gore o kgone go ba thusa go tsena mo tseleng e e isang botshelong jo bo sa khutleng.—Math. 7:13, 14.