Go Tweng ka ba Losika Lwa Gago?
1 Ba le bantsi ba rona re na le ba losika ba le bantsinyana ba ba seng mo boammaaruring. A bo re eletsa jang ne gore batho bano ba re ba ratang ba tle go tsamaya le rona mo tseleng e e isang botshelong! Re ka amega thata kaga isagwe ya bone ya bosakhutleng segolobogolo fa e le ba ntlo ya rona. Ga re a tshwanela go itlhoboga lefa e le gore re ile ra leka ka dingwagangwaga go dira gore ba kgatlhegele boammaaruri.
2 Fa Jesu a ne a dira tiro ya gagwe ya go rera, “bomonnawe ba ne ba sa dumele mo go ene.” (Joh. 7:5) Ka nako e nngwe ba losika lwa gagwe ba ne ba akanya gore o a tsenwa. (Mar. 3:21) Lefa go ntse jalo, Jesu ga a ka a ba tlhoboga. Fa nako e ntse e ya, bomonnawe ba ne ba amogela boammaaruri. (Dit. 1:14) Monnawe ka mmaagwe, e bong Jakobe e bile o ne a nna lekotwana mo phuthegong ya Bokeresete. (Bagal. 1:18, 19; 2:9) Fa e le gore o ka itumelela go bona ba losika lwa gago ba amogela boammaaruri, o se ka wa tlogela go nna o leka go ba bolelela ka mafoko a a molemo a Bogosi.
3 Nna yo o Lapolosang, E Seng yo o Imetsang: Fa Jesu a ne a rerela ba bangwe, bareetsi ba gagwe ba ne ba ikutlwa ba lapologile, ba sa tshosediwe. (Math. 11:28, 29) O ne a sa ba imetse ka dithuto tse ba neng ba sa kgone go di tlhaloganya. Go lapolosa ba losika lwa gago ka metsi a boammaaruri, ba a neye ka selekanyo se sennye nako le nako, e seng a mantsi a a tla ba kgamang! Molebedi mongwe yo o etang o na a tlhokomela seno: “Batho ba ba nang le matswela a a molemo ke bao ba tsosang kgatlhego ya ba masika a bone ka go ba rerela go le gonnye nako le nako.” Ka go dira jalo, le ba ba ganetsang ba ka nna ba simolola go botsa dipotso mme kgabagare ba nyorelwa boammaaruri.—1 Pet. 2:2; bapisa 1 Bakorinthe 3:1, 2.
4 Bakeresete ba le bantsi ba ba mo lenyalong ba ile ba kgona go rerela balekane ba bone ba ba sa dumeleng ka go tlogela dikgatiso di butswe mo ditlhogong tse ba ka di kgatlhegelang. Kgaitsadi mongwe yo o neng a dira seno o ne a tshwarela bana ba gagwe thuto mo monna wa gagwe a neng a kgona go utlwa mme a tla a ntse a fa ditlhaloso tse di neng di ka mo sologela molemo. Ka nako e nngwe o ne a mo botsa jaana: “Ke ithutile kaga sennanne mo thutong ya me gompieno. O akanya eng ka gone?” Kgabagare monna wa gagwe o ne a amogela boammaaruri.
5 Nna le Tlotlo, O se Fele Pelo: Mmoledi mongwe o ne a akgela ka gore “le e leng ba losika ba na le tshwanelo ya go nna le dipono tsa bone le tsela e ba lebang dilo ka yone.” Ka jalo re tshwanetse go ba tlotla fa ba ntsha dikakanyo tsa bone kana fa ba re kopa ka tlhamalalo gore re se ka ra bua le bone ka ga boammaaruri. (Mor. 3:7; 1 Pet. 3:15) Re ka batla ditshono tse di tshwanelang tsa go ba naya bosupi ka tsela e e lemotshegang ka go sa fele pelo le go ba rata e bile re le bareetsi ba ba molemo. Go sa fele pelo jalo go ka duela thata jaaka go ka bonwa mo kgannyeng ya monna mongwe wa Mokeresete, yo ka go sa fele pelo a ileng a itshokela go tshwarwa makgwakgwa ke mosadi wa gagwe yo o sa dumeleng ka dingwaga di le 20. Fa a ne a simolola go fetoga o ne a re: “A bo ke leboga Jehofa go bo a ile a nthusa go tlhagolela bopelotelele, ka gonne jaanong ke kgona go bona matswela a gone: Mosadi wa me o simolotse go tsamaya mo tseleng e e isang botshelong!”
6 Go tweng ka ba losika lwa gago? Go ka nna ga direga gore ka ntlha ya boitshwaro jwa gago jo bontle jwa Bokeresete le go ba rapelela, “o ka ba kgona gore ba tle kafa go Jehofa.”—1 Pet. 3:1, 2, bapisa ntlhanyana e e kwa tlase go NW.