LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 2/97 ts. 2
  • Dipokano Tsa Tirelo Tsa February

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipokano Tsa Tirelo Tsa February
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
  • Ditlhogwana
  • Beke e e Simololang ka February 3
  • Beke e e Simololang ka February 10
  • Beke e e Simololang ka February 17
  • Beke e e Simololang ka February 24
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
km 2/97 ts. 2

Dipokano Tsa Tirelo Tsa February

Beke e e Simololang ka February 3

Pina 27

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Dikitsiso tse di tlhophilweng go Tirelo ya Rona ya Bogosi. Dikgang Tsa Puso ya Modimo. Gakolola baboledi gore ba tlise dipego tsa bone tsa tirelo ya tshimo tsa January ka bonako. Mokwaledi le batshwari ba thuto ya buka ba tshwanetse go tlhomamisa gore dipego tsotlhe tse di setseng tsa dikgwedi tse di fetileng le tsone di tlisiwe. Dipego tseno tse di siilweng ke nako di tshwanetse go akarediwa mo pegong ya phuthego ya January.

15 mets: “Nna le Seabe mo Tirong E e Se Kitlang e Boelediwa Gape.” Dipotso le dikarabo. Fa nako e letla akaretsa dintlha go tswa mo setlhogong sa “O Ka Dira Jang Gore O Nne O Ntse O Itisitse?” mo ditsebeng 714-15 tsa buka ya Baboledi.

20 mets: “Go Rera Mafoko a a Molemo ka Tsela e e Potlakileng.” (Dirapa 1-5) Morago ga dikakgelo tse dikhutshwane ka serapa 1, modulasetulo o tlotla ka dirapa 2-5 le baboledi ba babedi kana ba bararo. Ba boeletsa dintlhakgolo tsa dipuisano tse di akantshitsweng mme ba akgela gore ke ka ntlha yang fa dipuisano tseno kana tse di tshwanang di ka tshwanela tshimo ya bone. Baboledi ba refosana go ipaakanyeletsa dipuisano. Modulasetulo o a ba akgola a bo a akantsha ditsela tsa go tokafatsa dipuisano tseno. Jaanong o botsa bareetsi gore ke ditsela dife tse ba ka di dirisang gore ba atlege go simolola dithuto. Neela dikakantsho tse di tlhamaletseng tsa kafa go ka simololwang dithuto ka buka ya Kitso.

Pina 34 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka February 10

Pina 29

5 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Pego ya diakhaonto.

10 mets: “Go Rera Mafoko a a Molemo ka Tsela e e Potlakileng.” (Dirapa 6-8) Dira pontsho ya dipuisano tse di mo dirapeng 6-7. Gatelela botlhokwa jwa go dira maeto a go boela kwa go ileng ga bontshiwa kgatlhego teng.

30 mets: “Go Batlega Babulatsela ba ba Thusang ba le 10 000.” E neelwa ke molebedi wa tirelo ka dipotso le dikarabo. Sekasekang lebokoso le le mo go tsebe 3. Boeletsa sekai sa dithulaganyo se se mo go tsebe 6. Mmoledi mongwe le mongwe yo o kolobeditsweng o tshwanetse go akanyetsa ka namana le ka thapelo gore a o tla kgona go ikwadisa kgwedi e le nngwe kana tse di oketsegileng. Baboledi ba ba sa kolobediwang ba ka kgona go oketsa seabe sa bone mo bodireding ka go ipeela mokgele wa diura kgwedi le kgwedi.

Pina 43 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka February 17

Pina 30

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Umaka dintlha tse di mosola mo dimakasineng tsa bosheng tse di ka dirisiwang mo tirelong beke eno.

13 mets: “Segopotso—Tiragalo e e Botlhokwatlhokwa!” Dipotso le dikarabo. Kgothaletsa gore go dirwe kgwedi yotlhe ya March e nne e e kgethegileng ka go tsaya bobulatsela jo bo thusang. Gatelela go dirisiwa ga ditaletso tsa Segopotso.

22 mets: Go Simolola Dithuto Tsa Magae Tsa Baebele. Mo dikgweding tse di sa tswang go feta, go ile ga tsamaisiwa dibuka tsa khabara e e thata di le makgolo a le dikete. Seno se re neela sebaka sa go simolola dithuto tse dingwe tse dintsi tsa magae tsa Baebele. Itsise gore go ile ga tsamaisiwa dibuka le dikgatiso tse dingwe di le kae mo phuthegong ya lona. Kgothaletsa baboledi gore ba boele kwa go botlhe ba ba ileng ba kgatlhega. Dira gore go nne le baboledi bangwe ba ba bolelang gore bone ka bobone ba tlhoka go dira maiteko afe gore ba simolole dithuto tsa magae tsa Baebele tse disha. Gatelela gore karolo e e botlhokwa ya thomo ya rona ke go dira barutwa. (Math. 28:19, 20) Re ka kgona go atlega go dira seno fa re leka go dirisa dikakantsho tse di mo tsenyeletsong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya June 1996.

Pina 47 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka February 24

Pina 32

18 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Kgothaletsa botlhe go tlisa dipego tsa bone tsa tirelo ya tshimo tsa February ka bonako fa kgwedi e fela, go akaretsa le dipego dipe tse di saletseng kwa morago tsa dikgwedi tse di fetileng. Itsise maina a botlhe ba e tla nnang babulatsela ba ba thusang ka March. Tlhalosa gore go santse go na le nako ya go tlisa dikopo. Kgothaletsa botlhe gore ba nne le seabe ka botlalo mo bodireding ka Matlhatso, March 1. Itsise kaga dithulaganyo tse di oketsegileng tsa dipokano tsa tirelo tsa kgwedi eo tse di dirwang mo phuthegong ya lona. Sekaseka Lebokoso la Dipotso ka kelotlhoko.

12 mets: “Go Tweng ka ba Losika Lwa Gago?” Monna le mosadi ba ba nyetseng ba tlotla mmogo ka setlhogo seno ba bo ba swetsa gore ba tla dira jang gore ba atamele ba losika ba ba sa dumeleng ka mafoko a a molemo.—Bona Tora ya Tebelo ya February 15, 1990, ditsebe 25-7.

15 mets: Sekaseka Mpho e e Tsamaisiwang ka March—Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng. Tlotla ka bokhutshwane ka mabaka a a dirang gore malapa a kgaogane gompieno. (Bona Tora ya Tebelo ya October 15, 1992, ditsebe 4-7.) Sekaseka diteng tsa buka mo go tsebe 3. Laletsa bareetsi go tlhopha dikgaolo tse ba ka di dirisang go simolola puisano. Ba tlhokomedise lebokoso la go ruta le le thusang thata le le tlhagang kwa bofelong jwa kgaolo nngwe le nngwe. Dira gore mmoledi mongwe yo o nang le bokgoni a bontshe kafa a ka tsamaisang buka eno ka teng. Gakolola botlhe gore ba iponele dikhopi tse ba tla di dirisang mo bekeng eno le gore ba umake thulaganyo ya moneelo fa ba di tsamaisa.

Pina 48 le thapelo e e konelang.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela