Go Ngomoga Pelo mo Lelapeng—Ke Sesupo sa Metlha Eno
BATHO ba bantsi ba leba go ngomoga pelo mo lelapeng jaaka selo se se supang gore melao e e laolang lenyalo le go godisa bana ga e tlhole e dira. Bangwe ba go bona e le selo se se lerilweng ke phetogo e e leng teng mo dipolotiking, mo ikonoming, le mo loagong. Ba bangwe ba go leba e le kotsi e e masisi e e bakilweng ke boranyane jwa segompieno. Mme ebile tota, mathata a malapa a mekamekanang le one gompieno a supa sengwe se se botlhokwa fela thata. Ela tlhoko mafoko ano a Bibela a a mo go 2 Timotheo 3:1-4:
“Me itse seo se, go re, mo metlheñ ea bohèlō go tla tla dipaka tse di tlhokohatsañ. Gonne batho ba tla nna baithati, le barati ba madi, le babelahadi, le baipegi, le bakgadi, le ba ba sa utlweñ batsadi ba bōnè, le ba ba sa lebogeñ, le ba ba sa itshepañ, Ba sena loratō loa tlhōlègō, e le ba ba sa ichwareleñ, e le bapateletsi, ba sena boithibō, ba le bogale, e se barati ba molemō gopè, E le baoki, e le ba ba tlhōgōethata, e le ba ba ikgogomosañ, e le barati ba dikgatlhègō, bogolo go go nna barati ba Modimo.”
A mafoko ano tota ga a tlhalose modi wa mathata a gompieno? Go ngomoga pelo mo malapeng gompieno ke matswela a a tlhamaletseng a maemo a go neng ga perofesiwa gore a tla nna teng mo metlheng ya bofelo ya lefatshe leno. Ebile go na le bosupi jo bo re patelelang go dumela gore motlha ono wa go ngomoga pelo o ne wa simologa ka ngwaga wa 1914.a Fa esale go tloga ka nako eo, sebopiwa se se nang le maatla a a fetang a motho sa moya se se bidiwang Satane Diabolo se ile sa tlhotlheletsa batho ka tsela e e diphatsa tota.—Mathaio 4:8-10; 1 Yohane 5:19.
Ereka a sale a kganeletswe mo tikologong ya lefatshe go tloga ka 1914, Satane o “tletse bogale, ka a itse ha lobaka loa gagwè lo setse lo le lokhutshane.” (Tshenolō 12:7-12) Ereka Satane e le mmaba yo mogolo wa Modimo oo “ditshika cotlhe tse di kwa legodimoñ le mo lehatshiñ di bidiwañ ka èna,” a go a gakgamatsa go bo lefatshe e le lefelo le malapa a tshwenyegang thata jaana mo go lone? (Baefesia 3:15) Satane o iketleeditse go faposetsa botlhe kgakala le Modimo. A go na le tsela epe e e botoka e a ka fitlhelelang seno ka yone go na le eno ya go tlhasela malapa ka mathata?
Go tlile go tlhokega se se fetang fela dilo tse di ikakanyeditsweng tse di bolelwang motlhofo fela ke ba go tweng ke baitseanape gore ba kgone go sireletsa malapa mo go tlhaselweng jaana ke sengwe se se fetang motho ka maatla. Lefa go ntse jalo Bibela e bolela jaana kaga Satane: “Ga re mo lehihiñ ka maanō a gagwè.” (2 Bakorintha 2:11) Go itse ditsela tse di kgethegileng tse a tlhaselang ka tsone go sireletsa ka selekanyo se se rileng.
Madi le Tiro
Maemo a a gatelelang a ikonomi ke sebetsa se se nonofileng go di feta tsotlhe seo Satane a tlhaselang ka sone. Tseno ke “dipaka tse di tlhokohatsañ,” kana jaaka Revised Standard Version e ranola 2 Timotheo 3:1 ke “metlha ya go ngomoga pelo.” Mo dinageng tse di tlhabologang, mathata a a tshwanang le go tlhoka tiro, dituelo tse di kwa tlase, le go tlhoka dilo tse di botlhokwa thata go leretse malapa mathata a mantsi. Lefa go ntse jalo, le eleng le kwa United States e go ka tweng e humile, mathata a ikonomi a ama batho tota. Patlisiso nngwe e e neng ya dirwa kwa U.S. e ne ya senola gore madi ke sone selo se setona se se bakang dintwa mo lelapeng. Buka ya Secrets of Strong Families e tlhalosa gore “nako, go akanya thata, [le] nonofo” tse di dirisiwang fa go dirwa tiro ya boitshediso le tsone e ka nna “mmaba yo o sa itshupeng” yoo a jang ka bonya dilo tse di tshwanetseng go dirwa mo lenyalong.
Palo e kgolo thata ya basadi e ile ya patelediwa ke maemo gore e ye go batla ditiro. Mokwadi Vance Packard o bega jaana: “Gone jaanong, mo e ka nnang nngwenneng ya bomme ba ba nang le masea le banyana ba ba kafa tlase ga dingwaga tse tharo ba kwa Amerika ba dira tiro ya mofuta mongwe.” Go tlamela bana bano ba babotlana ka dilo tse ba di batletseng ruri mmogo le go dira tiro nngwe gape e ka nna tiro e ntsi thata mo mothong ebile e ka lapisa—go felela go ama batsadi le bana ka tsela e e seng monate. Packard o oketsa ka gore “dimilione di sekae tsa bana gompieno ga di tlhokomelwe ka tsela e e siameng mo dingwageng tsa fa ba le babotlana,” gonne go sena mafelo a a lekaneng a go tlhokomela bana kwa United States.—Our Endangered Children.
Mafelo a go dirwang kwa go one gantsi a koafatsa kutlwano ya lelapa. Badiri ba bantsi ba gogelwa ke badiri mmogo le bone gore ba tlhakanele dikobo nabo. Ba bangwe bone ba tshwarega mo go batleng go atlega goo go sa ba thuseng ka sepe mme ba latlhaganya botshelo jwa lelapa gore fela ba tswelele ka go ithutela tiro nngwe. (Bapisa Moreri 4:4.) Monna mongwe o ne a tshwarega ka tiro ya gagwe jaaka morekisi mo e leng gore mosadi wa gagwe o ne a itlhalosa gore “totatota ke motsadi a le nosi.”
Go Kitlana ga Lenyalo go Koafetse
Thulaganyo ya lenyalo ka boyone e ile ya tlhaselwa. Buka ya The Intimate Environment e bolela jaana: “Bogologolo, go ne go lebelelwa gore batho ba ba nyalaneng ba ne ba nna ba ntse ba nyalane kwantle ga fa yo mongwe a ne a ka dira phoso e kgolo tota mo lenyalong—boaka, bosetlhogo bongwe, kana a latlhile yo mongwe a sa mo tlhokomele. Gompieno batho ba bantsi ba leba boikaelelo jwa lenyalo e le go ikgotsofatsa fela.” Ee, lenyalo le lejwa jaaka sengwe se se tlosang go sa itumelang, go lapisega pelo, kana bodutu—eseng jaaka go iketleetsa gore o tla nna le motho botshelo jotlhe. Seo se lebeletsweng thata ke gore o ka bona eng mo lenyalong, eseng gore o tshwanetse go dira eng ka bowena. (Bapisa Ditihō 20:35.) “Go fetoga gono ga dilo tse di botlhokwa mo lenyalong” go ile ga koafatsa go kitlana ga lenyalo thata. Fa banyalani ba sa kgone go kgotsofala, ba a tlhalana ba go dira tsela ya ntlha e ba ka rarabololang mathata a bone ka yone.
Bibela e tlhalosa batho ba ‘metlha eno ya bofelo’ ka tsela ya seperofeti e bolela gore ba ‘tshotse setshwantsho fela sa poifomodimo, mme thata ya gone ba e latotse.’ (2 Timotheo 3:4, 5) Baitseanape ba bantsi ba akanya gore go tlogela ga batho bodumedi go ile ga nna le seabe se segolo mo go koafatseng lenyalo. Mo bukeng ya gagwe The Case Against Divorce, Dr. Diane Medved o ne a kwala jaana: “Ditumelo tse dintsi di bolela gore Modimo o ne wa bolela gore lenyalo ke selo sa leruri. Fa o sa tlhomamisege ka Modimo kana o sa dumele mo go Ene, he o ka dira se wena o se batlang.” Go felela ka gore fa lenyalo le nna le mathata, banyalani ga ba senke ditsela tse di utlwalang tsa go rarabolola mathata. “Ba itlhaganelela go le fedisa.”
Basha Ba Tlhasetswe
Basha ba tlaletswe thata ka ntlha ya dilo tse di tshwenyang maikutlo tsa gompieno. Dipalo tse di tshosang tsa bana ba itewa botlhoko ebile ba sotliwa ka tsela e ba buisiwang ka yone ke batsadi ba bone kana ba ba sotla ka go tlhakanela dikobo le bone. Tlhalo e dira gore dimilione tse dingwe di amogiwe go nna le batsadi ba babedi bao ba ba tlhotlheletsang ka lorato, mme botlhoko jo bo bakiwang ke go tlhalana ga batsadi gantsi bo utlwiwa botshelo jotlhe.
Bana ba tlhotlhelediwa ke dilo dingwe tse di maatla. Ka nako ya fa mosha wa Moamerika a na le dingwaga di le 14 o setse a bone go bolawa batho ba le 18 000 ebile a bone gape le mekgwa e e ka se kang ya balwa ya thubakanyo, boitsholo jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo, go kgotsofatsa keletso ya tlhakanelodikobo ka go itaya ba bangwe botlhoko, le bokebekwa, ka go leba thelebishene fela. Mmino le one o na le maatla mo basheng, ebile bontsi jwa one o bua dilo tse di maswe ka tsela e e tshosang, o bua ka tlhakanelodikobo, kana le eleng go bua ka dilo tsa bosatane. Kwa sekolong bana ba rutiwa thutotlhagelelo eo e koafatsang go dumela ga bone mo Modimong wa Bibela. Go gatelelwa ke balekane le gone go dira gore ba le bantsi ba tlhakanele dikobo pele ga lenyalo le go nwa bojalwa kana go dirisa diokobatsi ka tsela e e sa tshwanelang.
Motswedi wa go Ngomoga Pelo mo Lelapeng
Lelapa le tlhaselwa ka dilo tse dintsi ebile di ka fekeetsa tota. Ke eng seo se ka thusang malapa gore a falole seno? Mogakolodi mo dikgannyeng tsa malapa ebong John Bradshaw o akantsha jaana: “Melao ya rona ya go godisa bana e sale e ntse jalo e sa tlhabololwe ka tsela epe e e masisi mo dingwageng tse 150. . . . Ke dumela gore melao ya bogologolo ga e tlhole e dira.” Lefa go ntse jalo, melao e e oketsegileng e e dirilweng ke batho ga e rarabolole sepe. Jehofa Modimo ke ene a tlhomileng lelapa. O itse botoka go gaisa ope fela kafa lelapa le leng botlhokwa tota ka teng gore motho a itumele ebile o itse se se tlhokegang gore lelapa le itumele le bo le nonofe. A re tshwanetse go gakgamala go bo Lefoko la gagwe ebong Bibela le kgona go rarabolola go ngomoga pelo go go leng mo malapeng?
Buka eo ya bogologolo e tlhalosa gore go tlile jang gore botshelo jwa lelapa bo senyege. Banyalani ba ntlha ba batho, Adame le Efa, ba ne ba bewa mo tshimong e ntle mme ba newa tiro e e gwetlhang ya go fetola lefatshe lotlhe paradaise. Modimo o ne wa ntsha taolo ya gore Adame e ne e tla nna ene tlhogo ya lelapa. Efa o ne a tshwanetse go dirisana mmogo le ene jaaka tlhogo ene e le ‘mothusi,’ kana “motlatsi.” (NW) Mme lefa go ntse jalo Efa o ne a tsuologela thulaganyo eno. O ne a tsaya botlhogo jwa monna wa gagwe mme a tlola selo se le sengwe fela ka monwana se Modimo o neng o ba thibetse mo go sone. Adame o ne a latlha botlhogo jwa gagwe mme a golagana le ene mo go tsuologeng.—Genesise 1:26–3:6.
Matswela a a bolayang a go fapoga thulaganyo eno ya Modimo a ne a bonala ka bonako fela. Ereka ba ne ba sa tlhole ba itshekile ebile ba sa tlhole ba sena molato, Adame le Efa ba ne ba tlhabiwa ke ditlhong ba bo ba ikutlwa ba le molato. Adame, yoo pele ga foo a neng a ile a reta mosadi wa gagwe ka mafoko a a monate jaanong o ne a mmitsa ka tsela e e sa supeng boitumelo a re ke “mosadi eo o mo nneileñ.” Go ngomoga pelo mo lenyalong go ne ga simolola ka one mafoko a a seng monate ao a a neng a akgela ka one. Maiteko a ga Adame a gore a bone botlhogo jwa gagwe gape mme go sa thuse sepe a ne a tla felela ka gore a “mo laole ka thata.” (NW) Efa le ene o ne a tla ‘eletsa’ monna wa gagwe, gongwe go feta selekanyo kana ka tsela e e feteletseng.—Genesise 2:23; 3:7-16.
Ga go gakgamatse go bo mathata a ga Adame le Efa a lenyalo a ne a dira gore bana ba bone e nne batho ba ba sa siamang. Morwaabone wa leitibolo Kaine o ne a nna mmolai yo o setlhogo. (Genesise 4:8) Lameke, setlogolwana sa ga Kaine, o ne a oketsa go senyega ga botshelo jwa lelapa ka go nna motho wa ntlha yo go kwadilweng ka ene yo a neng a nna le basadi ba bantsi. (Genesise 4:19) Ka gone, Adame le Efa ga ba a ka ba naya bana ba bone boswa jwa boleo le loso fela mme ba ne ba tsenya lotso lwa motho bokoa jo bo neng jwa lo tlhasela fa esale go tloga ka nako eo. Mo metlheng eno ya bofelo, go sa utlwane mo lelapeng go godile fela thata.
Malapa A A Itumetseng
Lefa go ntse jalo, dilo tse gompieno di tshwenyang maikutlo ga di tlhakatlhakanye malapa otlhe. Ka sekai, go na le rre mongwe yo a nnang le mosadi wa gagwe le bomorwadie ba babedi mo motsaneng mongwe kwa United States. Le mororo bontsi jwa baagelani ba bone ba na le mathata le bana ba bone ka ntlha ya dingwaga tse ba fetanang ka tsone, ene le mosadi wa gagwe ga ba na one, ebile ga ba tshwenyege ka gore bomorwadiabone ba ka lekeletsa diokobatsi kana tlhakanelodikobo. Maitseboa mangwe le mangwe a Mantaga, fa basha ba bangwe ba lebile thelebishene, lelapa lotlhe la bone le a bo le ntse mo tafoleng ya kamore ya bojelo go tla go tlotla ka Bibela. “Maitseboa a Mantaga ke maitseboa a a kgethegileng mo go rona gore re nne mmogo re tlotle,” o tlhalosa jalo. “Bomorwadiarona ba tlotla mathata a bone le rona ba gololesegile.”
Kafa letlhakoreng le lengwe, go na le motsadi mongwe yo o godisang bana a le esi kwa New York City yoo ene le bomorwadie ba babedi ba utlwanang tota mo lelapeng ka tsela e e sa tlwaelegang. Sephiri sa gagwe ke eng? “Re tima thelebishene go fitlha ka mafelobeke,” o a tlhalosa. “Re tlotla ka temana ya Bibela letsatsi le letsatsi. Gape re beela maitseboa a le mangwe kwa thoko go tla go tlotla ka Bibela jaaka lelapa.”
Malapa ano ka bobedi jwa one ke a Basupi ba ga Jehofa. Ba latela kgakololo e e mo Bibeleng e e newang malapa—ebile e a ba thusa. Lefa go ntse jalo, ga se bone fela. Go na le malapa a a tshwanang le a bone a le diketekete tse di makgolokgolo ao a bonang matswela a a molemo a go latela melao ya botshelo jwa lelapa e e bonwang mo bukeng eo.b Tota melao eo ke efe? E ka solegela wena le lelapa la gago molemo jang? Re go laletsa go sekaseka ditlhogo tse di simololang mo tsebeng e e latelang go bona karabo.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Go bona bosupi jo bo oketsegileng jwa gore metlha ya bofelo e simologile ka 1914, bona kgaolo 18 ya buka ya O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
b Basupi ba ga Jehofa ba thusa motho ka namana kafa a ka dirisang melaometheo ya Bibela ya lelapa ka teng ka go ithuta le ene Bibela mo legaeng mahala. Go ka ikgolaganngwa le bone ka go kwalela bagatisi ba makasine ono.
[Setshwantsho mo go tsebe 4]
Maemo a a kwa tlase a ikonomi a dira gore malapa a mantsi a tshwenyege thata mo dinageng tse di tlhabologang
[Motswedi wa Setshwantsho]
U.S. Navy photo
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Malapa a mantsi a kgona go lwa le dilo tse di tshwenyang maikutlo tsa gompieno ka go dirisa melaometheo ya Bibela