Nna le Seabe mo Tirong E e Se Kitlang e Boelediwa Gape
1 Ka dinako tse di farologaneng mo hisitoring ya batho, Jehofa o ne a tshwanela gore a diragatse katlholo ya gagwe mo babeng ba gagwe. Lefa go ntse jalo, ka ntlha ya bopelotlhomogi jwa gagwe, o ne a naya batho ba ba dipelo di siameng tshono ya gore ba bolokwe. (Pes. 103:13) Tsela e ba neng ba arabela ka yone e ne e tla laola se se neng se tla ba diragalela morago.
2 Ka sekai, pele ga Morwalela, ka 2370 B.C.E., Noa e ne e le “moreri wa tshiamo.” Batho ba ba neng ba senngwa e ne e le ba ba neng ba itlhokomolosa tlhagiso ya Modimo. (2 Pet. 2:5; Baheb. 11:7) Pele ga Jerusalema e senngwa ka 70 C.E., Jesu o ne a tlhalosa ka phepafalo se motho a neng a tlhoka go se dira gore a kgone go falola kudumedi e e neng e tla wela motse oo. Botlhe ba ba ileng ba itlhokomolosa ditlhagiso tsa gagwe ba ne ba welwa ke matlhotlhapelo. (Luke 21:20-24) Ditlhagiso le dikatlholo tse di ntseng jalo tsa Modimo di ile tsa boelediwa gantsintsi go ralala hisitori.
3 Tiro ya go Tlhagisa ya Motlha wa Segompieno: Jehofa o ne a bolela bogologolo gore tšhakgalo ya gagwe e ne e tla tlisiwa mo tsamaisong e e boikepo ya gompieno le gore go ne go tla falola batho ba ba pelonomi fela. (Sefa. 2:2, 3; 3:8) Nako ya go rera molaetsa ono wa tlhagiso e ntse e fela ka bonako! “Sepitla se segolo” se gaufi thata, mme jaanong batho ba ba pelonomi ba ntse ba a phuthiwa. Eleruri “masimo” a ‘masweu go rojwa.’ Ka gone, ga go na tiro epe e e botlhokwa e bile e potlakile go feta eno.—Math. 24:14, 21, 22; Joh. 4:35.
4 Re tshwanetse go nna le seabe mo go utlwatseng tlhagiso ya motlha wa segompieno mo go ba bangwe, “ba utlwa, kgotsa ba gana go utlwa.” Eno ke tiro e re e neilweng ke Modimo e re sa tshwanelang go e itlhokomolosa. (Esek. 2:4, 5; 3:17, 18) Fa re nna le seabe ka botlalo mo tirong eno, go tla naya bosupi jo bo tlhatswang pelo gore re rata Modimo thata, gore re amegile thata ka baagelani ba rona le gore re na le tumelo mo Mmoloking wa rona, Jesu Keresete.
5 Jaanong ke Nako ya go Tsaya Kgato: Mo nakong e e fetileng fa Jehofa a sena go diragatsa katlholo ya gagwe, ka metlha boikepo bo ne bo boa bo nna teng gape, ka gonne Satane le badimona ba gagwe ba ne ba ntse ba le teng. Lefa go ntse jalo, mo lekgetlhong leno ga go na go nna jalo. Tlhotlheletso ya bosatane e tla fedisiwa. Ga go kitla go tlhola go tlhokega gore lefatshe le tlhagisiwe kaga “sepitla se segolo” se se tlang. (Tshen. 7:14; Bar. 16:20) Re na le tshiamelo e e kgethegileng ya go nna le seabe mo tirong e e se kitlang e boelediwa gape. Jaanong ke nako ya gore re sole sebaka seno molemo ka botlalo.
6 A tlhomamesegile thata, moaposetoloi Paulo o ne a bolela mafoko ano ka tiro ya gagwe ya go rera: “Ka ga batho botlhe, [ga ke na] molato wa madi mo go bone.” (Dit. 20:26) Ga a ka a ikutlwa a na le molato wa madi ka ntlha ya go palelwa ke go ntsha tlhagiso. Ka ntlha yang? Ka gonne o ne a ka bua jaana kaga bodiredi jwa gagwe: “Kwa le gone ke direlelang teng, ke leka ka thata.” (Bakol. 1:29) A le rona re neng le kgotsofalo e e tshwanang ka go nna le seabe ka botlalo ka tsela e re ka kgonang ka teng mo tirong eno e e se kitlang e boelediwa gape!—2 Tim. 2:15.