Lapolosa Balosika Lwa Gago ka Metsi a Boammaaruri
“YAKA metse a a tsididi mo mothuñ eo o lenyōra, mahoko a a molemō a a cwañ lehatshiñ ye le kgakala a nntse hèla yalo,” go ne ga bua jalo Solomone. (Diane 25:25) Abo moya o o lapileng o ka tlhotlhelediwa jang ne ke go utlwa pego e e molemo ka botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng le le tlang la paradaise! Ka tsela eno, molomo wa gago o nna “mocwedi oa botshelō.”—Diane 10:11; Isaia 52:7.
Metsi a kolobetsa mmu mme a dira gore dilo di tlhoge, mme morwalela o ka senya. Gape, metsi a a tsidifaditsweng a a lapolosa, mme ke mang yo o tla ratang go tshwarwa ke phefo e e tsididi e e nang le semathana kana pula e e nang ka sefako? Ereka seo se tswang mo molomong se ile sa bapisiwa le metsi, re tshwanetse go elatlhoko go ruta ga rona. (1 Timotheo 4:16) Mme segolo bogolo re tshwanetse go tlhokomela ka moo “metsi” ano a ka nnang le matswela a a farologaneng ka gone fa re rerela balosika.
Go “Nosetsa” Balosika
Mo metlheng ya bogologolo, Rahabe o ne a bulela balelapa la gagwe tsela ya go falola, mme Korenelio o ne a neela bosupi fa pele ga balosika lwa gagwe. (Yoshue 2:13; 6:23; Ditihō 10:24, 30-33) Petere o ne a thusiwa go nna morutwa wa ga Jesu ke morwarraagwe Anderea. (Yohane 1:40-42) Mme bontsi jwa Basupi ba ga Jehofa gompieno ba fetisetsa boammaaruri jwa Bibela go bamasika a bone. Diane 11:25 e solofetsa jaana: “Eo o nosañ le èna ka esi o tla nosiwa.”
Mosadi mongwe kwa Yuropa o ne a eletsa go abalana le batsadi ba gagwe, bokgaitsadie, le bomorwadiarraagwe, ba ba nnang kwa Philippines tumelo ya gagwe e ntšha. O bega jaana: “Ke ne ke dira seo mo lokwalong longwe le longwe loo ke neng ke lo ba kwalela. Pele ke kolobediwa, ke ne ka ba romelela dibuka ka ba ka ba botsa fa ba ne ba batla mongwe wa Basupi ba ga Jehofa gore a ba etele.” Seo se ileng sa mo ipedisa tota, ba ne ba dumela gore ba etelwe, mme jaanong ba le robedi ba bone ba obamela Jehofa. Basupi ba bangwe ba ile ba bona matswela a a molemo ka go romela dipeeletso tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! jaaka dimpho go bamasika a bone.
Mme go tweng fa maloko a lelapa a sa kgatlhege? Jesu o ne a lebana le boemo jono, ka go bo ka nako nngwe “le e leñ bōnè bomonnawè ba ne ba sa dumele mo go èna.” Lefa go ntse jalo, moragonyana, ba ne ba ganelela mo thapelong “ka boñwe hèla yoa pelo,” gammogo le baaposetoloi. (Yohane 7:5; Ditihō 1:14) Ke ka ntlhayang fa dipelo tsa bone di ne tsa fetoga? Go lebega Jesu a ne a thusa balosika lwa gagwe pele a tlhatlogela kwa legodimong. Jang? O ne a ba thusa go nna le tumelo ka go itshupetsa morwarraagwe yo mongwe Jakobe. (1 Bakorintha 15:7) Ka gone, o seka wa lesa go leka go thusa balosika lwa gago. Basupi ba le bantsi ba ile ba kgona go bua le bamasika a bone ba ba sa dumeleng ka boammaaruri jwa Bibela morago ga go ema lobaka lo loleele ba emetse sebaka se se siameng.
Lefa go ntse jalo, go “nosetsa” balosika lwa gago ga go reye gore o bue mafoko a le mantsi le bone. Banyalani bangwe ba kwa Yugoslavia ba akgela jaana: “Go na le kotsi ya go ba rerela thata.” Molebedi mongwe yo o etang o ne a tlhokomedisa jaana: “Gantsi bakaulengwe ba go dira go feta, ba supa tlhagafalo e e feteletseng.” Ludwig o gakologelwa nako ya fa a ne a simolola go ithuta Bibela jaana: “Ke ne ke tlhola ke bua le mmè thata ka dioura tse dintsi ke mo tlhalosetsa mo e ka nnang sengwe le sengwe seo ke se ithutileng mo Bibeleng, mme gantsi seno se ne se dira gore re tatalalane, segolo bogolo le rre.”
Nna ‘Motswedi wa Botlhale’
Re bala jaana “loleme loa ba ba tlhalehileñ lo bolèla kicō ka [mo] go siameñ: me molomo oa dieleele o gorometse boeleele hèla,” mme “pelo ea mosiami e tlhatlhanya go hetola.” (Diane 15:2, 28) Go lekalekana mo mogopolong, botlhale, le temogo, ka gone di a tlhokega gore mafoko a rona e nne a a lapolosang le a a agang. Go re re bua leng, re bua eng, kana re bua jang go botlhokwa tota.
Ka sekai, abo kopi ya metsi a a tsididi e lapolosa motho yo o nyorilweng jang ne mo letsatsing le le mogote! (Mathaio 10:42) Mme ga go ope yo o ka tsayang kgamelo e e tletseng metsi a itshela mo tlhogong! Molebedi yo o etang yo o boletsweng fa godimo o ne a akgela jaana: “Ba ba bonang matswela a a molemo ke bao ba tsosang kgatlhego ya bamasika a bone ka go ba neela bosupi ka selekanyo.” Fa mongwe wa losika yo o ganetsang a ikutlwa a nyorilwe, jaaka go ka buiwa, mme a simolola go botsa dipotso, gantsi go nna le dipuisano tse di nang le matswela tsa Bibela.
Huriye, Mosupi mongwe wa kwa Turkey, o ne a fitlhelela seno ka go tlogela kwa lapeng dibuka tsa Bibela di butswe mo ditlhogong tseo di neng di ka nna tsa kgatlha monna wa gagwe yo o sa dumeleng. O ne a balela bana dipolelo tsa Bibela, mme—fa a ne a reeditse—o ne a tlhalosa ka tsela eo le ene e neng e tla mo solegela molemo. Ka dinako tse dingwe o ne a bua fela jaana: “Ke ithutile sengwe sa gore sa gore mo thutong ya me gompieno. O akanya eng ka sone?” Gape o ne a elatlhoko melao ya boitsholo eo a neng ka metlha a nna a e gakologetswe: “Ritibala, o seka wa gakadiwa ke sepe kana wa kgopisega. O seka wa itira yo o itseng tsotlhe. Ikokobetse mme o emele kwa morago.” Kgabagare monna wa gagwe o ne a amogela boammaaruri jwa Bogosi mme jaanong o direla jaaka modihedi wa nako e e tletseng.
Marijan o ne a thusa ba sekae ba losika lwa gagwe go amogela tumelo ya gagwe. “O seka wa ba pateletsa mme leta go bona sebaka se se siameng,” o gakolola jalo. “Re tshwanetse go ba bontsha tlotlo fa ba re kopa gore re seka ra bua le bone ka boammaaruri. Mme re tshwanetse go nna pelotelele le lorato.” Mme Moreri 3:7 e tshwanela tota segolo bogolo fa balosika lwa rona ba re ganetsa. E bolela gore go na le “motlha oa go didimala, le motlha oa go bua.” Seno se raya gore o reetse ka bopelotelele, o seka wa kgaupetsa, gape o tlotle dikgopolo tse dingwe. “Ga go a siama gore motho a ikutlwe a gotela fa a bua le balosika lwa gagwe,” go bua jalo Petar, yoo pele a neng a ganetsa mme a fetola boemo jwa gagwe.
A go Rere Boitsholo jo bo Siameng
Monna mongwe yo o sa dumeleng o ne a tshwenya mosadi wa gagwe wa Mokeresete ka dingwaga di le dintsi, ka dinako dingwe a mo lotlelela kwantle ga ntlo. Nako nngwe o ne a galefa mo a ileng a gagola buka nngwe eo a neng a lebetse go e fitlha. Boikutlo jwa gagwe bo ne jwa fetolwa ke eng? O tlhalosa jaana: “Ke ne ke tlhola ke ipotsa gore ke ka ntlhayang fa mosadi wa me a tlhagafetse jaana mme a nna a ikaegile ka Jehofa. Ke ne ke sa kgone go mmona molato, ereka a ne a tshola ntlo sentle, e le mosadi yo o molemo le mmaagwe bana ba me.” Ka letsatsi lengwe monna yo o ne a batla sengwe seo a neng a ka se bua kwa pokanong nngwe ya metsotso e metlhano, ka jalo mosadi wa gagwe o ne a mo naya ditokololo tse pedi tsa Tsogang! O ne a di leba fela a sa rate, mme se se neng sa mo gakgamatsa o ne a fitlhela setlhogo sengwe se se mosola kaga go dirwa ga dipensele. Mme seno se ne sa tsosa kgatlhego ya gagwe mo dimakasineng tseno. Gompieno, lelapa leno le obamela Jehofa ka kutlwano.
Moaposetoloi Petere o gakolola gore mosadi a ka gapa monna yo o sa dumeleng ‘kwantle ga lefoko ka boitsholo jwa gagwe jo bontle gammogo le tlotlo e e boteng’ mme seno se dira le mo malokong a mangwe a lelapa. (1 Petere 3:1, 2) Fa banyalani bangwe ba ne ba tlogela ngwao ya bogologolo e e seng ya Bibela le bodumedi jwa batsadi ba bone ba Baromania, bamalapa a bone ba ne ba ba ganetsa tota. Mosadi o ne a tlhaselwa ke matsalaagwe, yo a neng a leka go mmolaya. “Ga re a ka ra letla seno go re kgoba marapo kana go re gakatsa. Re ne ra latlhela mathata a rona otlhe mo go Jehofa,” go bega jalo Nikolic. Dingwaga di le 11 moragonyana batsadi ba gagwe, bokgaitsadie boobabedi, le banna ba bokgaitsadie ba ne ba nna Basupi ba bo ba kolobediwa. Ke eng seo se ileng sa dira seo? “Sekao se se molemo le boitsholo jwa Bokeresete. Ka mafoko a mangwe, re ne re sa senye nako e ntsi re bua le bone ka boammaaruri. Go na le moo, re ne re leka go bo dirisa.”
O Seka wa Latlhegelwa ke Tsholofelo!
Lefa go ipedisa go bona balosika ba simolola go obamela Modimo wa boammaaruri, go tweng fa ba bangwe ba tswelela ba ganetsa? O tshwanetse go itshwara jang? Jesu o ne a bonela pele gore kobamelo ya boammaaruri ka dinako dingwe e tla dira gore go nne le dikgaogano tse dikgolo fa gare ga bamasika. (Mathaio 10:34-37) Marica o ne a tlogelwa ke maloko otlhe a lelapa fa a ne a fetoga mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Lefa a ne a tlhomame mo kobamelong ya gagwe, o ne a santse a lemoga gore “bamasika a gagwe le bone ba na le tshwanelo ya go nna le maikutlo le dikgopolo tsa bone.” Boikutlo jwa gagwe bo ne jwa ba tlhotlheletsa gore ba mo tlotle fela jaaka ba ne ba dira pele.
Ludwig o ne a lemoga gore o ne a tshwanetse go rata batsadi ba gagwe le eleng lefa ba ka itlhophela tsela e e farologaneng ya botshelo. O ne a tlhola a ikgakolola ditemana tsa Bibela tseo di tshwanelang, jaaka e e reng: “Tlotla rrago le mmago”; “a puō ea lona e nnè ntlè ka metlha eotlhe, e lokilwe ka lecwai”; “lo nntse lo iketleeditse ka metlha eotlhe go hetola motho moñwe le moñwe . . . ka boikokobeco le poihō”; le, “motlhanka oa Morèna ga aa chwanèla go lwa.” (Baefesia 6:2; Bakolosa 4:6; 1 Petere 3:15; 2 Timotheo 2:24) “Nako le nako fa ke ne ke leletsa batsadi ba me mogala kana ke ba etela, ke ne ke rapela Jehofa gore a nneye botlhale, mme fa go ntse go ya kamano ya me le bone e ne ya ritibala, ya nna ya botsalano,” o bega jalo.
O seka wa latlhegelwa ke tsholofelo ya gore peo ya boammaaruri ga e kitla e ungwa mo dipelong tsa balosika lwa gago. Monna mongwe yo o kolobeditsweng jaaka Mosupi wa ga Jehofa dingwaga di le 31 morago ga mosadi wa gagwe, o akgela jaana: “Fa ke akanya ka dilo tse di fetileng, ke tshwanetse go dumela gore mosadi wa me o ne a le pelotelele le nna. Ke ne ke lemoga sentle gore o ne a tlhola a nthapelela mo go Jehofa.”
A mafoko a a tswang mo molomong wa gago a tlhotlheletse a timole lenyora jaaka metsi a a phepa! Ee, abalana ‘mafoko a a molemo a Modimo o o itumetseng’ le batho botlhe, go akareletsa le balosika ba gago. (1 Timotheo 1:11; Tshenolō 22:17) Jalo he mafoko ano a ga Jesu a tla dira mo go wena: “Eo o dumèlañ mo go nna, dinoka tsa metse a a tshedileñ di tla èla di cwa mo mpeñ ea gagwè.”—Yohane 7:38.