LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 4/05 ts. 5
  • Ba Thuse go Bona Bosupi jo bo Oketsegileng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ba Thuse go Bona Bosupi jo bo Oketsegileng
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Simolola Tshimo ya Puo e Sele
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2009
  • Kafa o ka Dirisang Foromo ya Tsweetswee Boela (S-43) ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2011
  • Mekgwa ya go Rera Dikgang Tse di Molemo
    Re Rulaganyeditswe go Dira Thato ya ga Jehofa
  • Go Bontsha go sa Tlhaole Batho mo Bodiheding jwa Rona
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
km 4/05 ts. 5

Ba Thuse go Bona Bosupi jo bo Oketsegileng

1 Fa re ntse re rera dikgang tse di molemo, gantsi re a tle re kopane le batho ba ba sa nneng mo tshimong ya rona, kgotsa ba ba buang puo e sele, go akaretsa le ba ba buang puo ya diatla. Ba bangwe ba gongwe re ileng ra nna le motlotlo o o itumedisang wa Baebele le bone ba ka nna ba fuduga ba tswa mo tshimong ya rona. Re ka dira jang go thusa batho bano gore ba bone bosupi jo bo oketsegileng? Ka go dirisa foromo ya Tsweetswee Boela (S-43).

2 Gantsi batho ba reetsa dikgang tse di molemo ka kelotlhoko fa ba di utlwa ka puo ya bone. (Dit. 22:1, 2) Fa re kopana le batho bano, re tla rata go dirisa bukana e ntšha ya Good News for People of All Nations e re e amogetseng kwa dikopanong tsa kgaolo tse re nnileng le tsone bosheng jaana. Ka gone, gantsi, fa re kopana le motho yo o buang puo e sele, re tshwanetse go tlatsa foromo eno tota le fa motho yono a sa bontshe go kgatlhegela molaetsa wa Bogosi. Le fa go ntse jalo, fa go na le setlhopha se segolwanyane sa batho ba ba buang puo e sele, ba ba neelwang bosupi ka metlha, go ka nna ga se ka ga tlhokega gore o tlatse foromo eno ntle le fa motho a bontshitse go kgatlhega.

3 Go Tlatsa Foromo Eno: Ka botlhale kopa motho yono leina la gagwe, aterese ya gagwe le dinomoro tsa gagwe tsa mogala o bo o di kwale. Kwala gore o bontshitse kgatlhego e e kana kang, gore a ka fitlhelelwa ka dinako dife, gore o tsamaiseditswe kgotsa o kopile kgatiso efe le gore o tlhaloganya puo efe botoka. Fa o sena go tlatsa foromo eno, e neye mokwaledi ka bonako, mme ene o tla e romela kwa phuthegong kgotsa kwa setlhopheng se se tshwanelang.

4 Go Romela Foromo Eno: Fa mokwaledi a sa itse gore foromo eno e tshwanetse go romelwa kwa phuthegong efe kgotsa kwa setlhopheng sefe, kgotsa a se na aterese ya phuthego eo kgotsa setlhopha seo, a ka nna a leletsa Territory Desk mogala kwa ofising ya lekala gore a kope tshedimosetso e a e tlhokang. Ga go tlhole go tlhokega gore a itsise molebedi wa toropo fa a romela foromo eno.

5 Fa phuthego nngwe kgotsa setlhopha se amogela foromo e e tladitsweng ya Tsweetswee Boela, go tshwanetse ga dirwa dithulaganyo ka bonako gore motho yono a etelwe. Fa re ntse re dira seabe sa rona ka botlalo, re ka tlhomamisega gore Jehofa o tla bula dipelo tsa batho ba ba nang le “tshekamelo e e siameng ya go bona botshelo jo bo sa khutleng.”—Dit. 13:48.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela