Karolo 9: Go Thusa Baithuti go Neela Bosupi Jo e Seng Jwa ka Tlwaelo
Go Tshwara Dithuto Tse di Gatelang Pele Tsa Baebele
1 E ne ya re fa Anderea le Filipo ba lemoga gore Jesu e ne e le Mesia yo o solofeditsweng, ba ne ba se ka ba ikgogona go bolelela batho ba bangwe dikgang tseno tse di itumedisang. (Joh. 1:40-45) Ka tsela e e tshwanang le gompieno, fa batho ba ba ithutang Baebele ba simolola go dumela dilo tse ba di ithutang, ba ikutlwa ba patelesega go bolelela ba bangwe ka tsone. (2 Bak. 4:13) Re ka ba kgothatsa jang gore ba neele bosupi jo e seng jwa ka tlwaelo le go ba thusa go dira jalo ka tsela e e nang le matswela?
2 Gongwe o ka botsa motho yo o ithutang le ene gore a o setse a kile a bua le batho ba bangwe ka se a se ithutileng mo Baebeleng. Gongwe go na le ditsala dingwe tsa gagwe le bangwe mo lelapeng la gaabo ba a ka nnang a ba kopa gore ba nne teng fa a rutwa. Mmotse gore a go na le bape ba a berekang le bone, ba a tsenang sekolo le bone kgotsa batho bangwe ba a ba tlwaetseng ba ba bontshitseng kgatlhego. Fa a dira jalo, a ka kgona go simolola go neela bosupi. Mo thuse go lemoga gore go botlhokwa go dirisa temogo, go nna pelonomi le go bontsha tlotlo fa a bua le batho ba bangwe ka Jehofa Modimo le maikaelelo a gagwe.—Bakol. 4:6; 2 Tim. 2:24, 25.
3 Go Bolelela ba Bangwe ka Tumelo ya Bone: Go botlhokwa thata go thapisa batho ba re ithutang le bone Baebele gore ba kgone go dirisa Lefoko la Modimo fa ba bolelela batho ba bangwe ka tumelo ya bone. O ka nna wa tla o ntse o kgaotsa fa lo ntse lo ithuta, o botsa moithuti dipotso tse di jaaka: “O ka dirisa Baebele jang go tlhalosetsa ba lelapa la gaeno ka thuto eno?” kgotsa “O ka dirisa temana efe ya Baebele go ntshetsa tsala ya gago bosupi ka ga seno?” Ela tlhoko kafa a arabang ka gone mme o mmontshe gore a ka tshegetsa thuto ya gagwe jang ka Dikwalo. (2 Tim. 2:15) Fa o dira jalo, o tla bo o thusa moithuti yono go neela bosupi jo e seng jwa ka tlwaelo le gore fa a tshwanelega, a nne le seabe mo tirong ya go rera e e dirwang ke phuthego.
4 Go botlhale go thusa baithuti gore ba ipaakanyetse go lebana le kganetso. (Math. 10:36; Luke 8:13; 2 Tim. 3:12) Fa batho ba bangwe ba botsa dipotso kgotsa ba bua dilo dingwe ka Basupi ba ga Jehofa, seno se ka nna sa naya baithuti tshono ya gore ba neele bosupi. Boroutšhara jwa setlhogo se se reng Basupi ba ga Jehofa—Ke Bomang? Ba Dumela Eng? bo ka ba thusa ‘go iketleeletsa go iphemela.’ (1 Pet. 3:15) E na le tshedimosetso e e molemo e batho ba ba sa tswang go kopanela ba ka e dirisang go thusa ditsala tse di kgatlhegang le ba malapa a bone go tlhaloganya tumelo ya rona e e theilweng mo Baebeleng le ditiro tse re di dirang tse di amanang le yone.