Go Simolola Dithuto Tsa Baebele o Eme fa Kgorong le ka Founo
1, 2. Re ka fetola jang thulaganyo ya rona ya go tshwara dithuto tsa Baebele gore re kgone go thusa batho ba ba tshwaregileng?
1 Batho ba tshwaregile gompieno. Le fa go ntse jalo, ba le bantsi ba kgatlhegela dilo tsa semoya. Re ka ba thusa jang gore ba bone dilo tseno tse ba di tlhokang semoyeng? (Math. 5:3) Baboledi ba le bantsi ba kgona go simolola dithuto tsa Baebele le batho ba le fa kgorong kana ka go dirisa founo. A o ka atolosa bodiredi jwa gago ka tsela eno?
2 Gore re kgone go simolola dithuto tsa Baebele, go tlhokega gore re bo re ipaakanyeditse gore fa maemo a re letla, re kgone go bontsha motho gore thuto ya Baebele e tshwarwa jang. Re ka dira seno jang le gone kae?
3. Ke ka ntlha yang fa o tshwanetse go bontsha mong wa ntlo mo loetong lwa ntlha fela gore thuto ya Baebele e tshwarwa jang, mme o ka dira seno jang?
3 Fa re Le mo Kgorong: Fa o kopana le motho yo o iketleeleditseng go tlotla ka Baebele, bula mo serapeng se o se baakanyeditseng go sa le gale, se se tshwanang le serapa sa ntlha mo go thuto 1 mo boroutšhareng jwa Re Direng, o bo o simolola. Bala serapa, botsa potso mme o tlotle ka temana e le nngwe kana di le pedi tsa tse di umakilweng. Gantsi seno se ka dirwa gone fa kgorong go dirisiwa metsotso e le metlhano go ya go e le lesome. Fa mong wa ntlo a itumelela motlotlo, dira dithulaganyo tsa go tla go tlotla le ene ka serapa se se latelang kana di le pedi mo nakong e e tlang.—Dikakantsho tse dingwe tsa go simolola dithuto ka tlhamalalo di ka bonwa mo kgatisong ya Tirelo ya rona ya Bogosi ya January 2002, ts. 6.
4. Re ka simolola jang thuto ya Baebele re eme fa kgorong fa re dira maeto a go boela?
4 O ka dira se se tshwanang go simolola dithuto tsa Baebele fa o dira maeto a go boela. Ka sekai, o ka nna wa mmontsha boroutšhara jwa Re Direng, o mo kaele leina la Modimo mo thutong 2, serapa 1-2. Fa o boela gape, o ka nna wa tlotla ka se Baebele e se buang ka dinonofo tsa ga Jehofa, o dirisa serapa 3-4. Mo motlotlong o o latelang, o ka tlotla ka serapa 5-6 le ka setshwantsho se se mo tsebeng 5, o gatelela kafa go ithuta Baebele go ka re thusang ka gone go itse Jehofa. Re ka dira seno sotlhe re eme fa kgorong.
5, 6. (a) Ke ka ntlha yang fa batho ba bangwe ba ka nna ba eletsa go ithuta Baebele ka founo? (b) Re ka dirisa mokgwa ofe fa re kopa batho go ithuta le bone ka founo?
5 Ka Founo: Batho ba bangwe ba ka nna ba go fitlhela go le botoka go ithuta Baebele ka founo go na le gore re ba etele kwa gae. Akanya ka sekai seno: Fa kgaitsadi mongwe a ne a rera ka ntlo le ntlo, o ne a kopana le mosadi mongwe yo e neng e le mmabana e bile e le motho yo o berekang. Fa kgaitsadi yono a ne a sa tlhole a kgona go mo fitlhela a le teng kwa gae, o ne a swetsa ka gore o tla mo founela. Mosadi yono yo o neng a sa ntse a le mosha o ne a tlhalosa gore tota o ne a se na nako ya go tlotla ka Baebele. Kgaitsadi yono o ne a re: “O ka ithuta sengwe se sesha mo metsotsong e le 10 kana 15 fela, le e leng ka founo.” Mosadi yono o ne a araba a re: “Fa e le gore re ka dira jalo ka founo, go siame!” Go ise go ye kae, ba ne ba ithuta Baebele ka metlha ba dirisa founo.
6 A bangwe ba batho ba o ba etelang ba ka rata go ithuta ka founo? O ka nna wa dirisa mokgwa o o sa tswang go tlhalosiwa, kana o bue fela o re: “Fa o batla, re ka nna ra tlotla ka Baebele re dirisa founo. A seo se tla nna botoka mo go wena?” Ka go fetola thulaganyo ya rona ya go tshwara dithuto tsa Baebele gore e tshwanele ba bangwe, re ka ba thusa go “bona e e leng kitso ya Modimo.” (Dia. 2:5; 1 Bakor. 9:23)