Tshwara Dithuto Tsa Baebele Tse di Gatelang Pele o Eme fa Kgorong le ka Thelefouno
1. Boikaelelo jwa rona ke eng fa re tshwara dithuto tsa Baebele?
1 A bo go itumedisa jang ne go simolola thuto ya Baebele! Le fa go ntse jalo, go bona motho yo o kgatlhegelang go ithuta Baebele ke tshimologo fela. Boikaelelo jwa thuto ke go thusa motho go nna morutwa wa mmatota wa ga Keresete. (Math. 28:19, 20) Ke eng se se ka re thusang go fitlhelela mokgele oo?
2. Dithuto tsa Baebele tse di tshwarwang go engwe fa kgorong le ka thelefouno ke tse di ntseng jang, mme ke ka ntlha yang fa di na le matswela?
2 Batho ba ba Tshwaregileng: Gompieno batho ba tshwaregile tota. Mo mafelong mangwe, ke batho ba se kae fela ba kwa tshimologong ba ka nnang ba rata go dirisa ura e le nngwe go ithuta Baebele. Go thusa batho ba ba ntseng jalo, re ile ra kgothalediwa go simolola dithuto tsa Baebele le go di tshwara re eme fa kgorong kgotsa ka thelefouno. La ntlha, dithuto tseno di ka nna tsa tshwarwa ka lobaka lo lokhutshwane mme re ka nna ra tlotla ka ditemana di le mmalwa tsa Baebele re dirisa serapa se le sengwe kgotsa di le pedi mo bukeng e e tshwanang le ya Baebele e Ruta Eng? A bo go kgothatsa jang ne go bona baboledi ba le bantsi gone jaanong ba tshwara dithuto tse di jalo ba eme fa kgorong kgotsa ka thelefouno!
3. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go oketsa lobaka lwa nako e re e dirisang fa re tshwere thuto re eme fa kgorong?
3 Le fa go ntse jalo, a re tshwanetse go kgotsofalela go tswelela re tshwara thuto re eme fa kgorong go ya go ile? Nnyaa. Le fa go le botlhale gore re se ka ra bua nako e telele re eme fa kgorong fa e le gone re simololang go tshwara thuto, Tirelo ya Rona ya Bogosi ya May 1990, tsebe 4, e ne ya re: “Fa go setse go simolotswe thuto mme mong wa ntlo a kgatlhega, go ka nna ga dirisiwa nako e telele go tshwerwe thuto.” Seno se botlhokwa. Ka sekai: Ngwana yo o tshwerweng ke tlala a ka nna a fiwa dijo tse dinnye go fitlha a nna le keletso ya dijo gape, mme ga re kitla re lebelela gore a nne le maatla gape le gore a gole sentle fa a ne a fiwa dijo tse dinnye ka lobaka lo loleele. Ka tsela e e tshwanang, moithuti wa Baebele o tlhoka go rutiwa ka metlha gore a nne motlhanka yo o godileng sentle wa Modimo.—Baheb. 5:13, 14.
4. Melemo ya go tshwarela thuto ya Baebele mo tlung ke efe?
4 Dithuto Tsa Baebele Tse di Tshwarelwang mo Tlung: Go ka nna molemo go tshwara thuto mo lefelong le le se nang batho ba bantsi—mo tlung kgotsa mo lefelong lengwe le le tshwanetseng. Seno se tla dira gore go ithuta go nne motlhofo e bile go tla thusa moithuti go tlhaloganya Lefoko la Modimo. (Math. 13:23) Gape seno se tla thusa morutisi go dira gore dintlha tse di ithutiwang di thuse moithuti ka se a se tlhokang. Mo godimo ga moo, go ithuta ka lobaka lo lo leelenyana go tla lo thusa go ithuta Lefoko la Modimo ka botlalo le ka tsela e e tla nonotshang tumelo.—Bar. 10:17.
5. Re ka dira jang gore thuto e e tshwarwang go engwe fa kgorong e tshwarwe go ntswe fa fatshe?
5 O ka dira jang gore fa nako e ntse e ile thuto e e tshwarwang go engwe fa kgorong e tshwarwe go ntswe fa fatshe? Fa lo sena go ithuta ka makgetlho a sekae, ke ka ntlha yang fa o sa kope moithuti gore lo ithute ka lobaka lo lo leelenyana, ka nako e e rileng e e beilweng? Kgotsa o ka nna wa dirisa mokgwa o o sa tlhamalalang ka go botsa motho jaana, “A gompieno o tla nna le nako ya go nna fa fatshe gore re tlotle ka kgang eno mmogo?” kgotsa “O ka rata go dirisa nako e e kana kang gompieno go tlotla ka kgang eno?” Fa o sa atlege, tswelela o tshwara thuto o eme fa kgorong. Ka nako e e tshwanetseng, leka gape go dira gore thuto e tshwarwe go ntswe fa fatshe.
6. Re tshwanetse go diragatsa bodiredi jwa rona ka boikaelelo bofe, mme dikakantsho tse di mo setlhogong seno di ka re thusa jang go fitlhelela boikaelelo joo?
6 Fa re ntse re tswelela go batla batho ba ba tshwanelang, a re se ka ra lebala boikaelelo jwa rona jwa go simolola dithuto tsa Baebele le go di tshwara. Boikaelelo jwa rona ke go thusa batho ba ba peloephepa go nna batlhanka ba ga Jehofa ba ba ineetseng le ba ba kolobeditsweng. E kete a ka segofatsa maiteko a rona fa re ntse re diragatsa bodiredi jwa rona ka boikaelelo jono.—2 Tim. 4:5.