LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 11/13 ts. 2
  • Lebokoso La Dipotso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lebokoso La Dipotso
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2013
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • Go Rwala mo Tlhogong—Go Tlhokega Leng Mme ka Ntlha Yang?
    “Ipolokeng mo Loratong Lwa Modimo”
  • Tshwara Dithuto Tsa Baebele Tse di Gatelang Pele o Eme fa Kgorong le ka Thelefouno
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2006
  • Go Simolola Dithuto Tsa Baebele o Eme fa Kgorong le ka Founo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2013
km 11/13 ts. 2

Lebokoso La Dipotso

◼ A kgaitsadi o tshwanetse go rwala mo tlhogong fa a tshwere thuto ya Baebele a eme fa kgorong mme a tsamaya le mokaulengwe?

Fa kgaitsadi yo e leng mmoledi a tshwere thuto e e rulagantsweng ya ka metlha ya Baebele mme a na le mokaulengwe yo e leng mmoledi wa Bogosi, kgaitsadi yono o tshwanetse go rwala mo tlhogong. (1 Bakor. 11:3-10) Makasine wa Tora ya Tebelo wa July 15, 2002, tsebe 27, o tlhalosa jaana: “Eno ke thulaganyo ya go ruta e e rulagantsweng go sa le gale e e okamelwang ke motho yo o tshwereng thuto. Mo maemong a a ntseng jaana, thuto e latela se se dirwang kwa phuthegong. Fa mosadi yo e leng Mosupi a tshwara thuto e e ntseng jalo go na le Mosupi yo o kolobeditsweng wa monna, mosadi o tshwanetse go rwala mo tlhogong.” Seno se tshwanetse go dirwa e kane thuto e tshwarelwa mo ntlong, fa kgorong kgotsa mo maemong ape fela a mangwe.

Kafa letlhakoreng le lengwe, fa thuto ya Baebele e e tshwarwang go engwe fa kgorong e ise e nne thuto e e tlhomameng, go ka se tlhokege gore kgaitsadi a rwale fa a tsamaya le monna yo e leng mmoledi wa Bogosi, tota le fa boikaelelo jwa loeto lwa go boela e le go bontsha gore thuto ya Baebele e tshwarwa jang kgotsa go sekaseka tshedimosetso e e mo go nngwe ya dikgatiso tse di dirisiwang go ithuta. E re ka gantsi thuto e e tshwarwang go engwe fa kgorong e tsaya nako gore e nne thuto e e tlhomameng, ka gore go dirwe maeto a go boela gangwe le gape, baboledi ba tla tlhoka go sekaseka maemo le go nna tekatekano fa ba swetsa ka gore ke leng ba tshwanetseng go simolola go rwala.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela