LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 11/05 ts. 3
  • Re ka Thusa Jang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Re ka Thusa Jang?
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A Basupi ba ga Jehofa ba Thusa ka Dilwana Tsa Namolo ka Nako ya Dikotsi Tsa Masetlapelo?
    Dipotso Tse Gantsi di Bodiwang
  • “Mpho ya ga Jehofa”
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2018
  • Bodiredi Jwa Namolo
    Bogosi Jwa Modimo bo a Busa!
  • O ka Thusa Jang Morago ga Masetlapelo?
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2023
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
km 11/05 ts. 3

Re ka Thusa Jang?

1 Gantsi Basupi ba ga Jehofa ba tle ba botse potso eno, “Re ka thusa jang?” fa ba utlwalela ka masetlapelo mangwe a a wetseng karolo nngwe ya lefatshe. Jaaka fa pego e e mo go Ditiro 11:27-30 e bontsha, Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba romelela bakaulengwe ba ba nnang kwa Judea dilwana tsa namolo gore ba thuse mo leubeng la nako eo.

2 Mo metlheng ya rona, melao ya mokgatlho wa rona e a letla gore madi mangwe a dirisediwe ditiro tsa namolo le tsa go thusa ba ba wetsweng ke masetlapelo mangwe a tlholego, kgotsa a a bakilweng ke batho, le go thusa ka dinako tse dingwe fa go na le mathata.

3 Ka sekai, ngogola bakaulengwe ba le bantsi ba ne ba ntsha meneelo go thusa ba ba wetsweng ke masetlapelo a tsunami kwa Asia Borwa. Tsela eno e ba neng ba tlhomoga pelo ka yone, ka go romela meneelo kwa letloleng la mokgatlho la namolo e anaanelwa fela thata. Le fa go ntse jalo, fa meneelo e kwadilwe gore ke ya go thusa mo matlhotlhapelong mangwe, kwa dinageng dingwe molao o batla gore madi ao a dirisetswe boikaelelo joo fela le gone e le ka lobaka lo lo rileng fela. Ga go lebelelwe gore a bakaulengwe ba rona mo lefelong leo ba thusitswe ka se ba se tlhokang kgotsa nnyaa.

4 Ka gone, go akantshiwa gore fa go ntshiwa meneelo ya go thusa mo tirong ya go namola le mo ditirong tse dingwe tsa go thusa go tlhalosiwe gore ke meneelo ya tiro ya lefatshe lotlhe. Madi a a tsenngwang mo letloleng leno a dirisediwa go thusa mo ditirong tsa go namola le mo go tlhokomeleng dilo tse dingwe tsa Bokeresete. Fa, ka mabaka mangwe, motho a rata go ntsha moneelo go thusa mo tirong nngwe ya namolo, mo godimo ga meneelo e a e ntshetsang tiro ya lefatshe lotlhe, re sa ntse re tla o amogela mme re o dirise gongwe le gongwe kwa go tlhokegang thuso nngwe ya namolo gone. Le fa go ntse jalo, re ne re ka rata fa meneelo eo e ne e ka ntshiwa kwantle ga gore e beelwe melelwane ya gore e ntshetswa eng le gore e dirisiwe jang.

5 Fa re re meneelo e ntshediwe tiro ya lefatshe lotlhe, seo se thusa gore go nne le madi a a oketsegileng a a ka dirisiwang mo dikarolong tsotlhe tsa tiro ya Bogosi go na le gore a nne a tshwerwe a beetswe go dirisiwa mo nakong e e tlang fa go tlhaga maemo mangwe a a batlang thuso ya namolo. Seno se tsamaisana le se se tlhalosiwang mo go Baefeso 4:16, gore re dirisane mmogo go naya se se tlhokwang ‘go direla kgolo ya mmele gore o ikage mo loratong.’

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela