LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 12/05 ts. 1
  • Thuto e e Isang Botshelong

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thuto e e Isang Botshelong
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Thuto—E Dirisetse go Baka Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • A Baebele e Ganana le Thuto?
    Tsogang!—1998
  • Mosola o Mogolo Thata wa Thuto ya Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Thuto E E Nang le Boikaelelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
km 12/05 ts. 1

Thuto e e Isang Botshelong

1 A bo go kgotsofatsa jang ne go bona batho ba itumela fa ba simolola go tlhaloganya boammaaruri jwa Lefoko la Modimo! Ee, go thusa batho ba bangwe go itse Modimo le maikaelelo a gagwe go itumedisa e le tota. Thuto e e ntseng jalo e ka dira gore motho a bone botshelo jo bo sa khutleng.—Joh. 17:3.

2 Lebaka La go Bo e Le Thuto E e Di Gaisang Tsotlhe: Gompieno, go na le ditsela tse di farologaneng tse di dirisediwang go ruta batho ka kgang le fa e ka nna efe. (Mor. 12:12) Mme kitso e ba e newang ga se sepe fa e bapisiwa le “dilo tse dikgolo tsa Modimo.” (Dit. 2:11) A thuto ya lefatshe e batho ba e rutiwang e kgonne go dira gore ba atamalane le Mmopi wa bone le go itse maikaelelo a gagwe? A e thusitse batho go tlhaloganya gore go direga eng ka rona fa re swa kgotsa gore ke ka ntlha yang fa go na le pogo e kanakana? A e neile batho tsholofelo? A e thusitse batho go tokafatsa botshelo jwa lelapa la bone? Nnyaa. Thuto e e tswang kwa Modimong ke yone fela e e ka re nayang dikarabo tse di boammaaruri tsa dipotso tse di botlhokwa thata tse batho ba di ipotsang mo botshelong.

3 Thuto e e tswang kwa Modimong e naya batho sengwe se se tlhaelang fela thata mo lefatsheng gompieno—e ba thusa go nna le mekgwa e mentle. Lefoko la Modimo le thusa batho ba ba le dumelang le ba ba dirisang se ba se ithutang mo go lone gore ba se ka ba nna le moya wa tlhaolele, wa bomorafe le wa bosetšhaba mo dipelong tsa bone. (Baheb. 4:12) Le thusitse batho go tlogela bothubaki jwa mefuta yotlhe le go ‘apara botho jo bosha.’ (Bakol. 3:9-11; Mik. 4:1-3) Mo godimo ga moo, thuto e e tswang kwa Modimong e neile batho ba le dimilionemilione nonofo ya go fenya mekgwa e e tseneletseng e e sa itumediseng Modimo.—1 Bakor. 6:9-11.

4 Lebaka La go Bo go Potlakile go Nna le Thuto Eno Gone Jaanong: Motlhatlheledi yo Mogolo wa rona o re thusa go bona bokao jwa metlha e re tshelang mo go yone. Boporofeti jo bo buang ka dikatlholo tsa gagwe bo tshwere tshedimosetso e e mo nakong e e tshwanetseng go bolelwa mo lefatsheng lotlhe. (Tshen. 14:6, 7) Keresete o busa kwa legodimong, mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka o tloga o senngwa, mme Bogosi jwa Modimo bo ipaakanyeditse go senya dipuso tsotlhe tsa lefatshe. (Dan. 2:44; Tshen. 11:15; 17:16) Ka jalo, go potlakile gore batho ba simolole go tlotla Kgosi eno e e busang gone jaanong e e tlhomilweng ke Modimo, ba tswe mo go Babelona o Mogolo mme ba bitse leina la ga Jehofa ka tumelo. (Pes. 2:11, 12; Bar. 10:13; Tshen. 18:4) E kete re ka nna le seabe ka botlalo ka moo re ka kgonang ka gone mo go neyeng batho ba bangwe thuto eno e e isang botshelong.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela