Thuso e e Motlhofo go Bonwa
1. Bomoya jwa motho bo ka koafala jang?
1 Anna, kgaitsadi yo o nang le monna yo o sa dumeleng le yo tiro ya gagwe e tsayang nako e ntsi, o ne a fitlhela go le thata go ya kwa dipokanong tsa Bokeresete ka metlha, go nna le seabe mo bodireding le go ithuta Lefoko la Modimo. Le fa a ne a sa ntse a rata Jehofa, o ne a tsidifala. Se se itumedisang ke gore bagolwane ba ba amegang ba ne ba mo thusa semoyeng.
2. Bakeresete botlhe ba ka itshupa e le thuso e e motlhofo go bonwa ka tsela efe?
2 Fa motho a amogela thuso ya semoya e a e newang ke phuthego ya Bokeresete seno se bontsha gore o ikanya Jehofa. Banna ba bagolwane mo phuthegong ba etsa lorato lwa ga Jesu Keresete, mme ba batla ditsela tsa go kgothatsa le go thusa ba ba nang le mathata semoyeng. (1 Bathes. 5:14) Gantsi, selo se se tlhokegang fela ke lefoko la bopelonomi le le kgothatsang le le tswang mo Dikwalong. Bakeresete botlhe, e seng bagolwane fela ba batla go dira sengwe go thusa ba ba koafetseng ka nakwana semoyeng. Kwantle ga pelaelo mongwe le mongwe wa rona o kile a bona ka tsela e “lefoko le le builweng ka nako e e le tshwanetseng” le leng maatla ka gone.—Dia. 25:11; Isa. 35:3, 4.
3, 4. Go thusa ba bangwe go akaretsa eng, mme re ka go dira jang?
3 Tsaya Matsapa: Go bontsha gore ka lorato re kgatlhegela ba ba tlhokang thuso go tlhokega gore re tseye matsapa, re ba utlwele botlhoko mme re dire ka tlhoafalo. Fa Jonathane a ne a lemoga boemo jo bo ngomolang pelo jwa ga Dafide, o ‘ne a nanoga mme a ya kwa go Dafide kwa Horeshe, gore a nonotshe seatla sa gagwe.’ (1 Sam. 23:15, 16) Thusa ba bangwe ka tsela e e bonolo. Go bua ka tsela e e bontshang go amega go nna le diphelelo tse di molemo. Mo godimo ga moo, Jesu o ne a bontsha sentle gore go tlhokega go iteka ka natla go tsosolosa mokaulengwe kgotsa kgaitsadi. (Luke 15:4) Go nna le keletso ya go thusa motho yo mongwe go tla re tlhotlheletsa go tswelela pele re mo thusa le fa a sa gatele pele ka bonako.
4 A bo go kgothatsa jang ne fa re tsaya matsapa go laletsa ba bangwe, jaaka ba ba leng mo thutong ya rona ya buka go tsamaya le rona mo bodireding! Fa re thusa motlhanka wa ga Jehofa go nna le seabe mo bodireding, re ka dirisa tshono eo go mo kgothatsa. Dinako tse di ntseng jalo tse di itumedisang lo le mo tirelong ya ga Jehofa mmogo di kgothatsa tota mo go ba ba lekang go boa ba nonofa gape semoyeng.
5. Mo maemong mangwe, bagolwane ba ka thusa ka tsela efe?
5 Thulaganyo e e Lorato: Ba ba nang le lobakanyana jaanong ba sa tlhole ba kopanela mo tirong ya go rera kgotsa ba sa tle dipokanong tsa phuthego ba ka nna ba bo ba tlhoka thuso e e oketsegileng go nonotsha tumelo ya bone. Go ka nna ga tlhokega gore ba tshwarelwe thuto ya Baebele ka buka e e tshwanang le Obamela Modimo yo o Esi wa Boammaaruri kgotsa Atamalana le Jehofa. E re ka motho yoo a setse a kolobeditswe, gantsi ga go na go tlhokega gore thuto e tshwarwe lobaka lo loleele. Komiti ya Tirelo ya Phuthego e tshwanetse go leka go bona gore ke mang yo o ka solegelwang molemo ke thulaganyo eno.—Bona Lebokoso la Dipotso mo kgatisong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya November 1998 le November 2000.
6. Kgaitsadi mongwe o ne a nonofa jang gape semoyeng?
6 Anna, yo o umakilweng fa godimo, o ne a amogela thuso ya bagolwane ya gore a tshwarelwe thuto ya Baebele ke kgaitsadi mongwe yo o godileng semoyeng. Ba ithutile ganè fela go mo thusa gore a boe a atamalane le Jehofa gape. O ne a simolola gape go ya kwa dipokanong tsa phuthego le go nna le keletso ya go baka Jehofa Modimo phatlalatsa. Gape kgaitsadi yono yo o godileng semoyeng o ne a mo thusa mo bodireding ka go ya le ene kwa dithutong dingwe tsa Baebele go fitlhela a kgona go rera ka ntlo le ntlo. O ne a tlhoka fela go thusiwa ka bopelonomi gore a boe a tlhagafale gape!
7. Ke melemo efe e e nnang gone fa re nonotsha ba bangwe semoyeng?
7 Go nonotsha ba ba tlhokang thuso go dira gore rotlhe re solegelwe molemo. Motho yo o thusiwang o itumelela go atamalana le Jehofa le go bereka le phuthego ya ga Jehofa. Bagolwane ba itumelela go bona motho yoo a gatela pele jalo semoyeng. (Luke 15:5, 6) Phuthego e nna seoposengwe fa botlhe ba amega ka tsela e e lorato ka mongwe le mongwe. (Bakol. 3:12-14) A bo re na le mabaka a a utlwalang jang ne go etsa Jehofa, thuso e e motlhofo go bonwa!—Baef. 5:1.