LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 5/06 ts. 1
  • ‘Ntshale Morago o sa Kgaotse’

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • ‘Ntshale Morago o sa Kgaotse’
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2006
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ke Eng fa o Tshwanetse go Intsha Setlhabelo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • Go se Tlhole re Itshelela
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Etsa Jesu ka go Thusa ba Bangwe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2022
  • Sala Jesu Morago o sa Kgaotse
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2006
km 5/06 ts. 1

‘Ntshale Morago o sa Kgaotse’

1 Batho ba le bantsi ba dira gore botshelo jwa bone bo remelele mo go itumediseng bone fela, le fa go le jalo gantsi ga ba a itumela. Go na le moo, Jesu o ne a kgothaletsa go aba ka bopelotshweu mo go tlisang boitumelo jwa mmatota. (Dit. 20:35) O ne a re: “Fa mongwe a batla go ntshala morago, a a iitatole . . . mme a ntshale morago a sa kgaotse.” (Mar. 8:34) Seno ga se reye fela go itima menate mengwe ka dinako dingwe. Go raya go tshela letsatsi le letsatsi re itumedisa Jehofa e seng rona.—Bar. 14:8; 15:3.

2 Akanya ka sekai sa ga moaposetoloi Paulo. Ka ntlha ya “mosola o mogolo thata wa kitso ya ga Keresete Jesu,” Paulo o ne a tlogela go gagamalela dilo tse a di ratang mme o ne a ineela go tsweletsa pele dilo tse di direlwang Bogosi. (Bafil. 3:7, 8) O ne a re: “Mme nna ke tla dirisa sotlhe se ke nang le sone ka go itumela thata . . . ka botlalo” mo go direleng ba bangwe. (2 Bakor. 12:15) Mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse go ipotsa jaana: ‘Ke dirisa nako, maatla, bokgoni le dithoto tsa me jang? A ke tlhomile mogopolo mo go direng dilo tse ke di ratang kgotsa a ke batla go itumedisa Jehofa?’

3 Ditshono Tsa go Aba: Ngwaga le ngwaga, batho ba Modimo ba dirisa diura tse di fetang bilione mo tirong e e bolokang matshelo ya go rera ka Bogosi. Mo phuthegong, basha le bagolo ka go tshwana ba dira ditiro tse di farologaneng tse di solegelang ba bangwe molemo. Gape go na le tiro e ntsi e e dirwang malebana le dikopano tse dinnye le tse dikgolo mmogo le mo go ageng le go tlhokomela dikago tse di dirisetswang go tsweletsa pele kobamelo ya boammaaruri. Mme akanya ka thuso e e lorato e bakaulengwe ba ba leng mo Dikomiting Tsa Puisano le Dikokelo le Ditlhopha Tse di Etelang Balwetse ba e dirang. Maiteko a a ntseng jalo a go intsha setlhabelo a botlhokwa thata mo bakaulengweng ba rona ba Bakeresete!—Pes. 110:3.

4 Re ka nna le ditshono tsa go thusa ka ditsela di le dintsi ka nako ya fa go na le masetlapelo kgotsa kotsi. Le fa go ntse jalo, gantsi re ka nna ra lemoga gore Mokeresetekarona o tlhoka thuso kgotsa kgothatso. (Dia. 17:17) Fa re iketleeditse go thusa ba bangwe le go tsweletsa pele dilo tse di direlwang Bogosi, re latela sekao sa ga Jesu. (Bafil. 2:5-8) E kete re ka leka go tswelela re dira jalo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela