Etsa Jehofa, ‘Modimo wa Rona yo o Itumetseng’
1 Eleruri Jehofa o batla gore batho ba itumele. Lefoko la gagwe le dira gore re gakalele go bona masego a magolo a a a baakanyeditseng batho. (Isa. 65:21-25) Batho ba bangwe ba tshwanetse go bona gore re itumelela go ba bolelela “dikgang tse di molemo tse di galalelang tsa Modimo yo o itumetseng.” (1 Tim. 1:11) Tsela e re buang ka yone ka molaetsa wa Bogosi e tshwanetse go bontsha gore re rata boammaaruri le gore re kgatlhegela batho ba re buang le bone ka mmatota.—Bar. 1:14-16.
2 Gone ke boammaaruri gore ka dinako tse dingwe go ka nna boima go nna re itumetse. Mo ditshimong dingwe, ke batho ba le mmalwa fela ba ba arabelang sentle fa ba bolelelwa molaetsa wa Bogosi. Go ka nna le dinako tse re lebanang le maemo a a boima mo botshelong jwa rona. Gore re nne le moya o o itumetseng, re tshwanetse go akanya kafa go leng botlhokwa ka gone gore batho ba mo tshimong ya rona ba utlwe le go tlhaloganya dikgang tse di molemo tsa Bogosi tse re di rerang. (Bar. 10:13, 14, 17) Go tlhatlhanya ka seno go tla re thusa go tswelela re itumetse re itsise batho ka dithulaganyo tsa ga Jehofa tsa poloko.
3 Bua Thata ka Dilo Tse di Molemo: Gape re tshwanetse go ela tlhoko se re se buang. Le fa re ka simolola motlotlo ka go umaka bothata bongwe kgotsa dikgang dingwe tse batho ba akantseng thata ka tsone, re tshwanetse go tila go tlotla thata ka dilo tse di sa itumediseng. Thomo ya rona ke go tlisa “dikgang tse di molemo tsa sengwe se se botoka.” (Isa. 52:7; Bar. 10:15) Dikgang tseno tse di molemo ke molaetsa o o theilweng mo ditsholofetsong tsa Modimo tsa isagwe e e itumedisang. (2 Pet. 3:13) O akantse ka ntlha eno dirisa Dikwalo go “hapa ba ba dipelo di phatlogileng.” (Isa. 61:1, 2) Seno se tla thusa mongwe le mongwe wa rona go tswelela a itumetse le go nna le boikutlo jo bo tshwanetseng.
4 Kwantle ga pelaelo batho ba tla lemoga gore re itumetse fa re ntse re nna le seabe mo tirong ya go rera. Ka jalo he, a re bontsheng ka dinako tsotlhe boikutlo jwa ga Jehofa, ‘Modimo wa rona yo o itumetseng,’ jaaka fa re bolelela batho ba ba mo tshimong ya rona dikgang tse di molemo tsa Bogosi.