Leka ka Natla go Nna le Mekgwa e Mentle, Mme o Bone Masego a le Mantsi
1. Ke ka ntlha yang fa go le molemo go sekaseka thulaganyo ya gago ya dilo tsa semoya?
1 La ntlha fa o ne o nna Mokeresete, o tshwanetse wa bo o ile wa dira ka natla go nna le thulaganyo e e siameng ya dilo tsa semoya tse di akaretsang go ithuta Baebele, dipokano tsa Bokeresete, bodiredi jwa tshimo le thapelo. Ka ntlha ya go segofadiwa ke Jehofa ka maiteko a gago, o ne wa gola semoyeng. Gongwe gone jaanong go fetile dingwaga di se kae fa e sa le o kolobediwa. A o na le mekgwa e mentle ya dilo tsa semoya e o neng o na le yone fa o ne o nna Mokeresete?
2. Re solegelwa molemo jang ke go bala Baebele letsatsi le letsatsi?
2 Sekaseka Thulaganyo ya Gago: A o go dirile tlwaelo go bala karolo ya Lefoko la Modimo letsatsi le letsatsi? A bo re bona masego a le mantsi jang ne fa re dira jalo! (Josh. 1:8; Pes. 1:2, 3) Kwa Iseraeleng wa bogologolo, kgosi nngwe le nngwe e ne e tshwanetse go bala mo khoping ya yone ya Molao “malatsi otlhe a botshelo jwa gagwe.” Melemo ya go dira jalo e ne e tla nna efe? O ne a tla nna le pelo e e ikokobeditseng le go ithuta go boifa Jehofa gore a se ka a fapoga melao ya Gagwe. (Dute. 17:18-20) Ka tsela e e tshwanang gompieno, go bala Baebele letsatsi le letsatsi go re thusa go nna re se na selabe le molato mo lefatsheng leno le le boikepo le le le senyegileng. Gape go re thusa gore re nne re tlhomeletse bodiredi ka botlalo.—Bafil. 2:15; 2 Tim. 3:17.
3. Re bona masego afe ka go nna gone ka metlha kwa dipokanong?
3 Jesu o ne a tlwaetse go ya kwa sinagogeng, kwa go neng go tlotliwa ka Dikwalo gone. (Luke 4:16) Kwantle ga pelaelo seno se ne sa mo nonotsha go lebana le diteko tse a neng a tloga a lebana le tsone. Le rona re nonotshiwa ke go rutiwa ka dilo tsa semoya kwa dipokanong tsa phuthego le ‘go kgothatsana.’ (Bar. 1:12) Go kokoana mmogo le bakaulengwe ba rona go re thusa go itshokela mathata a malatsi ano a bofelo. (Baheb. 10:24, 25) A o sa ntse o go dirile tlwaelo go nna gone kwa dipokanong tsotlhe?
4. Go nna le seabe mo bodireding jwa tshimo beke nngwe le nngwe go re solegela molemo jang?
4 Dipego tsa Baebele di re bolelela gore baaposetoloi ba ne ba nna le seabe mo go boleleng dikgang tse di molemo “letsatsi lengwe le lengwe mo tempeleng le ka ntlo le ntlo.” (Dit. 5:42) Le fa re ka se kgone go rera letsatsi le letsatsi, a re ka itlwaetsa go nna le seabe mo mofuteng mongwe wa bodiredi beke nngwe le nngwe? Fa re dira jalo, re tla nna le botswerere jwa go dirisa Lefoko la Modimo, mme re tla nna le maitemogelo a a kgothatsang a go bolelela ba bangwe boammaaruri jwa Baebele.
5. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go rapela Jehofa ka metlha?
5 Moporofeti Daniele o ne a segofalediwa go direla Jehofa “ka metlha” mo botshelong jotlhe jwa gagwe. Seno se ne se akaretsa tlwaelo ya go rapela Jehofa ka metlha. (Dan. 6:10, 16, 20) Ka tsela e e tshwanang, fa re rapela Jehofa ka metlha go tswa pelong, o tla re neela moya o o boitshepo. (Luke 11:9-13) Mo godimo ga moo, Jehofa o tla re atamela, o tla re letlelela go nna le kamano e e gaufiufi le ene. (Pes. 25:14; Jak. 4:8) A bo e le tuelo e molemo jang ne! Ka jalo e kete re ka dira ka natla go nna le mekgwa e mentle ya dilo tsa semoya le go bona masego a magolo go tswa go Jehofa.