Bontsha Batho Gore O a Ba Kgatlhegela—Ka go Rera o sa Tlhaole
1 Mo ponatshegelong, moaposetoloi Johane o ne a bona moengele a fofa mo gare ga legodimo a bolelela batho ba ‘setšhaba sengwe le sengwe le lotso le teme le batho’ dikgang tse di molemo. (Tshen. 14:6) A re latela sekao sa moengele ka go rera re sa tlhaole? Re ka nna le maikutlo a go tlhaola batho re sa lemoge. Tsela e re ikutlwang ka yone ka batho ba re kopanang le bone e ka ama kafa re ba bolelelang dikgang tse di molemo ka gone. Ka jalo, re tshwanetse go bontsha gore ruri re amegile ka tsela e e lorato fa re rerela batho ba lotso lo sele.
2 Sekaseka Tshimo ya Lona: A go na le batho ba ba tswang kwa dinageng di sele kgotsa batshabi mo tshimong ya lona? Re ka nna ra ba tlhokomologa fa re se kelotlhoko. Tsaya matsapa a go kopana le bone mme o leke go ba itse botoka. Ke dilo dife tse ba di tlhokang le tse ba amegileng ka tsone, tse ba di ratang le tse ba sa di rateng, tse ba di boifang le megopolo e e sa rategeng e ba nang le yone? Leka gore puisano ya gago ya molaetsa wa Bogosi e tshwanele maemo a bone sentle. (1 Bakor. 9:19-23) Fela jaaka moaposetoloi Paulo, re tshwanetse go ikutlwa re na le boikarabelo jwa go bolelela mongwe le mongwe mo tshimong ya rona dikgang tse di molemo, go akaretsa le ba ba tswang kwa nageng e sele, ba setso se sele, ba ba buang puo e sele kgotsa ba ba humileng.—Bar. 1:14, mokwalo o o kwa tlase mo Reference Bible.
3 Le fa go ntse jalo, re ka neela motho yo o buang puo e sele bosupi jang? Dirisa bukana ya Good News for People of All Nations ka botlalo. Gape o ka nna wa tsamaya o tshotse dipampitshana dingwe kgotsa diboroutšhara ka dipuo tse di buiwang thata mo tshimong ya lona. (Bona Tirelo ya Rona ya Bogosi ya July 2003, ts. 4, ser. 2-3.) Mo godimo ga moo, baboledi bangwe ba lekile go ithuta go dumedisa le go simolola motlotlo o mokhutshwane ka dipuo tse dingwe. Gantsi batho ba kgatlhiwa ke go utlwa mongwe a leka go bua le bone ka puo ya bone, le fa a e bua go se kae fela, mme seno se ka dira gore ba reetse dikgang tse di molemo.
4 Etsa Jehofa: Ka go fitlhelela batho ba lotso lo sele, re etsa Modimo wa rona yo o sa tlhaoleng batho, e bong Jehofa, “yo thato ya gagwe e leng gore batho ba mefuta yotlhe ba bolokwe mme ba tle mo kitsong e e leng yone, ya boammaaruri.”—1 Tim. 2:3, 4.